Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Mosamaria yo o Molemo
JESU o ka nna a bo a le gaufi le Bethane, motse o o ka nnang dikilometara di le tharo go tswa Jerusalema. Monna yo o itseng Molao wa ga Moshe o a mo atamela mme o mmotsa potso, are: “Moruti, ke tla dihañ gore ke ruè botshelō yo bo sa khutleñ?”
Jesu o lemoga gore monna yono, wa agente, ga a boletse go bona boikitsiso fela mme gonne o a mo leka. Maikaelelo a agente eno e ka nna ya bo e le go batla gore Jesu a arabe ka tsela eo a tla kgopisang ka moo Bajuda ba akanyang ka gone. Jalo Jesu o dira gore agente eno e itshware ka mafoko, a mmotsa a re: “Go kwadilwe eñ mo malaoñ? U bala yañ?”
Fa a araba, agente eno, e dirisa pono e e sa tlwaelesegang, o tsopola go tswa mo melaong ya Modimo e e mo go Duteronome 6:5 le Lefitiko 19:18, are: “U ratè Yehofa Modimo oa gage ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka thata eotlhe ea gago, le tlhaloganyō eotlhe ea gago; le moñwe ka wèna yaka u ithata.”
“U hetotse ka tshiamō,” Jesu o araba jalo. “Diha mo, me u tla tshela.”
Lefa go ntse jalo, agente eno, ga e a kgotsofala. Mo go ene karabo ya ga Jesu e ne e sa tlhamalala. o bat la gore Jesu a mo tlhomamisetse gore dikakanyo tsa gagwe di siame le gore tsela e a tshwarang ba bangwe ka yone e siame. Ka gone, o a botsa: “Ana, moñwe ka nna e be e le mañ?”
Bajuda ba dumela gore lefoko ‘mongwe ka nna’ le dira fela mo Bajudeng, jaaka mafoko a Lefitiko 19:18 a lebega a supa jalo. Tota-tota, morago le eleng moaposetoloi Petere o ne a bua jaana: “Le lona ka losi loa itse yaka e le mo go sa letlèlèlwañ motho eo e leñ Moyuda ha a ka ikōpanya le moñwe oa morahe o sele.” Jalo agente eno, gongwe le bone barutwa ba ga Jesu, ba dumela gore ba siame fa ba tshwara sentle Bajuda-ka-bone fela ka bopelonomi, ereka, mo ponong ya bone, bao e seng Bajuda tota e se bangwe ka bone.
Kwantle ga go kgopisa bareetsi ba gagwe, Jesu o ka baakanya pono ya bone jang? O ba tseela kgang nngwe, e gongwe e theilweng mo sengweng se se diragetseng. “Monna moñwe [Mojuda],” Jesu o a tlhalosa, “o kile a cwa Yerusalema a hologèla kwa Yeriko; me a wèla mo dinokwaneñ; me tsa mo rutla diaparō, tsa mo itaea, tsa tsamaea tsa mo tlogèla a le gauhi le go shwa.”
“Me ga choganwa” Jesu o a tswelela, “moperesiti moñwe a tla ka tsela euō; me ea re a mmōna, a mo hapoga a heta kaha ntlheñ e ñwe ea tsela. Hèla yalo le Molefi, ea re a hitlha heloñ hoñ, me a mmōna, a mo hapoga a heta kaha ntlheñ e ñwe ea tsela. Me Mosamaria moñwe ea re a etile, a tla hèla ha o gōna; me ea re a mmōna, a mo tlhomogèla pelo.”
Baperesiti ba bantsi bao ba thusang kwa tempeleng ba nna mo Jeriko, sekgala sa dikilometara di ka nna 23 mo tseleng e e kotsi e e tlhatlogelang kwa godimo dimetara di ka nna 900 go tswa ta ba neng ba direla gone mo tempeleng mo Jerusalema. Go ne go lebelelwa gore Moperesiti le Moleti ba thuse mongwe ka bone wa Mojuda ta a le mo tlalelong. Mme ga ba dire jalo. Go na le moo, Mosamaria ene o dira jalo. Bajuda ba tlhoile Basamaria mo eleng gore bosheng jaana ba ne ba tlhapatsa Jesu ba mmitsa “Mosamaria.”
Ke eng seo Mosamaria a se dirang go thusa Mojuda? “Me a ea mo go èna,” Jesu o a bolela, Ua ha pa dinthō tsa gagwè, a di thèla lookwane le boyalwa yoa mofine; me a mo pèga mo peleseñ ea gagwè, me a mo isa kwa tluñ ea baeti, a mo tlamela. Me ka moshō a ntsha boshiliñ ba banè, [mo e ka nnang tuelo ya malatsi a mabedi], a ba naea muñ oa ntlo, me a mo raea, a re, Mo tlamèlè sentlè; me se u tla se ntshañ bogolo go mo ka ntlha ea gagwè, e tla re ke boea ke se gu lehèle.”
Morago ga go ba bolelela kgannyana eno, Jesu o ne a botsa agente eno jaana: “Ke mari oa ba bararo ba, eo o ichupileñ e le oa ga gabō èna eo o wetseñ mo dinokwaneñ?”
A ikutlwa a sa gololesega go naya Mosamaria tlotlo, agente e ne ya araba ka tsela eno e e bonolo: “Ke eo o mo utlwetseñ botlhoko.”
“Ea u dihè yalo le wèna,” Jesu o digela jalo.
Fa Jesu a ka bo a boleletse agente ka tlhamalalo gore le batho bao eseng Bajuda le bone e ne e le bangwe ka ene, monna yono o ne a ka se dumele se Jesu a se buang mme bontsi jwa bareetsi bo ne bo tla tsaya letlhakore la gagwe mo puisanong ya gagwe le Jesu. Leta go ntse jalo, kgang eno e e diragetseng, e ne ya phepatatsa ka tsela e e ka se ganediweng gore bangwe ka rona ba akareletsa batho botlhe eseng tel a ba lotso lwa rona kana morate. Abo e le tsela e e molemo jang ne e Jesu a nang nayo ya go ruta! Luke 10:25-37; Ditihō 10:28; Yohane 4:9; 8:48.
◆ Ke dipotso dite tseo agente e di botsang Jesu, mme ka phepatalo ka boikaelelo bote?
◆ Bajuda ba ne ba akanya gore bangwe ka bone e ne e le bomang, mme ke lebaka lete le le gone la go dumela gore le eleng barutwa ba ne ba na le pono e e tshwanang?
◆ Jesu o ne a tlhalosa pono e e siameng jang mo e leng gore agente e ne e sa kake ya mo ganetsa?