LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle la Galalea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ A tsela e Yohane 21:15 e ranotsweng ka yone go New World Translation e siame ereka e farologana le dithanolo tse dingwe?

New World Translation e a re: “A o nthata bogolo go tseno?” fa dithanolo tse dingwe tsone tse di jaaka ya Bibela ya Setswana, di re: “A ua nthata bogolo go ba?” Ke thanolo efe e e siameng? Jesu yo o tsositsweng o ne a le fa Lewatleng la Galilea fa a ne a botsa potso eno. Petere o ne a mo araba jaana: “E, Morèna; ua itse ha ke gu rata. A mo raea, are, Hudisa dikwanyana tsa me.”—Yohane 21:15.

Leemedi la Segerika eleng touʹton le le mo bontsing le ka fetolelwa jaaka “tseno” kana jaaka “ba.” Ka baka leo, bakanoki ba akantshitse ditlhaloso di le tharo tse e ka tswang e le seo se neng se kaiwa ke potso ya ga Jesu:

1. A o nthata go feta kafa o ratang barutwa ba bangwe bano ka teng?

2. A o nthata go feta kafa barutwa bano ba nthatang ka teng?

3. A o nthata go gaisa dilo tseno, tse di tshwanang le ditlhapi?

A re akanyetseng dilo tse tharo tseno go bona gore ke efe e e ka tswang e ne e le yone.

Nomoro 1. Ka phepafalo, ga se Bakeresete ba le bantsi bao ba ka akanyang gore Keresete o ne a ka botsa a re, ‘A o nthata go feta kafa o ratang barutwa ba bangwe ka teng?’ Gone ga re a tshwanela go akanya jalo! Go ka utlwala go gakgamatsa fela thata go botsa Petere potso ya go nna jalo. O ne a ntse a le mo mokorong le barutwa ba bangwe ba le barataro, mme erile a bona Jesu a le fa lotshitshing lwa lewatle, Petere o ne a tlogela barutwa ba bangwe mme a thuma go fitlha kwa lotshitshing. Go bontsha katamalano e e tshwanang, fa Jesu a ne a botsa baaposetoloi gore a ba ne ba batla go tsamaya le bao ba neng ba kgopisegile, Petere o ne a bontsha gore o ne a ikemiseditse go ema le Jesu.—Yohane 6:66-69; 21:7, 8.

Nomoro 2. Go tweng kaga gore gongwe Jesu o ne are, ‘Petere, a o nthata go feta kafa barutwa ba bangwe ba nthatang ka teng?’ Baakgedi ba le bantsi ba dumalana le pono eno, ereka pelenyana Petere a ne a ipoletse fa a ne a ikanyega go Jesu go gaisa ba bangwe. (Mathaio 26:33-35) Lefa go le jalo, go tlhaloganya Johane 21:15 ka tsela eno go tlhoka gore lediri le le sa bolelwang le tlhalosiwe, jaaka “A o nthata go gaisa ka fa bano [ba nthatang ka teng]T Mme lediri leno le lengwe ga leyo mo potsong ya ga Jesu, le gone le dira mathata mo puong. Mo gOdimo ga moo, go ne go ka lebega go sa tshwanela gore Jesu a batle gore Petere a bapise bogolo jwa lorato lwa gagwe le jwa lorato loo ba bangwe ba ka tswang ba na nalo. A Jesu ga a ka a siamisa baaposetoloi bao fa ba ne ba wela mo kgaisanong?—Mareko 9:33-37; 10:35-44; Luke 22:24-27.

He, a go ka tswa go raya gore Nomoro 3 e ne e le yone potso ya ga Jesu, ‘A o nthata bogolo go dilo tseno, tse di tshwanang le ditlhapi?’ Eno ke tsela eo e ranotsweng ka yone, ka sekai, go New Testament ka Setsonga. Potso eo e ne e tla bo e tshwanela ka ntlha ya ka fa botshelo jwa ga Petere jwa nako e e fetileng bo neng bo ntse ka gone. O ne a le mongwe wa barutwa ba ntlha bao ba neng ba sala Jesu morago. (Yohane 1:35-42) Lefa go le jalo, go lebega Petere a ne a seka a sala Jesu morago ka nako eo. Go na le moo, o ne a boela tiro ya gagwe ya go tshwara ditlhapi. Jalo, dikgwedi di sekae moragonyana Jesu o ne a tlogedisa Petere kgwebo e kgolo eo go tla go nna ‘motshwari wa batho.’ (Mathaio 4:18-20; Luke 5:1-11) Lefa go le jalo, morago ga loso lwa ga Jesu, Petere o ne a Ooela gape kwa tirong eno ya gagwe, a raya barutwa ba bangwe are: “Ke ea go chwara ditlhapi.”—Yohane 21:2, 3.

Jalo e ka tswa e ne e le gore Jesu o ne a lemotsha Petere gore o ne a tshwanetse go dira tlhopho ya makgaolakgang. Gore ke eng seo a neng a tla se baya kwa pele mo botshelong jwa gagwe—a e ne e tla nna go nna molatedi wa ga Jesu, kana o ne a tla dira tiro nngwe, seo se neng se akantshiwa ke ditlhapi tseo di neng di koetswe fa pele ga bone? Petere o ne a rata ditlhapi, matloa, mekoro, le go tsalana le batshwara-ditlhapi-ka-ene go le kana kang? A ru ri Petere o ne a tla tlogela dilo tse di itumedisang tseo go baya go rata Keresete ga gagwe kwa pele moo go neng go tla raya go fepa “dikwanyana” tsa ga Jesu—Yohane 21:17.

Re ka ipotsa potso e e tshwanang ka borona eo e kopanyeletsang ‘dilo tseno’ tseo di ka nnang tsa re gogela, tse di tshwanang le tiro ya rona e e kgatlhisang kana ya kgwebo, go ipelela ga rona thutego ya selefatshe, legae la rona kana mofuta oo re o ratang wa boitloso-bodutu. Re ka akanya kwantle ga go mpampetsa ka go re: ‘A ke rata Jesu go gaisa dilo dipe kana dilo tseno tsotlhe?’ Jesu o ne a bontsha gore fa karabo ya rona e le Ee, re tla go bontsha ka go fudisa “dikwanyana.”

Ka jalo go a bonala gore ka fa e ranotsweng ka gone mo go New World Translation e dumalana le seo go neng go buiwa ka sone ebile go dumalana le dithuto tsotlhe tsa ga Jesu.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela