LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/1 ts. 8-9
  • Baakanyetsa Isagwe ka go Dira Sengwe ka Botlhale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baakanyetsa Isagwe ka go Dira Sengwe ka Botlhale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baakanyetsa Isagwe ka go Dira Sengwe ka Botlhale
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Bonela Dilo Kwa Pele​—⁠Bontsha Gore o Botlhale
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • “Molebaledi eo o Ikanyégañ eo o Botlhale e be e le Mañ?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Baakanyetsa Isagwe ka go Dira Sengwe ka Botlhale

JESU o sa tswa go tseela boidiidi jwa batho joo bo kopanyeletsang barutwa ba gagwe, bakgethisi ba ba sa ikanyegeng le batho bangwe ba ba itsegeng gore ke baleofi, le bakwadi le Bafarisai, kgang kaga morwa wa sesenyi. Jaanong, fa a bua le barutwa ba gagwe, o ba bolelela setshwantsho kaga monna mongwe wa mohumi yo a neng a utlwa sengwe se se sa siamang kaga molaodi wa ntlo ya gagwe, kana molebedi.

Go ya ka Jesu, monna wa mohumi o bitsa molebedi yono wa gagwe mme o mmolelela gore o tlile go mo leleka mo tirong. “Ke tla dihan, ka a le ha, Morena oa me a ntlosa mo tebalebelon? ga nkake ka lema; me go kopa go tla ntlhabisa ditlhon. Kea itse kaha ke tia dihan ka gona, gore, a tle a re ke sena go ntshiwa mo tebalebelon, ba tle ba ncholele mo matlun a bone.”

Molebedi o loga maano afe? Ebu, o bitsa bao ba kolotang mong wa gagwe. “U molato o kaee le morena oa me?” o a botsa.

Dilitara di le 2 200 tsa lookwane,’ wa ntlha o araba jalo.

‘Tsaya lokwalo mme o nne fa fatshe o kwale ka bonako gore di 1 100,’ o mmolelela jalo.

O botsa yo mongwe jaana: “Me wena, u molato o kaee?”

Dilitara di le 22 000 tsa mabele,’ o mo raya jalo.

‘Tsaya lokwalo Iwa gago mme o kwale o re d i 18 000.’

Molebedi o santse a na le tetla ya go fokotsa melato eo batho ba a kolotang mong wa gagwe, ereka a santse a tlhokometse madi a mong wa gagwe. Jalo ka go fokotsa madi, o itirela ditsala le bao ba ka mo direlang molemo fa a latlhegelwa ke tiro.

Fa mong a utlwa ka se se diragetseng, o kgatlhega fela thata. Ebile tota, o “haka molebedi eo o sa siamari, ka a dihile ka botlhale. “Eleruri, Jesu o oketsa ka go re: “Bana ba lehatshe yeno ba tlhalehetse losika loa bone, go gaisa bans ba lesedi.”

Jaanong, a ruta barutwa ba gagwe sengwe go tswa go seno, Jesu o ba kgothatsa jaana: “Itihelen ditsala ka mahumo a a sa siamar5; gore, a tle a re a tlhaela, di to cholele mo maagon a a sa khutleri.”

Jesu ga a akgolele molebedi yono go tlhoka tshiamo ga gagwe mme o mo akgolela go bonela kwa pele ga gagwe, go dira ka botlhale. Gantsi “bana ba lehatshe yeno” ba dirisa madi a bone kana maemo ka tsela e e botlhale go itirela ditsala le bao ba ka ba direlang molemo kwa morago. Jalo batlhanka ba Modimo, “bana ba lesedi,” le bone ba tlhoka go dirisa dikhumo tsa bone tse di bonalang, eleng “mahumo a a sa siaman,” ka tsela e e botlhale gore a ba solegele molemo.

Mme jaaka Jesu a bolela, ba tshwanetse go dira ditsala ka dikhumo tseno le bao ba tla ba amogelang mo “maagon a a sa khutlen.” Kaga maloko a letsomanyane, mafelo ano ke kwa legodimong; mme fa a le ka dinku di sele, ke mo lefatsheng la Paradaise. Ereka a le Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe fela ba ba ka amogelang batho mo mafelong ano, re tshwanetse go tlhagafalela go dirisetsa “mahumo a a sa siaman” ao re nang nao go tshegetsa dikgatlhego tsa Bogosi mme ka jalo re itirela ditsala le bone. He, fa dikhumo tse di bonalang di fela kana di nyelela, jaaka eleruri go tlile go nna jalo ka tsone, re tla bo re tlhomamisega gore re tla bona isagwe e e sa khutleng.

Jesu o tswelela pele go bolela gore batho ba ba ikanyegang mo go tlhokomeleng le eleng dilo tseno tse di bonalang, kana dilo tse dinnye, ba tla ikanyega le mo go tlhokomeleng dilo tse di botlhokwa thata. “Ke gona,” o a tswelela, “ha to seka Iwa ikanyega kaga mahumo a a sa siaman, to tla neelwa eman dikhumo tsa boamarure [ke gore, dikgatlhego tsa semoya, kana tsa Bogosi]? Me ha to se ka loa ikanyega mo go tsa eo monwe [dikgatlhego tsa Bogosi tseo Jehofa Modimo a di neelang batho go di tlhokomela], to tla newa eman se a len sa lona [tuelo ya botshelo mo maagong a a sa khutleng]?”

Tota ga re kake ra nna badiredi ba boammaaruri ba Modimo mme ka nako e e tshwanang re bo re le batlhanka ba dikhumo tse di sa siamang, dikhumo tse di bonalang, fela jaaka Jesu a digela ka go re: “Ga go motlhanka ope eo o ka dihelan ben ba le babedi: gonne o tla ila eo monwe, me a rate eo monwe; kgotsa a naparele eo monwe, a nyatse eo monwe. Ga to kake loa dihela Modimo le mahumo.” Luke 15:1, 2; 16:1-13.

◆ Molebedi yoo wa setshwantsho sa ga Jesu o itirela ditsala fang le ba ba ka mo thusang moragonyana?

◆ “Mahumo a a sa siaman,” ke eng, mme re ka itirela ditsala fang ka one?

◆ Ke mang yo o ka re amogelang mo “maagon a a sa khutlen, mme mafelo ano ke afe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela