LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 10/1 ts. 10-14
  • Go Anaanela Bakaulengwe ba Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Anaanela Bakaulengwe ba Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lorato le Lorato Lwa Bokaulengwe lo lo Tswang mo Pelong
  • ‘Lorato lwa Bokaulengwe lo lo Tswang mo Pelong lo lo Senang Boitimokanyo’
  • “Mo Peduñ ka Tlhōahalō”
  • “Pitlologañ”
  • Kanaanelo e e Itumedisang
  • Re Seka ra Belaela Maitlhomo a Bakaulengwe ba Rona
  • Go Bona Selo Se Se Ka Dirang Gore go Nne le Lorato Lo Lo Tswang Pelong Lwa Bokaulengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Bontshanang Lorato Lwa Bopelonomi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • A Lorato Lwa Lona Lwa Bokaulengwe lo Tswelele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 10/1 ts. 10-14

Go Anaanela Bakaulengwe ba Rona

“La rata ne ka lorata lwa bakaulengwe la la tswang ma pelang la la senang baitimakanya . . . , ka larata la la tukang la la tswang pelang.”—1 PETERE 1:22, NW

1. Ke eng seo se neng sa tlhatswa batho ba le bantsi pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba dirisa Bokeresete jwa boammaaruri?

LORATO ke lotshwao lwa Bokeresete jwa boammaaruri. Ka nako ya sejo sa maitseboa sa bofelo seo Jesu a neng a se ja le baaposetoloi ba gagwe, o ne a gatelela seno, a tlhalosa ka go re: “Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Batho ba le bantsi ba ne ba tlhatswega pelo lantlha gore Basupi ba ga Jehofa ba dirisa Bokeresete jwa boammaaruri fa ba ne ba nna teng kwa pokanong nngwe kwa Holong ya Bogosi kana fa ba ne ba ya kwa kopanong e kgolwane. Ba ne ba bona lorato lo tsentswe tirisong, mme ka seno ba ne ba itse gore ba ne ba le gareng ga barutwa ba boammaaruri ba ga Keresete.

2.Moaposetoloi Paulo o ne a reng malebana le lorato, eleng sesupo se se tlhaolang Bokeresete?

2 Rotlhe re ipelela go bo sesupo seno se se tlhaolang Bokeresete jwa mmatota se lemotshega mo gare ga batho ba ga Jehofa gompieno. Lefa go le jalo, fela jaaka Bakeresete ba ntlha, re lemoga gore re tshwanetse go nna re batla ditsela tse dingwe tsa go bontsha kanaanelo go bakaulengwe ba rona. Paulo o ne a kwalela phuthego nngwe ya Thesalonia jaana: “A Morèna a dihè mo go lona, gore lo golè lo totahalè mo go rataneñ.” (1 Bathesalonia 3:12) Re ka oketsa go ratana ga rona jang?

Lorato le Lorato Lwa Bokaulengwe lo lo Tswang mo Pelong

3. Mo godimo ga go tshela botshelo jo bo phepa, moaposetoloi Petere o ne a re Bakeresete ba tlhoka eng?

3 Mo lokwalong loo lo neng lo kwaletswe botlhe ba diphuthego tsa Bakeresete ba Asia Minor, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Ereka lo itshekisitse meya ya lona [kana, matshelo] ka go ineela ga lona mo boammaaruring, mme ka baka leo lwa nna le lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong [phi·la·del·phiʹa], lo lo senang boitimokanyo, lo ratane [sebopego sa a·ga·paʹo] ka lorato lo lo tukang go tswa pelong.” (1 Petere 1:22, NW) Petere o bontsha gore ga go a lekana fela go re re phepafatse matshelo a rona. Go utlwa ga rona boammaaruri, go akareletsa le taolo e ntšha, go tshwanetse ga felela ka lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong lo lo senang boitimokanyo le go ratana mo gogolo.

4. Ke dipotso dife tseo re tshwanetseng go di botsa, mme Jesu o ne a reng malebana le seno?

4 A re sekametse mo go bontsheng lorato le kanaanelo mo bakaulengweng bao re ba ratang fela? A re na le go nna pelotshweu go bano, re tlhokomologa ditlhaelo tsa bone, ntswa re itlhaganelela go lemoga diphoso le dithetelelo tsa ba bangwe bao ka tlholego fela re sa ba kgatlhegeleng? Jesu o ne a re: “Ha e bo ne ne lo rata [sebopego sa a·ga·paʹo] ba ba lo ratañ, lo bo lo na le tuèlō ehe? bakgethisi le bōnè a ga ba dihe yalo?”—Mathaio 5:46.

5. Mokanoki mongwe wa Bibela o farologanya jang lefoko la Segerika le le rayang “lorato” le leo le rayang “lorato lo lo tswang pelong”?

5 Mo bukeng ya gagwe ya New Testament Words, Moperofesa William Barclay o dira dikakgelo tse di latelang kaga lefoko la Segerika leo le ranolwang ka go re “lorato lo lo tswang pelong” le leo le ranolwang jaaka “lorato”: “Go na le botsalano jo bo molemo kaga mafoko ano [phi·liʹa, leo le rayang “go ratana go tswa pelong,” le lediri leo le tsamaisanang nalo phi·leʹo]. A raya go leba motho ka tsela ya go mo rata go tswa pelong. . . . Mafoko a a tlwaelesegileng thata a T[esetamente] e N[tšha] a lorato ke leina agapē le lediri agapañ. . . . Philia e ne e le lefoko le le siameng, mme tota-tota e ne e le lefoko la boitumelo le katamalano le lorato lo lo tswang mo pelong. . . . Agapē le amana le mogopolo: ga se fela boikutlo jo bo itsogelang fela mo dipelong tsa rona; ke molao-motheo oo re ikgethelang go tshela ka one. Agapē le dirisana thata-thata le thato. Ke go fenya, phenyo, le phitlhelelo. Ga go na motho yoo ka tlholego fela a ratang baba ba gagwe. Go rata baba ba motho ke go fenya ditshekamelo tsotlhe tsa rona tsa tlholego le maikutlo. Agapē yono . . . tota ke maatla a go rata batho bao ba sa rategeng, go rata batho bao re sa ba rateng.”

6. (a) Ke dipotso dife tse di tlhatlhobang tseo re tshwanetseng go di ipotsa? (b) Go ya ka Petere, ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go lekanyetsa lorato lwa rona lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong go bao re ba kgatlhegelang ka tlholego fela?

6 Ka seipato sa gore Dikwalo di re letlelela go nna le maikutlo a a botsalano thata mo bakaulengweng ba bangwe go feta ba bangwe, a re na le tshekamelo ya go mpampetsa maikutlo a rona? (Yohane 19:26; 20:2) A re akanya gore re ka “rata” batho bangwe ka lorato lo lo sa nonofang, lo lo tlhaelang ka go bo re patelesega go dira jalo, fa re bolokela bao re ba kgatlhegelang lorato lo lo bothitho lwa bokaulengwe lo lo tswang pelong? Fa go ntse jalo, go raya gore ga re tlhaloganye tao ya ga Petere. Ga re ise re itshekise meya ya rona ka botlalo mo go utlweng boammaaruri, ka gonne Petere are: “Jaanong ka lo itshekisitse meya ya lona ka go utlwa boammaaruri go fitlhela lo ikutlwa lo rata bakaulengwe ba lona ba Bakeresete go tswa pelong ka botlalo, ratanang ka pelo yotlhe ka nonofo yotlhe ya lona.”—1 Petere 1:22, The New English Bible.

‘Lorato lwa Bokaulengwe lo lo Tswang mo Pelong lo lo Senang Boitimokanyo’

7, 8. Lefoko leo le ranolwang ka gore “go senañ boitimokanyō” le simologile kae, jalo ke ka ntlhayang fa Petere a dirisa lereo leno?

