“Tlhabano Ke ea Ga Yehofa”
“Nna ke tla kwa go wena mo leineñ ya ga Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa dintwa tsa Iseraela, eo u mo kgobileñ.”—1 SAMUELE 17:45.
1, 2. (a) Ke kgwetlho efe e e lebaneng masole a Iseraela kafa tlase ga taolo ya ga Kgosi Saule? (b) Banna ba masole a Iseraela ba itshwara jang fa Goliathe a ba gwetlha, mme jaanong go tlhagelela mang?
MEPHATO e mebedi e e nonofileng e kopane go kgabaganya mokgatšha wa Ela, kafa borwabophirima jwa Jerusalema. Kafa letlhakoreng le lengwe ke masole a Iseraele, a a eteletsweng pele ke Kgosi Saule yo o tshogileng. Kafa letlhakoreng le lengwe ke masole a Bafilisitia le seganka sa bone se segolo, Goliathe. Leina la ga Goliathe le ka tswa le raya, “go Tlhomologa.” O boleele jwa dimetara di ka nna 2,7 mme o tlhomeletse sentle. Goliathe o goelela Baiseraele a ba nyatsa ka go ba tlhapatsa.—1 Samuele 17:1-11.
2 Ke mang yo o tla lwang le Goliathe? “Me banna botlhe ba Iseraela, ba re ba bona monna eouō, ba tshaba, ba boiha thata.” Mme bona—go tlhaga moshanyana fela! Leina la gagwe ke Dafide moo go rayang gore ‘Yo o ratwang.’ O itshupile go nna yo o ratwang le ke Jehofa ka ntlha ya go ineela ka bopelokgale ga gagwe mo tshiamong. Samuele o setse a tloleditse Dafide go nna kgosi ya isagwe ya Baiseraela, mme moya wa ga Jehofa o dira ka maatla mo go ene.—1 Samuele 16:12, 13, 18-21; 17:24; Pesalema 11:7; 108:6.
3. Dafide o itlhomelela ntwa jang, mme Goliathe o itlhomeletse jang?
3 Fa a utlwa Goliathe a “kgoba dintwa tsa Modimo o o tshedileñ,” Dafide o ikitsha setlhabelo gore a lwe le seganka seo. Fa Saule a dumela, Dafide o akofa ka bonako a sa apara diaparo tsa tlhabano tse di tlwaelegileng ebile a tlogetse dibolao tseo a di filweng ke Saule. O tshotse fela thobane, motsekedi, le matlapa a matlhano a a borethe—go farologana le Goliathe, yo o tshotseng lerumo le le tlhogo e e ka nnang dikilogerama di le 7 a bile a apere moitshomelo wa motlhabani o o bokete jwa dikilogerama di le 57! Jaaka seganka Goliathe le monna yo o mo tsholetseng thebe baa atamela, “Mofilisitia a roga Dafide ka medimo ea gagwe.”—1 Samuele 17:12-44.
4. Dafide o araba kgwetlho ya seganka seno jang?
4 Dafide o araba jang? O araba kgwetlho ya seganka seno ka go goa a re: “U tla kwa go nna ka chaka, le ka lerumo, le ka putlela: me nna ke tla kwa go wena mo ineñ ya ga Yehofa oa mashomoshomo, Modimo oa dintwa tsa Iseraela, eo a mo kgobileñ. Yehofa o tla gu tsenya mo seatleñ sa me gompiyeno; me ke tla gu bolaea, ke tlosa tlhogo ea gago; me ditoto tsa ntwa ea Bafilisitia ke tla di naea dinonyane tsa loapi gompiyeno, le dibatana tsa naga, gore lehatshe yeotlhe le itse ha go na le Modimo mo Iseraela: Le go re, phuthego e, eotlhe, e itse ha Yehofa a sa golole ka chaka le ka lerumo: gonne “TLHABANO KE EA GA YEHOFA, me o tla lo tsenya mo seatleñ sa rona.”—1 Samuele 17:45-47.
5. Ntwa eno a felela jang, mme ke mang yo o tshwanelwang go fiwa tlotlo?
5 Dafide o atamela kwa ntweng eno ka bopelokgale. Letlapa le le mo motsekeding wa gagwe le lepa sentle, mme Goliathe o wela fa fatshe. Ee, Jehofa o dueletse tumelo le bopelokgale tsa ga Dafide ka go lebisa sebetsa se sennye seo kwa phatleng ya seganka seo! Dafide o sianela kwa pele, o somola tshaka ya ga Goliathe, mme o kgaola tlhogo ya seganka seo. Bafilisitia ba a tshaba ka go etsaetsega. Ka boammaaruri, go ne go ka buiwa jaana ga twe: “TLHABANO KE EA GA YEHOFA”!—1 Samuele 17:47-51.
6. (a) Ke ka ntlhayang fa Jehofa a bolokile dintlha tsotlhe tsa ntwa eno ya bogologolo? (b) Ke tlhomamisetso efe e batlhanka ba Modimo ba e tlhokang fa ba bogisiwa ke baba bao ba ka bapisiwang le Goliathe?
6 Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ile a boloka kgang e e tlhalositsweng sentle ya ntwa eno mo Lefokong la gagwe, lemororo ntwa eno e lolwe dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng? Moaposetoloi Paulo o re bolelela jaana: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Gompieno, batlhanka ba bantsi ba Modimo ba ba ikanyegang ba itshoketse go sotliwa le go bogisiwa fela thata ke baba bao ba ka nnang ba bapisiwa le Goliathe. Jaaka dikgatelelo tsa baba di ntse di oketsega, rotlhe re tlhoka tlhomamisetso e e gomotsang eno ya go re “TLHABANO KE EA GA YEHOFA.”
“Kgang ya Bolaodi”
7. Ke kgwetlho efe eo batho ba Modimo ba merafe yotlhe ba amegileng ka yone gompieno, mme ka ntlhayang?
7 Goliathe o ne a gwanta a ya kwa le kwa a nyatsa Modimo wa Baiseraela. Ka mo go tshwanang, mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga tsamaiso ya bopolotiki e e gatelelang ya puso e ile ya ema sentle, ya gwetlha bolaodi jwa ga Jehofa le go leka go bogisa batlhanka ba gagwe gore ba ineele mo go obameleng Naga. Kgang eno e tshwenya batho ba Modimo mo merafeng yotlhe. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ke ka go bo Metlha ya Baditšhaba e e boleletsweng pele, kana “metlha [e e tlhomilweng, NW] ea badichaba,” e fedile ka 1914, e sutela motlha wa gone jaanong oo mo go one ‘merafe e leng mo pitlaganong ebile e akabetseng.’ (Luke 21:24-26) Metlha ya Baditšhaba e simolotse fa merafe e ne e simolola go gataka Jerusalema wa selefatshe ka 607 B.C.E. mme e ne ya akaretsa dingwaga tse di latelang tse di 2 520 go fitlha ka 1914, fa Jehofa a ne a tlhoma Kgosi ya gagwe ya Bomesia Jesu mo Jerusalema wa selegodimo.—Bahebera 12:22, 28; Tshenolō 11:15, 17.a
8. (a) Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa arabela jang taolo ya seperofeti ya go ‘direla Jehofa ka poifo’? (b) Ke diganka dife tsa lefatshe tse di kgobang Jehofa le go bogisa basupi ba gagwe gompieno?
8 Go ile ga nna le phetogo e kgolo ka 1914. Baditšhaba ba ne ba sa tlhole ba ka busa kwantle ga go kgorelediwa ke Modimo. Mme a “dikgosi” tseo di neng di busa ka nako eo di ne tsa utlwa taolo ya seperofeti ya go ‘direla Jehofa ka poifo,’ ba amogela Kgosi ya gagwe e e sa tswang go tlhongwa? Nnyaa! Go na le moo, ba ne ba “logisanya maano, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwe,” Jesu. Ka go latelela dikgatlhego tse e leng tsa bone, ba ne ba ‘shakgetse’ mo Ntweng e Kgolo ya 1914-18. (Pesalema 2:1-6, 10-12) Go fitlha gompieno, puso ya lefatshe e ntse e le kgang ya moruthutha mo merafeng. Lefatshe la ga Satane le ntse le tsweletse go ntsha diganka tsa bopolotiki, ba ba tshwanang le banna bagagabo Goliathe, Barefaima. Babusi bano ba ba gatelelang ba kgoba Jehofa mme ba leka go dira gore basupi ba gagwe ba ineele, mme jaaka gale, tlhabano le phenyo ke tsa ga Jehofa.—2 Samuele 21:15-22.
“Saule” wa Motlha wa Segompieno
9. Ke bomang bao gompieno ba ileng ba itshwara ka tsela eo Kgosi Saule a neng a itshwere ka yone, mme ka ditsela dife?
9 Kgosi Saule o tsena fa kae mo kgannyeng eno? Pelenyana, ka ntlha ya botsuolodi jwa gagwe, Jehofa o ne a ikemisetsa go ‘gagola bogosi jwa Iseraela mo go ene.’ (1 Samuele 15:22, 28) Jaanong, Saule o ne a paletswe ke go goletsa bolaodi jwa ga Jehofa fa Goliathe a ne a bo gwetlha. Mo godimo ga moo, o ne a tswelela go bogisa Dafide, mofenyi wa ga Goliathe ebile e le yo Jehofa a neng a mo tloleditse go tlhatlhama Saule mo pusong ya gagwe. Abo baruti ba La-Bodumedi ba ile ba tshwanela mokgwa wa tiro eno ka mo go kgatlhisang jang ne! Ba tsuologetse boammaaruri jwa Bibela, jaaka karolo ya batsuolodi ba bagolo, ba ba ‘sa amogeleng mafoko a a molemo’ a Morena wa rona Jesu le Bogosi jwa gagwe jo bo tlang. Ba paletswe gotlhelele go buelela bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa mme ba ile ba bogisa Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa le ditsala tsa bone e bong boidiidi jo bogolo mo go botlhoko. Jehofa o tla tlosa batenegi bao ‘ka kgalefo ya gagwe.’—2 Bathesalonia 1:6-9; 2:3; Hosea 13:11.
10. (a) Ke maitlhomo afe a a neng a amogelwa ke setlhopha sa baruti bangwe ba bagolo ka 1918? (b) Go na le go latela maitlhomo a bone a 1918, ke tsela efe e baruti ba neng ba e latela?
10 Ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ineela ga baruti ba La-Bodumedi go ne ga bonala ka phepafalo. Go ne ga bonala sentle fela gore boperofeti jwa ga Jesu jo bo mo dikgaolong tsa 24 le 25 tsa Mathaio, le jo bo leng mo go Luke 21 bo ne bo diragadiwa. Totatota, ka 1918 setlhopha sa baruti ba maemo a a kwa godimo mo Lontone, kwa Ennyelane, ba ba neng ba emela Dikereke tsa Baptist, Congregational, Presbyterian, Episcopal, le Methodist, ba ne ba gatisa maitlhomo mangwe. Ano a ne a bua jaana: “Mathata a gone jaanong a bontsha go khutla ga metlha ya Baditšhaba.” Mme ga ba a ka ba latela polelo eo. Baruti ba La-Bodumedi ba ne ba setse ba tseneletse mo go kopaneleng le go tshegetseng matlhakore oomabedi a ntwa ya ntlha ya lefatshe. Go na le go lemoga go nna gone ga ga Jesu ka maatla a Bogosi, ba ile ba ineela mo go akanyeng jaaka merafe ya lefatshe—gore batho ba tshwanetse go tswelela ba busiwa ke mebuso ya Baditšhaba e e kgaoganeng ya bopolotiki, le eleng ke diganka tse di tshwanang le Goliathe, go na le go kopana kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 25:31-33.
Ga ba Ineele!
11. Ke bomang ba ba ileng ba se ka ba ineela mo kganetsanong ya bolaodi, mme ba latela sekao sa ga mang?
11 A batho ba ba ineetseng ba Modimo ba ineela kafa tlase ga kgwetlho eno ya bobusi? Legoka, fela jaaka ditiragalo tsa Bibela di bontsha ka phepafalo! (Daniele 3:28; 6:25-27; Bahebera 11:32-38; Tshenolō 2:2, 3, 13, 19) Bakeresete ba ba ikanyegang gompieno ba goletsa bolaodi jwa ga Jehofa le Bogosi lefa ba ntse ba sotliwa le go bogisiwa mo go botlhoko ke Goliathe yo o setlhogo wa motlha wa segompieno. Jalo, ba latela dikgato tsa ga Jesu, “Morwa Dafide,” yoo o neng a lwa ntwa ya semoya ka bopelokgale a emela bolaodi jwa ga Jehofa, ka nako e e tshwanang a ntse a boloka boitlhaodi jo bo feletseng mo dintweng tsa lefatshe le dipolotiki. Fa a rapela rraagwe Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe Bakeresete ba boammaaruri, le bone “ga se ba lehatshe.”—Mathaio 4:8-10, 17; 21:9; Yohane 6:15; 17:14, 16; 18:36, 37; 1 Petere 2:21.
12. (a) Ke bomang ba ba bolaileng Goliathe wa segompieno, mme ba dirile jalo jang? (b) Go leba ga bone “Goliathe” jaaka yo o suleng go ile ga ama batho ba Modimo jang?
12 Bakeresete ba ba tloditsweng ba masalela a seka-Dafide gompieno ba digile Goliathe wa segompieno. Jang? Ka gore ba ile ba ipolela phatlalatsa gore ba eme mo letlhakoreng la ga Jehofa mo kganetsanong ya bolaodi jwa lefatshe. “MAITLHOMO (A a neng a amogelwa ke Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe kwa Kopanong ya Cedar Point, Ohio, ka Sontaga, September 10, 1922)” a ne a supa seo. A ne a kopanyeletsa se se latelang:
“10. Gape re dumela le go supa gore leno ke letsatsi la bogale jwa Modimo kgatlhanong le puso e e bonalang le e e sa bonaleñ ya ga Satane;
“11. Gore ga go kake ga kgonega gore lefatshe kana tsamaiso e kgologolo eno e tsosolosiwe; gore nako ya go tlhomiwa ga bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu e gaufi; le gore dipuso tsotlhe le diphuthego tse di sa ineeleñ ka go rata kafa tlase ga puso ya Morena ya tshiamo di tla senyediwa ruri.”
“Morwa Dafide,” jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, ga go belaetse gore o ne a kaela go latlhelwa ga “tshilo” eo ya boammaaruri jwa Bogosi. (Mathaio 12:23; Yohane 16:33; Bakolosa 1:18) Maitlhomo a a neng a amogelwa kwa dikopanong tsa ngwaga le ngwaga go tloga ka 1922 go fitlha ka 1928 a ne a tlhomamisa boemo jono. Go ya ka pono ya batho ba ga Jehofa “Goliathe” o ne a sule, a kgaotswe tlhogo. Bobusi jo bo gatelelang jwa batho bo ntse bo tlhoka maatla a go pateletsa baemedi ba bolaodi jwa ga Jehofa ba ba pelokgale gore ba ineele.—Bapisa Tshenolō 20:4.
13. (a) Baruti ba La-Bodumedi ba ile ba ineela jang fa Jeremane wa ga Hitler a ne a ba gatelela? (b) Ke eng seo buka Mothers in the Fatherland e se begang ka go sa ineele ga Basupi?
13 Sekai se se tlhomologileng sa segompieno sa go gatelela ga babusi ba bopolotiki ba seka-Goliathe se ne sa diragala kwa Jeremane wa ga Hitler. Ditumelo tse dikgolo, Bokatoliki gammogo le Boporotesetanta, di ne tsa ineela mo go utlwisang botlhoko mo go obameleng boNazi, ba obamela modimo wa sesetwa fuhrer, ba dumedisa folaga ya gagwe ya swastika, le go segofatsa masole a gagwe jaaka a ne a bololela go ya go bolaya badumedikabone mo merafeng e e agisaneng le bone. Bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ditumelo tsotlhe–mme eseng Basupi ba ga Jehofa—ba ne ba gotela mo go lweleng naga. Buka Mothers in the Fatherland e ne ya bega jaana: “[Basupi ba ga Jehofa ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso, ba le sekete ba ne ba bolawa, mme ba bangwe ba le sekete ba ne ba swa gareng ga 1933 le 1945. . . . Bakatoliki le Baporotesetanta ba ne ba reetsa baruti ba bone fa ba ne ba ba kgothaletsa go dirisana le Hitler. Fa ba ne ba gana, ba ne ba dira kgatlhanong le ditaolo tsa kereke gammogo le puso.” Abo Kereke le Puso di ile tsa nna le molato o mogolo wa madi jang ne!—Yeremia 2:34.b
14. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa gantsi ba bogisiwa?
14 Go fitlha gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba bogisiwa mo go botlhoko mo mafatsheng a le mantsi, fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele. Mme kafa tlase ga maemo ano otlhe, Bakeresete bano ba tswelela go nna ba rera “Mahoko a a Molemo a, a bogosi” ka bopelokgale. (Mathaio 24:9, 13, 14) Go farologana le seo, boammaaruri ke gore Basupi ba ga Jehofa ba itsege jaaka baagi ba ba ikanyegang, ba ba tshelang matshelo a a phepa, ba bile ba eteletse pele mo go obameleng molao le taolo mo dinageng tse dintsi. (Baroma 13:1-7) Lefa go le jalo gantsi ba a bogisiwa. Ka ntlhayang? Ereka go tshwanetswe ga obamelwa Jehofa fela, ba gana go obamela ditshwantsho tsa Puso kana go di dumedisa. (Duteronome 4:23, 24; 5:8-10; 6:13-15) Ka go ineela ba obamela Jehofa, “ena esi,” ba dira Jehofa Morena le Molaodi wa matshelo a bone. (Mathaio 4:8-10; Pesalema 71:5; 73:28) Ka go bo e se “ba lehatshe,” ba boloka boitlhaodi jwa Bokeresete mo dipolotiking le mo dintweng tsa lefatshe.—Yohane 15:18-21; 16:33.
15, 16. (a) Ke sekao sa ga mang seo Basupi ba dingwaga tsotlhe ba ka se latelang fa Goliathe wa segompieno a ba tshosetsa, mme seno se ne sa tshwantshediwa jang ke mosetsanyana wa Mokeresete wa dingwaga tse thataro? (b) Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go katisa bana ba bone ba bannye gore ba tshwane le bomang?
15 Goliathe wa motlha wa segompieno gantsi o tshosetsa baboloka bothokgami bano, ba ba bayang kobamelo ya bone go Jehofa kwa pele ga ditlwaelo tsa go obamela medimo ya disetwa. (Bapisa Tshenolō 13:16, 17.) Mme Basupi, ba bannye le ba bagolo, ba ka latela sekao sa ga Dafide ka go arabela kgwetlho eno ka bopelokgale. Mo lefatsheng lengwe la Latin America, mosetsanyana mongwe wa Mokeresete yo o dingwaga di thataro o ne a katisitswe sentle kwa lapeng go tswa bonyaneng. (Bapisa Baefesia 6:4; 2 Timotheo 3:14, 15.) Seno se ne sa mo dira gore a nne ngwana yo o botlhale thata mo mophatong wa gagwe kwa sekolong. Mme segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Bibela se ne sa mo thibela gore a se ka a tsaya karolo mo meletlong ya mophato wa gagwe ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Fa a ne a tlhalosa seemo sa gagwe, morutabana o ne a akgela ka go re mosetsanyana wa dingwaga tsa gagwe o monnye thata go ka nna le segakolodi! Ngwana yono wa dingwaga tse thataro o ne a supa morutabana wa gagwe gore o ne a le phoso ka go mo naya bosupi jo bo kgatlhisang.
16 Re solofela gore batsadi botlhe ba Bakeresete ba tla katisa bana ba bone ba bannye gore ba latele sekao sa mosha Dafide gore ba ikemele fa balaodi ba lefatshe ba seka-Goliathe ba ba tshosetsa. Ekete ba ka tshwana le bana ba ba neng ba ikanyega ba Bahebera, jaaka Daniele le ba bangwe ba bantsi ba ba kwadilweng mo Bibeleng mo go ‘tshegetseng segakolodi se se molemo’ ka bopelokgale tumalanong le melaometheo ya Bibela.—1 Petere 2:19; 3:16; Daniele 3:16-18.
Jaaka Boraditiragalo ba go Lemoga
17. (a) Raditiragalo wa Moesemane Toynbee o ne a tlhagisa kgatlhanong le go nna gone ga eng? (b) Setlhopha sa Goliathe wa segompieno se leka bothokgami jwa batho ba Modimo jang?
17 Raditiragalo yo o itsegeng thata wa Moesemane Arnold Toynbee o ne a tlhagisa ka seo se neng se tla diragala mo motlheng wa rona eleng “sebopego sa boheitane sa go obamela bolaodi jwa dipuso tsa semorafe,” o tlhalosa seno gape jaaka “sebediso se se botlha sa mofine o mosha wa puso ya batho ka batho se se tshelwang mo ditshelong tse dikgologolo tsa bosetso.” Ba ba iphakang gore morafe wa bone o kwa godimo ga e mengwe yotlhe, le eleng go ya kwa ntlheng ya go obamela Naga ya bone, ba ile ba dirisiwa ke babusi bano ba ba laolela go obamela melao ya bone, e siame kana e sa siama. Ga felela ka gore, setlhopha sa Goliathe se leke bothokgami jwa batho ba Modimo, ba ba ratang lefatshe leo ba tsholetsweng kwa go lone mme ba gana go obamela Naga le ditshwantsho tsa yone.
18. Ke dipotso dife tseo Bakeresete ba ba kelotlhoko ba tshwanetseng go di araba?
18 Jaaka go ne go ntse kwa Nazi wa Jeremane, go na le dipotso tse dintsi gompieno tseo Bakeresete ba ba kelotlhoko ba tshwanetseng go di araba: A ke tshwanetse go dumela gore morafe wa me o amogelwa ke Modimo go na le e mengwe? Segolo bogolo jaanong, mo nakong eno e e kotsi thata mo ditiragalong tsa motho, a go a utlwala ebile go na le tlhaloganyo go leba karolo e nngwe ya lefatshe jaaka e e okametseng tse dingwe tsotlhe? Kana go leba karolo nngwe ya lelapa la motho jaaka e e kwa godimo ga dikarolwana tse dingwe?
19. Ke eng seo Raditiragalo yo mogolo mo go bone botlhe, Jehofa, a se re bolelelang ka go akanya le go dira jaaka e kete morafe o mongwe wa batho o kwa godimo ga merafe e mengwe yotlhe?
19 A re ko re akanyetseng pono ya Raditiragalo yo mogolo mo go botlhe—Jehofa Modimo, Mokwadi wa Bibela. Moaposetoloi Petere o re bolelela jaana: “Amarure kea lemoga ha Modimo a se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” Mme a ga re a tshwanela gore ka metlha re dire tumalanong le polelo e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo ya gore Modimo o “dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothun a le monwe hela, go tla ba aga mo lehatshin yeotlhe”? Ke ka ntlhayang fa batho ba morafe mongwe ba ka akanya le go dira jaaka ekete ba ne ba le kwa godimo ga morafe mongwe le mongwe? Fa a bua ka batho botlhe, Paulo o ne a bua a re: ‘Re lotsalo lwa Modimo.’—Ditihō 10:34, 35; 17:26, 29.
20. Mo tsamaisong ya ga Jehofa e ntšha, batho ba Modimo ga ba kitla ba gwetlhiwa ka eng, mme ke eng se setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotlang ka sone?
20 Mo tsamaisong ya ga Jehofa e ntšha, barati ba tshiamo ga ba kitla ba tlhola ba bogisiwa ke ditsamaiso tsa bopolotiki tse di gatelelang tsa seka-Goliathe, ka go bo boikgodiso jwa borataphathi le letlhoo di tla bo di fetile. (Pesalema 11:5-7) Gongwe le gongwe koo ba tshelang gone mo lefatsheng, batho ba Modimo ba setse ba tlogetse bomorafe jwa go nna jalo, ba obamela taolo ya ga Jesu ya go re ‘ba ratane fela jaaka a ba ratile.’ (Yohane 13:34, 35; Isaia 2:4) Thuto ya rona e e latelang e bontsha gore lerato leo ke la mofuta ofe!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e oketsegileng ya tatelano ya metlha ya Bibela, bona ditsebe 138-41 tsa buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go bona dikao tse di tshikhinyang maikutlo tsa go boloka bothokgami ga Basupi ba ga Jehofa, ba bannye le ba bagolo, mo go arabeleng kgwetlho ya “Goliathe” wa Nazi, bona 1974 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 117-21, 164-9.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Ke eng se se emelwang ke seganka Goliathe?
◻ Batlhanka ba ga Jehofa ba bontsha go sa ineeleng mo kganetsanong ya bolaodi ka ditsela dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa batho ba Modimo ba ka re Goliathe wa segompieno o bolailwe?
◻ Ke bomang ba ba latelang tsela eo Kgosi Saule a itshwereng ka yone mme jang?
◻ Batho ba ga Jehofa ba ile ba itshwara jaaka Dafide jang fa ba gatelelwa ke Goliathe wa motlha wa segompieno?