A Batho Botlhe Ba Ba Siameng Ba Ya Legodimong?
“Phitlho e ne e fetile mme go setse kgamarego e kgolo. . . . O ne o ka seka wa dumela gore mo dibekeng di le mmalwa fela tse di fetileng mosimanyana wa me o ne a simolola go tsamaya, sefatlhego sa gagwe se sennye se phatsima ke monyenyo wa boitumelo. Jaanong Andrew o tlhokafetse! . . .
“Ke ne ke tlhola ke ema fa fensetereng, ke lebelela kwantle mo bosigong, ke leletse kwa magodimong. ‘Mosimanyana o kwa kaejaanong?’ Ke ne ke ipotsa. ‘A o golo gongwe kwa godimo kwa legodimong mo gare ga dinaledi?’”
LOSO lwa ngwana eleruri ke tiragalo e e botlhoko thata eo e ka diragalelang batsadi. ‘Ngwana wa rona o kae gone jaanong?’ ba a ipotsa. ‘A o kwa legodimong kana golo gongwe?’ Ditumelo di le dintsi di ruta gore bana ba ya legodimong fa ba swa. Kwa Gauteng, mo Afrika Borwa, molaetsa o o kwadilweng mo letlapeng le le fa phuphung nngwe o balega jaana: “Modimo o ne o senka sethunya se eleng gone se bulegang, moengele wa gagwe o tsere se sengwe sa rona.” Mme motho a ka nna a ipotsa gore: ‘Ke ka ntlhayang fa Modimo o ka batla “sethunya” fa, ka tlwaelo, go dumelwa gore o setse a na le tse dintsintsi?’ Mme go na le batho ba le bantsintsi ba ba ipotsang go re. . .
‘Legodimo le Ntse Jang?’
Batho ba le bantsi ba na le kgopolo e e letobo fela ka legodimo. Ba bangwe ba bua motlhofo fela ba re “fa o swa o nna fela mo gare ga legodimo.” Mme Bibela ya reng? Temana ya yone ya ntlha fela e bua jaana: “Mo tshimologoii Modimo oa tlhola legodimo le lehatshe.” (Genesise 1:1) Seno se raya magodimo a mmatota, dinaledi tse di galaleng le masomosomo a dipopo tsa legodimo. (Duteronome 4:19) Mme gape go na le magodimo a semoya. Jalo, Bibela e bua ka ‘bonno jwa ga Jehofa jo bo boitshepo le jo bontle.’—Isaia 63:15.
Ke mang yo o neng a nna wa ntlha go tlhatlogela kwa ‘bonnong jo bo boitshepo’ jwa Rraarona wa selegodimo? Ke Morwawe yo o rate gang, ebong Jesu Keresete. ° ne a bua jaana: “Ga goa tlhatlogèla opè kwa legodimoii, ha e se èna eo o hologileii kwa legodimoii, eboii Morwa Motho.” (Yohane 3:13) Seno se bontsha ka phepafalo gore ga go dibopiwa dipe tsa batho tse di ileng kwa legodimong. Mme Jesu o solofeditse gore batho bangwe ba ne ba tla ya koo. Pele a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang are: “Ke ea go lo baakanyetsa bonnō. . . . me ke tla lo icholèla; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.”—Yohane 14:2, 3.
Go phepafetse he, gore batho bangwe ba ba siameng ba ya legodimong. Mme a batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong? Go tweng ka legae la motho—lefatshe? A le tla senngwa ke ntwa ya nuklea mme le fetoge mosidi o montsho oo o dikologang fela mo lefaufaung? Eleruri nnyaa. Bibela e bua jaana: “Kokomana e iiwe e hetèla koii, me go tle e iiwe; me lehatshe le nnetse rure ka bosakhutleii.” (Moreri 1:4) Mme ke ka ntlhayang fa Mmopi a tshwanetse go senya lefatshe leno le lentle, lefa gone batho ka bogagapa ba sent se dikarolo tse dingwe tsa lone ka go le kgotlela? Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.
Jalo he, go phepafetse gore lefatshe le na le isagwe e e kgatlhisang. Mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bolelela pele jaanai “Go Segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” (Mathaio 5:5) Mme gape, buka ya bofelo ya Bibela, eleng ya Tshenolō, e bontsha gore lefatshe le tlile go fetoga paradaise. E bua jaana mabapi le batho ba ba kutlo: “Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo mathloñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.
Go tswa mo go se se sa tswang go umakiwa, go bonala gore batho bangwe ba ba siameng Dn yn legodimon(, fn Dn Dnngwe ba tla ipelela botshelo mo lefatsheng. Seno se raya gore go kopanyelediwa ditlhopha tse pedi tse di farologaneng tsa batho. Seo se ka kgonega jang? Gape, fela jaaka mmaagwe Andrew, ba le bantsi ba tshwenngwa ke gore masea a bone a a tlhokafalang a ise a kolobediwe a diragalelwa ke eng. Ba Roma Katoliki ba rutilwe gore a ya kwa lefelong le le bidiwang Limbo. A lefelo le le ntseng jalo le gone? A masea a ya koo? Setlhogo se se latelang se na le dikarabo tse di gomotsang le tse di kgotsofatsang.