“Keresete, Morwa Modimo o o Tshedileñ”
MORAGO ga fa barutwa ba gagwe ba sena go bega gore batho ba ne ba re ke mang, Jesu o ne a ba botsa are: “Me lona loa re Nna ke mañ? Simone Petere a mo hetola, a re, U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.”—Mathaio 16:15, 16.
A ke Petere fela yo o neng a fitlha tshwetsong eno? Le eseng! Elatlhoko gore ke homang gape ba ba neng ba dira jalo, o ho o tlhokomele gore ke eng fa ba ne ba mo kaya jalo.
BATSHEGETSI BA PELE: Johane Mokolobetsi, morutwa Nathaniele le Maratha, le Saulo wa Tareso, fa re sa bale le ba bangwe, botlhe ba ne ba bitsa Jesu Morwa Modimo. (Mathaio 14:33; Yohane 1:33, 34; 1:49; 11:27; Ditihō 9:20) Tlhatswegopelo ya bone e ne ya nonofa fa ba ntse ba bona dipolelelopele tse di neng di diretswe go tlhaola Mesia yo o solofeditsweng di diragadiwa mo go Jesu.
BAGANETSI BA PELE: Bajuda ba ba neng ba batla go bolaya Jesu ba ne ba mmitsa Morwa Modimo, fela jaaka masole ao a neng a le teng fa a ne a bapolwa. (Mathaio 27:54; Yohane 19:7) Lemororo sena se sa kae gore baganetsi ba ba ntseng jalo ba ne ba dumela, gone mme go bontsha gore ba ne ba itse thata kaga seo ba bangwe ba neng ba se bua kaga Jesu; mme ditiragalo tse di sa tlwaelesegang tse di neng tsa diragala fa a ne a bapolwa ka phepafalo di ne tsa dira gore bangwe ba bone ba akanye thata ka kgang ya gore ke mang.
BAENGELE: Fa a ne a itsise kaga botsalo jwa ga Jesu, moengele Gabariele o ne a mmitsa Morwa Modimo. (Luke 1:32, 35) Le eleng batho ba ba neng ba tsenwe ke badimo ba le tlhotlheletsong ya baengele ba ba boikepo ba ne ba goeletsa ba re: “Re dihañ ka wèna, wèna Morwa Modimo?” (Mathaio 8:28-32) Ka ntlha ya go nna gone ga ga Jesu kwa legodimong pele ga a nna motho, go phepafetse gore baengele ba ba molemo le ba ba bosula ba ne ba itse gore e ne e le mang.
JESU KA BOENE: Jesu le ka motlha ga a ise a ko a ikgantshe ka gore ke Morwa Modimo ka tsela ya gore a tle agape bangwe maikutlo kana a dirise tlotlomalo e kamano eno e neng e ka e mo fa. Phapaanong le seo, mo mabakeng a le mantsi o ne a ikokobetsa a ipitsa are: “Morwa Motho.” (Mathaio 12:40; Luke 9:58) Mme mo dipakeng di le dintsinyana o ne a dumela gore o ne a le Morwa Modimo.—Yohane 5:24, 25; 10:36; 11:4.
JEHOFA MODIMO: Ke mang yo o neng a ka tlhaola Jesu Keresete ka go tlhomamisa seo go gaisa Jehofa Modimo ka sebele? Ke gabedi Jehofa a neng a supa a le kwa legodimong are: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.”—Mathaio 3:17; 17:5.
Modimo o ne a Kgatlhega mo go Jesu—A le Wena?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, diketekete tsa batho di ne tsa amogela Jesu kafa a neng a nt se ka gone: jaaka Mesia yo o solofeditsweng, Keresete, yo o rometsweng mo lefatsheng go tla go galaletsa borena jwa ga Jehofa le go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka thekololo ya batho. (Mathaio 20:28; Luke 2:25-32; Yohane 17:25, 26; 18:37) Ka ntlha ya kganetso e e botlhoko, batho ruri ba ne ba ka se kgothalele go nna balatedi ba ga Jesu ka ba ne ba sa tlhomamise gore ene ke mang. Ka tlhagafalo le ka bopelokgale, ba ne ba inaakanya le tiro eo a neng a e ba file, ebong go ‘dira merafe yotlhe barutwa.’—Mathaio 28:19.
Gompieno, didikadike tsa barutwa ba Bakeresete ba itse gore Jesu ga se tlhamane fela. Ba mo tsaya jaaka Kgosi ya selegodimo e e ntseng mo setilong sa bogosi sa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo, yoo jaanong a ntseng a tsweletse ka go gapa lefatshe le go laola ditsamaiso tsa lone. Puso eno e e tlang ya bomodimo ke mafoko a mantle thata ka go bo e solofetsa gore batho ba tla gololwa mo mathateng a lefatshe. Bakeresete bano ba boammaaruri ba supa tshegetso ya bone ya pelo yotlhe go Mmusi yono yo o tlhophilweng ke Modimo ka go bolelela ba bangwe “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.”—Mathaio 24:14.
Batho ba ba tshegetsang thulaganyo ya Bogosi ka “Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ,” ba tla ipelela go bona masego a a sa khutleng. Le wena o ka bona masego ano!
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
Didikadike tse pele di neng di sa tlhomamisege gore Jesu ke mang jaanong di kopane mmogo ma go ma tshegetseng jaaka Mmusi wa Bogosi jwa Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Petere o ne a tlhaola Jesu jaaka “Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.” Mme go ntse fela jalo le ka Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 000 000 gompieno