Sesupo—Ga se Fela Hisitori e e Fetileng
Mo Jerusalema, kwa Botlhaba-Gare, go na le lefelo le le kgatlhang la bogologolo leo le gapang tlhokomelo ya batho ba ba akanyang gompieno. Ke lefelo le le kwa godimo koo go neng go le “tempele e e agilweng ka madi a mantsi teng,” go ya ka mafoko a ga raditiragalo wa Moroma wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Tacitus. Ga go tlhole go bonala sepe sa dikago tseo tsa tempele, fa e se serala fela. Se supela boammaaruri jwa sesupo sa polelelopele seo se go amang.
Baithuta-marope ba bone dilo di le dintsi kwa borwa jwa serala seo sa tempele. “Sengwe sa dilo tseo di kgatlhisang seo re se boneng,” go tlhalosa jalo J. A. Thompson mo go The Bible and Archaeology, “e ne e le ditena tse dikgolo tse di thata tsa motlha wa ga Herode tseo ka phepafalo di neng di ole kwa godimo ga lorako lwa Tempele ka nako ya go senngwa ga Jerusalema ka A.D. 70.”
Go senngwa ga Jerusalema le tempele ya yone go ne ga bolelelwa pele dingwaga di le 37 pele ga go diragala. Boraditiragalo ba ba seng kafa tlase ga ba bararo ba ne ba kwala mafoko a ga Jesu Keresete a gore ‘ga go kitla go tlogelwa lentswe lepe fano, le tlhatlaganye le je lengwe, le le se kitlang le digwa.’ (Luke 21:6; Mathaio 24:1, 2; Mareko 13:1, 2) Go latela puisano eo e amang mongwe le mongwe gompieno, go akareletsa le wena.
“Moruti,” barutwa ba gagwe ba mmotsa, “seshupō e tla nna sehe sa ha dilō tse di tloga di dihala?” Go ya ka Jesu, lobaka lo lo neng lo tla gogela kwa go senngweng ga tempele eo lo ne lo tla tshwaiwa ka dintwa, dithoromo tsa lefatshe, tlhaelo ya dijo, le dikgogodi tsa bolwetsi. “Losika lo,” a oketsa, “ga lo ketla lo heta go tsamaee dilō cotlhe di dihale pele.”—Luke 21:7, 10, 11, 32.
A losika loo lo ne lwa itemogelela tiragatso ya “seshupō” seo? Ee. Bibela e bua ka “leuba ye legolo” gammogo le dithoromo tsa lefatshe di le tharo, tse pedi tsa tsone e le ‘dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe.’ (Ditihō 11:28; 16:26; Mathaio 27:51; 28:1, 2) Go ya ka hisitori ya lefatshe, dithoromo tse dingwe tsa lefatshe le ditlhaelo tsa dijo di ne tsa diragala ka lobaka loo. Gape e ne e le nako ya dintwa, tse pedi tsa tseo e neng e le go tlhabana ga masole a Roma le baagi ba Jerusalema. Tlhaselo ya bobedi ya Jerusalema e ne ya felela ka leuba je legolo le kgogodi ya bolwetsi, seo se neng sa gogela kwa go senngweng ga motse oo le tempele ya one ka ngwaga wa 70 C.E. Lefelo leo tempele e kileng ya bo e le fa go lone mo Jerusalema ke bosupi jo bo sa bueng jwa ditiragalo tseo tse di maswe tsa lekgolo la ntlha la dingwaga.
‘Ke mo go kgatlhisang,’ mongwe o ka rialo, ‘mme nna go nkama jang?’ Ka gore sesupo seo ga se fela hisitori ya nako e e fetileng. Se ne sa diragadiwa ka bontlhabongwe fela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ka sekai, Jesu gape o ne a bolelela pele nako ya fa batho ba ne ba tla nna mo poifong e kgolo mo go yone ka baka la “dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ” le “dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo.” Sebopego seno sa sesupo se ne se tla tshwaya go atamela ga “bogosi yoa Modimo”—eleng puso eo e tla gololelang batho ruri mo tlalelong ya lefatshe.—Luke 21:25-31.
Dilo tseno ga di a ka tsa diragala mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Gompieno, morago ga dingwaga tse 1 900, setho se santse se letetse go gololwa mo dintweng, mo dithoromong tsa lefatshe, mo ditlhaelong tsa dijo, le mo dikgogoding tsa bolwetsi. Ka jalo, sesupo seno se tshwanetse go nna le tiragatso ya bobedi e e feletseng. Go supela seno, buka ya Tshenolō e na le ditshwantsho tsa polelelopele tseo di tsamaisanang le sesupo seno, mme lefa go le jalo e ne ya kwalwa morago ga go senngwa ga Jerusalema. (Tshenolō 6:1-8) Ka gone, go tsoga potso ya botlhokwa ya gore: A sesupo se bonetse mo motlheng wa rona?