7 Moaposetoloi Petere o tswelela le eleng go feta foo. O bolela gore go ratana go tswa mo pelong ga rona ga bokaulengwe go tshwanetse ga tlhoka boitimokanyo. Lefoko leo le ranolwang ka gore ‘lo lo senang boitimokanyo’ le tswa mo leganetsing la lefoko la Segerika leo le neng le dirisiwa mo batshameking ba dirala bao ba neng ba bua ba ikapesitse dimaseke mo difatlhegong. Seno se ne se ba kgonisa go iphetola batho ba ba farologaneng ba le mmalwa mo motshamekong. Ka gone lefoko leo le ne la dirisiwa jaaka sekapuo se se kayang boitimokanyo, go iphitlha, kana go iketsisa.

8 Re ikutlwa jang mo botennyeng jwa dipelo tsa rona kaga bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya rona? A re ba dumedisa kwa dipokanong re nyenya ka go ipateletsa, ka bofefo re leba go sele kana re feta? Se se maswe go feta seo, a re leka go tila go ba dumedisa gotlhelele? Fa go ntse jalo, go ka buiwa jang kaga ‘go utlwa boammaaruri’ ga rona mo go tshwanetseng go ka bo go itshekisitse meya ya rona go ya ntlheng ya go ikutlwa re rata Bakeresete ka rona go tswa pelong ka bopelo-e-phepa? Ka go dirisa mafoko a a reng ‘lo lo senang boitimokanyo,’ Petere o bolela gore go rata bakaulengwe go tswa pelong ga rona ga go a tshwanela go nna ga go itshupa. Go tshwanetse go nna ga mmatota, go tswa mo pelong.

“Mo Peduñ ka Tlhōahalō”

9, 10. Petere o ne a raya eng fa a ne a re re tshwanetse go ratana “ka tlhōahalō,” kana “ka mo go atologileng”?

9 Petere o oketsa ka go re: “Lo ratanè mo peduñ ka tlhōahalō [tota-tota, “ka mo go atologileng”].” Cn re tlhoke uñ atolosa dipelo tsa rona ka gope go bontsha lorato bao ka tlholego fela re ba ratang le bao le bone ba re ratang. Mme Petere o re bolelela go ratana “ka mo go atologileng.” Fa lorato lwa a·gaʹpe lo bontshiwa gareng ga Bakeresete, ga se lorato fela lwa mogopolo, lo lo tlhaelang, lo lo tshwanang le loo re tshwanetseng go lo bontsha baba ba rona. (Mathaio 5:44) Ke lorato lo lo boteng mme lo tlhoka boiteko. Lo kopanyeletsa go atolosa dipelo tsa rona, re di pitlolola e le gore di kgone go rata batho bao ka tlwaelo re neng re sa kake ra ba kgatlhegela.

10 Mo go Linguistic Key ta the Greek New Testament ya gagwe, Fritz Rienecker o akgela mo lefokong leo le ranotsweng ka go re “ka tlhōahalō,” kana “ka mo go atologileng,” mo go 1 Petere 1:22. O kwala jaana: “Mogopolo wa motheo wa lone ke wa tlhoafalo, tlhagafalo (go dira selo eseng ka go se latlhelela . . . k[a] go tsenya marapo dinameng jaaka go ka tualo) (Hort).” Go tsenya marapo dinameng go raya, gareng ga dilo tse dingwe, “go ngamola selo go fitlha se felela.” Go ratana ka tlhoafalo go tswa pelong ka jalo go raya go iteka ka botlalo mo maitekong a rona a go nna le lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong mo ditsaleng tsatlhe tsa rona tsa Bakeresete. A ga re na sebaka sa go bontsha bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi lorato lo lo pepetletsang lo lo tswang mo pelong? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go pitlologa.

“Pitlologañ”

11, 12. (a) Ke kgakololo efe eo moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bakeresete ba Korintha? (b) Paulo o ne a baya sekao se se molemo jang mo go seno?

11 Go lebega moaposetoloi Paulo a ne a bona fa seno se tlhokafala mo phuthegong ya kwa Korintha. O ne a kwalela Bakeresete ba koo a re: “Molomo oa rona o lo atlhametse, lona Bakorintha, pelo ea rona e pitlologile. Ga lo a pitlagañwa ke rona, me lo pitlaganye mo loratoñ loa lona ka losi. Me yana le lona pitlologañ, gore e tle e nnè tebogō ea kaha ke lo dihetseñ ka gōna; ke bua yaka ha ke bua le bana ba me.”—2 Bakorintha 6:11-13.

12 Re ka pitlolola dipelo tsa rona jang go rata bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba rona? Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo mo go seno. Ka phepafalo o ne a batla melemo mo bakaulengweng ba gagwe. Mme o ne a ba gakologelwa eseng ka ditlhaelo tsa bone mme eleng ka dinonofo tsa bone tse di molemo. Kgaolo ya bofelo ya lokwalo lwa gagwe go Bakeresete ba Roma e bontsha seno. A re tlhatlhobiseng Baroma kgaolo 16, mme re bone kafa e bontshang boikutlo jo bo tlhamaletseng jwa ga Paulo malebana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ka gone.

Kanaanelo e e Itumedisang

13. Paulo o ne a bontsha go anaanela ga gagwe Febe jang, mme ka ntlhayang?

13 Paulo o ne a kwalela Baroma lokwalo lwa gagwe a le kwa Korintha mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E., mo loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa. Go bonala a ne a neela mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a bidiwa Febe mokwalo oo, yo o neng a le leloko la phuthego e e neng e le gaufi ya Kenkerea, yo o neng a ya kwa Roma. (Bala ditemana 1, 2.) Elatlhoko kafa a mmuang molemo ka teng mo bakaulengweng ba Roma. Ka ditsela tse di farologaneng, o ne a ile a sireletsa Bakeresete ba le bantsi, go akareletsa le Paulo, gongwe fa ba ne ba feta ka boemela-dikepe jo bo neng bo tlhanasela jwa Kenkerea ba le mo maetong a bone. Ereka e ne e le moleofi yo o sa itekanelang, fela jaaka batho botlhe ba bangwe, kwantle ga pelaelo Febe o ne a na le makoa a gagwe. Mme go na le go tlhagisa phuthego ya Roma kaga ditlhaelo tsa ga Febe, Paulo o ne a ba laolela go ‘mo tshola mo Moreneng, ka mokgwa o o tshwanetseng baitshepi.’ A boikutlo jo bo molemo, jo bo siameng!

14. Ke dilo dife tsa bopelonomi tseo Paulo a neng a di bua kaga Peresika le Akwila?

14 Go simolola ka temana ya 3 go ya go ya 15, Paulo o romelela Bakeresete ba ba fetang 20 bao a ba umakileng ka maina ditumediso le ba bangwe ba bantsi bao a ba umakileng ka bongwe kana jaaka setlhopha. (Bala ditemana 3, 4.) A o lemoga lorato lo lo tswang mo pelong lwa bokaulengwe loo Paulo a neng a na le lone go Peresika (kana, Peresila; bapisa Ditihō 18:2) le Akwila? Banyalani bano ba ne ba ile ba ipaya mo kotsing ka baka la ga Paulo. Jaanong o dumedisa badiri-mmogo le ene bano ka tebogo, ebile o ba romelela sesupo sa malebogo a gagwe mo boemong jwa diphuthego tsa Baditšhaba. Abo Akwila le Peresila ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgothadiwa jang ke ditumediso tseno tse di tswang mo pelong!

15. Paulo o ne a bontsha bopelotshweu le boikokobetso jwa gagwe jang fa a ne a dumedisa Andoroniko le Juniase?

15 Go lebega Paulo a ne a nna Mokeresete yo o ineetseng mo ngwageng kana tse pedi morago ga loso lwa ga Keresete. Ka nako ya fa a ne a kwalela Baroma lokwalo lwa gagwe, o ne a ntse a dirisiwa ke Keresete jaaka moaposetoloi wa maemo a a kwa godimo wa Baditš haba ka dingwaga di le dintsi. (Ditihō 9:15; Baroma 1:1; 11:13) Lefa go le jalo, elatlhoko bopelotshweu jwa gagwe le boikokobetso. (Bala temana 7.) o dumedisa Andoroniko le Juniase jaaka “ba ba itsegeñ mo baaposetoloiñ [barongwa]” a ba a dumalana gore ba ne ba nt se ba direla Keresete ka lobaka lo loleele go feta ene. Ga go na lefa e le sesupo sepe sa lefufa la boeleele foo!

16. (a) Paulo o ne a bua kaga Bakeresete bangwe bao ba neng ba nna kwa Roma ka mafoko afe a lorato? (b) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore ditumediso tseno e ne e le dikai tsa ‘lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang pelong lo lo senang boitimokanyo’?

16 Ga re itse go le kalo kana lefa e le sepe fela kaga Bakeresete ba ntlha ba ba tshwanang le Epaeneto, Ampeliato, le Setakese. (Bala ditemana 5, 8, 9.) Mme fela ka tsela eo Paulo a neng a ba dumedisa botlhe ka boraro, re ka tlhomamisega gore e ne e le banna ba ba ikanyegang. Ba ne ba dirile gore ba ratwe ke Paulo mo gogolo mo a neng a bitsa mongwe le mongwe wa bone “moratwi oa me.” Gape Paulo o ne a bua mafoko a bopelonomi kaga Apelese le Rufo, a bua ka bone jaaka “molebosegi oa ga Keresete,” le “moitshenkedwi wa Morèna,” ka go tlhomagana ga bone. (Bala ditemana 10, 13.) Abo e ne e le dikakgolo tse di molemo jang ne go Bakeresete bano ba babedi! Mme ereka re itse go bua ka go sa potapote ga ga Paulo, re ka tlhomamisega gore e ne e se seomodiro fela. (Bapisa 2 Bakorintha 10:18.) Lefa go le jalo, Paulo o ne a seka a lebala go dumedisa mmaagwe Rufo.

17. Paulo o ne a bontsha jang gore o anaanela bokgaitsadi ba gagwe thata-thata?

17 Seo se re lere mo go anaaneleng bokgaitsadi ga ga Paulo. Mo godimo ga ga mmaagwe Rufo, Paulo o umaka basadi ba Bakeresete ba ba seng kafa tlase ga ba barataro. Re setse re bone kafa a neng a bua ka bopelonomi ka gone kaga Febe le Peresika. Mme elatlhoko kafa a neng a dumedisa Marie, Terefena, Terefosa, le Pere sise ka lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong lwa bopelonomi ka gone. (Bala ditemana 6, 12.) Motho o ka bona gore o ne a rata bokgaitsadi bano bao e neng e le dinatla ba ba neng ba ‘dirile ditiro tse dintsi’ ba di direla bakaulengwe ba bone. Abo go aga jang ne go bona kafa Paulo a neng a anaanela bakaulengwe ba gagwe le bokgaitsadi go tswa pelong ka gone, go sa kgathalesege go sa itekanelang ga bone!

Re Seka ra Belaela Maitlhomo a Bakaulengwe ba Rona

18. Re ka leka jang go etsa Paulo, mme ke eng seo se ka tswang se tlhokafala?

18 Ke ka ntlhayang fa o sa etse Paulo mme wa leka go bona sengwe se se molemo go se bua kaga mokaulengwe le kgaitsadi mongwe le mongwe mo phuthegong? Kaga ba bangwe, ga o na go nna le bothata gotlhelele. Ka ba bangwe, go ka nna ga tlhoka tshekatsheko e e seng kalo. Ke ka ntlhayang fa o sa leke go senya nako e e rileng le bone e le gore o tle o ba itse botoka? Eleruri o tla bona dinonofo dingwe tse di rategang mo go bone, mme, go itse mang, ba ka nna ba simolola go go anaanela go feta mo nakong e e fetileng.

19. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go belaela maitlhomo a bakaulengwe ba rona, mme Jehofa o re tlhomela sekao se se molemo sa lorato jang?

19 Ga re a tshwanela go belaela maitlhomo a bakaulengwe ba rona. Botlhe ba rata Jehofa; fa go ne go sa nna jalo ba ka bo ba se kile ba neela matshelo a bone mo go ene. Ke eng seo se ba thibelang go boela kwa lefatsheng, le go latela ditsela tsa lone tsa boithatelo? Ke lorato lwa bone go Jehofa, tshiamo ya gagwe, le Bogosi jwa gagwe tlase ga ga Keresete. (Mathaio 6:33) Mme botlhe, ka ditsela tse di farologaneng, ba tshwanelwa ke go tlhabana thata go nna ba ikanyegile. Jehofa o ba ratela seno. (Diane 27:11) O ba amogela jaaka batlhanka ba gagwe go sa kgathalesege diphoso tsa bone le ditlhaelo. Ka go bo go ntse jalo, rona re bomang mo re ka ganang go ba rata ka lorato lo lo tswang mo pelong lo lo pepetletsang?—Baroma 12:9, 10; 14:4.

20. (a) Go ya ka lokwalo lwa ga Paulo go Baroma, ke bomang fela bao re tshwanetseng go ba belaela, mme re ka latela ketelelo ya bomang ka pabalesego mabapi le seno? (b) Kwantle ga moo, re tshwanetse go tsaya bakaulengwe ba rona botlhe jang?

20 Batho fela bao Paulo a re tlhagisang go ba belaela ke “ba ba cosañ dikgaoganō le dikgopishō,” le bao ba itshwarang ka mo go “hapaanyeñ le thutō e lo e ithutileñ.” Paulo o re bolelela gore re ele bano tlhoko le go ba tila. (Baroma 16:17) Bagolwane ba phuthego ba tla bo ba ile ba leka go thusa bano. (Yude 22, 23) Jalo re ka ikaega ka bagolwane go re bolelela gore a bangwe ba tshwanetse go tilwa. Kwantle ga moo, re tshwanetse go tsaya bakaulengwe ba rona botlhe e le ba ba tshwanelwang ke lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong lo lo senang boitimokanyo, mme re tshwanetse go ithuta go ba rata ka tlhoafalo go tswa pelong.

21, 22. (a) Ke eng seo se leng kwa pele ga rona? (b) Ke maemo afe ao a ka nnang a tsoga, jalo re tshwanetse ra bo re sa bolo go dira eng? (c) Go tla sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?

21 Satane, badimona ba gagwe, le tsamaiso ya dilo yotlhe ya gagwe ya selefatshe ba kgatlhanong le rona. Hara-Magedona e fa pele ga rona. E tla simololwa ke go tlhasela ga Goga le Magoga. (Esekiele, dikgaolo 38, 39) Ka nako eo, re tla tlhoka bakaulengwe ba rona go feta lefa e le leng pele. Re ka nna ra iphitlhela re tlhoka thuso ya bone bao re neng re sa ba anaanele mo go kalo-kalo. Kana bone bano ba ka nna ba bo ba tlhoka thuso ya rona fela thata. Jaanong ke nako ya go pitlologa le go oketsa go anaanela ga rona bakaulengwe ba rona.

22 Legale, go anaanela bakaulengwe ba rona go akareletsa go tlotla bagolwane ba phuthego ka tshwanelo. Mo ntlheng eno, bagolwane ka bobone ba tshwanetse go nna dikao tse di molemo ka go anaanela eseng fela bakaulengwe botlhe ka tsela e e tshwanetseng mme le eleng go anaanela bagolwane ka bone. Ntlha eno kaga kgang eno e tla akanyediwa mo setlhogong se se latelang.

Dintlha tsa Poeletso

◻ Sesupo seo se kgethololang Bokeresete jwa boammaaruri ke sete?

◻ Ke ka ntlhayang ta lorato le lorato lwa bokaulengwe lo lo tswang mo pelong di tlhokega?

◻ Re ka ratana jang ka “tlhōahalō,” kana “ka mo go atologileng”?

◻ Mo go Baroma kgaolo 16, Paulo o ne a bontsha go anaanela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe jang?

◻ Ke ka ntlhayang ta re sa tshwanela go belaela maitlhomo a bakaulengwe ba rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Leka go bona dinonofo tse di rategang mo bathong bao o sa ba kgatlhegeleng ka tlholego fela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela