LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/1 ts. 5-6
  • Seaka le “Dikgosi tsa Lehatshe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seaka le “Dikgosi tsa Lehatshe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seaka se se Bogagapa
  • Bodumedi Jwa Maaka bo Tloga bo Nyelediwa!
    Tsogang!—1996
  • Lebaka La go Bo Bodumedi Jwa Lefatshe bo Tlile go Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bobishopo—A Ke Barena kana Batlhanka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Bodumedi le Dipolotiki—A Di mo Tseleng ya go Thulana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/1 ts. 5-6

Seaka le “Dikgosi tsa Lehatshe”

HISITORI ya La-Bodumedi a tletse ka dikai tsa go tlhotlheletsa le go itsenyatsenya mo pusong. A re ko re tlhatlhobeng di sekae tsa tseno. Charlemagne (742-814 C.E.) a ne a le mmusi yoo a neng a bona melemo ya go itsalanya le bodumedi le go ratwa ke baruti ba Kereke ya Katoliki.

The New Encyclopaedia Britannica a tlhalosa gore mopapa o ne a tlotsa Charlemagne, rraagwe, le morwarraagwe, fa a ne a tlhoma ntlo a ntsha ya segosi morago ga gore lelapa le le neng le busa pele le ‘tlosiwe.’ Go tswa foo e oketsa jaana: “Botsala jwa sepolotiki jo bo neng bo le fa gare ga booraFrank [batho bagaabo Charlemagne] le Mopapa kgatlhanong le boora-Lombard bo ne jwa tlhomamisiwa ka yone nako eo. . . . Charles [yoo o neng a bidiwa Charlemagne moragonyana] o ne a dumetse go le pele gore go ne go na le botsalano jo bo gaufi thata fa gare ga puso ya selefatshe le kereke.”

Ka ngwaga wa 800 C.E., Mopapa Leo III, “o ne a dira phetso ya go dira Charles mmusi-mogolo” wa Western Roman Empire, mme o ne a mo rwesa serwalo sa bogosi ka nako ya Misa wa Keresemose mo St. Peter’s, kwa Roma.

Seaka se se Bogagapa

Mme seaka se batla tuelo. Charlemagne o ne a ka duela moemedi yono wa Babelona, eleng Roma ka eng? “Charles . . . o ne a gatisetsa mo St. Peter’s Basilica, tsholofetso ya ga rraagwe ya go dira phetogo ya gore dikarolo tse dikgolo tsa Italy di busiwe ke mopapa.” Motswedi oo o oketsa jaana: “Mo bodumeding jwa gagwe jo bo neng bo tswakantswe le bopolotiki, puso le kereke di ne tsa nna seoposengwe mo tsamaisong le mo semoyeng.”

Sekai se sengwe se se nonofileng sa go tlhotlheletsa puso ga bodumedi sa nako e e fetileng ke sa Mokadinale Wolsey wa Ennyelane (1475-1530). Britannica a tlhalosa gore e ne a le “mokadinale le moeteledipele wa bopolotiki yoo a neng a okametse puso ya ga Kgosi Henry VIII wa Ennyelane . . . Wolsey o ne a nna ofisiri ya ntlo ya kgosi ka December 1515. . . . Wolsey o ne a dirisa maatla a gagwe a magolo a selefatshe le a boruti go ikgobokanyetsa dikhumo tseo di neng di fetwa fela ke tsa Kgosi.” Fa re dirisa puo ya tshwantshetso ya Tshenolō, boaka jwa maemo a a kwa godimo bo tlhoka tuelo e e kwa godimo.

Sekai sengwe se se itsegeng thata sa tlhotlheletso ya bodumedi mo dikgannyeng tsa Puso a ne a le sa mokadinale le kgosana ya Richelieu (1585-1642), yoo a neng a dirisa maatla a magolo mo Fora mme le ene o ne a ikgobokanyetsa dikhumo tseo di neng di le “dintsi go feta ka moo motho a neng a ka huma ka gone mo motlheng oo,” ga bolela jalo Britannica.

Richelieu o ne a latelwa ke mokadinale yo mongwe gape, ebong Jules Mazarin (1602-61), yoo a neng a direla jaaka moruti wa ntlha wa Fora mo pusong ya ga Kgosi Louis XIV. Lefa e ne a se moperesiti yo o tlhomamisitsweng, o ne a dirwa mokadinale ka 1641 ke Mopapa Urban VIII. Mokadinale Mazarin le ene o ne a batla go huma. Saetlopedia eo a bua jaana: “Baba ba ga Mazarin ba ne ba mo kgobela bohula jwa gagwe. O ne a na le diofisi gammogo le diofisi tse di amogelang madi mme ka dinako tse dingwe o ne a tlhakatlhakanya madi a segosi le madi a gagwe.”

Mo metlheng ya segompieno bodumedi jwa maaka bo santse bo ikgobokanyetsa dikhumo gape bo leka go tlhotlheletsa le go laola dikarolo tsa bopolotiki, fa go kgonegang gone. Sekai sengwe se se tlhomologileng ke sa mokgatlho wa Katoliki wa sephiri wa Opus Dei (Ka Selatini, Tiro ya Modimo), oo jaanong o ipelelang go ratwa ke Mopapa, le oo go ya ka mokwadi Lawrence Lader, o “ineetseng ka mo go feletseng mo go lweng le bokomanisi ebile e le wa boradipolotiki ba bagolo.” Mongwe wa melawana ya one ke go isa basha ba ba botlhale thata ba Bakatoliki kwa dikolong tse dikgolwane le diunibesithi le go naya banna ba one maemo a a kwa godimo a go tlhotlheletsa le go laola puso, madi, le tsa ditlhaeletsano. Mo Spain, ba ne ba jela ka mogopo o mosweu fa go ne go busa mmusi wa mmusaesi wa Mokatoliki ebile a le Mo-Fascist ebong Franco, fa, ka nako nngwe maloko a le 10 mo go a a 19 a puso ya gagwe a ne a le ditsala tsa batho ba maemo a a kwa godimo ba Opus Dei.a

Mo United States, baefangele ba TV ba itsege ka go supa dikhumo tsa bone le go tshelela mo letlepung. Baruti bangwe ba Baporotesetanta ka boikgogomoso ba ile ba tsenelela mo dipolotiking mme ba ile ba lwela le eleng setulo sa botautona. Ga go belaetse gore lefa seaka seno sa bogologolo se ole, ka ditsela dingwe tse di farologaneng, se santse se ipelela go ikgabisa le maatla mme se leka go busa.-Tshenolō 17:4.

Mme go tweng ka leina la seaka seno, Babelona o Mogolo? Seno se thusa jang go itse gore mosadi yo o tshwantshediwang mo go Tshenolō ke mang?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng ka Opus Dei le go tsenelela ga kereke mo dipolotiking, bona dibuka tseno Hot Money and the Politics of Debt, ya ga R. T. Naylor, le Politics, Power, and the Church, ya ga L. Lader.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Bo-Kadanale Wolsey, Mazarin, le Richelieu ba ne ba ikgobokanyetsa dikhumo fa ba ne ba direla Puso

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photos: Vulver Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela