LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/1 ts. 3-6
  • Kafa o Ka Atlegang ka Gone Jaaka Motsadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o Ka Atlegang ka Gone Jaaka Motsadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motsadi yo o Atlegileng Ke wa Mofuta Ofe?
  • Ke ka Ntlhayang fa go le Bokete?
  • Polane e e Nang le Mosola ya Batsadi
  • Dirisanya le Mongwe le Mongwe wa Bone Jaaka Motho wa Mofuta wa Gagwe
  • Thapisa ‘Go Tswa Bonyaneng’
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
  • Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/1 ts. 3-6

Kafa o Ka Atlegang ka Gone Jaaka Motsadi

“MMA ke go bolelele gore go tlhokega eng gore o atlege jaaka motsadi,” go bolela jalo Raymond, rre wa bana ba batlhano. “Go fufulelwa!”

Mosadi wa ga Raymond o dumela ka pelo yotlhe ya gagwe. Mme o oketsa jaana: “Ga go motlhofo go godisa bana gompieno, mme fa o ba bona ba nna bagolo ba ba itshwarang sentle, ga o kgaratlhele lefela.”

Go godisa bana ga go ise go ke go tlhoke matshwenyego ape. Lefa go le jalo, gompieno, go batsadi ba bantsi go lebega ekete go godisa bana go nnile boima tota. “Ke akanya gore go nna motsadi mo metlheng eno go bokete go gaisa mo metlheng ya batsadi ba me ka gonne botshelo bo raraane le go feta,” go bolela jalo Elaine, yo o dingwaga di 40 e bile e le mmè wa mosimane yo o mo dingwageng tsa bosome. “Ga o ke o itse gore o gagamatse leng kana o repise leng.”

Motsadi yo o Atlegileng Ke wa Mofuta Ofe?

Motsadi yo o atlegileng ke yo o godisang ngwana wa gagwe gore a kgone ka ditsela tsotlhe go nna mogolo yo o itshwarang sentle, yo ka tlhagafalo a tla tswelelang a obamela Modimo le go bontsha lorato mo bathong-ka-ene. (Mathaio 22:37-39) Lefa go le jalo, se se hutsafatsang ke gore, ga se bana botlhe ba ba itlhophelang go fetoga bagolo ba ba itshwarang sentle. Ke ka ntlhayang fa go sa nna jalo? A ka metlha ke phoso ya batsadi fa seno se diragala?

A o ko o akanye ka setshwantsho seno. Moagi a ka nna a bo a tshotse polane e e siameng tota le didirisiwa tsa go aga. Mme ke eng seo se neng se ka diragala fa moagi a ne a ka gana go latela polane, gongwe le eleng go letlelela gore go tsewe ditsela tsa go tlhabaganyetsa tsa boeleele kana a letla gore go dirisiwe didirisiwa tsa kago tseo di seng thata mo boemong jwa tse di thata? A kago e e feditsweng eo e ne e ka se nne e e sa agegang sentle, le e leng go nna kotsi go ka dirisiwa? Lefa go le jalo, a re re gongwe, moagi o ne a le kelotlhoko e bile a dirile bojotlhe jwa gagwe go latela polane le go dirisa didirisiwa tse di thata tota. A mong wa kago e e fedileng jaanong o ne a ka seke a nne le boikarabelo jwa go tlhokomela gore e nne ka mokgwa o o tshwanetseng? A o ne gape a ka se nne le boikarabelo jwa gore a seka a rutlolola didirisiwa tse di thata mme mo boemong jwa tsone a dirise tse di seng thata?

Ka tsela ya tshwantshetso, batsadi ba tshwaregile mo tirong ya go aga. Ba batla go aga botho jo bo siameng mo baneng ba bone. Bibela e baakanyetsa ka polane e e molemo thata mabapi le seno. Mo Dikwalong, didirisiwa tse di thata jaaka “gouda, le selefera, le mayè a a tlhokègañ,” di tshwantshiwa le dinonofo, tse di jaaka tumelo e e tiileng, botlhale jwa bomodimo, tlhaloganyo ya semoya, boikanyegi, le kanaanelo e e lorato go Modimo mothatayotlhe le melao ya gagwe.—1 Bakorintha 3:10-13; bapisa Pesalema 19:7-11; Diane 2:1-6; 1 Petere 1:6, 7.

Ngwana le ene, fa a ntse a gola, o tsaya maikarabelo a a oketsegileng go aga mo go ene botho jo bo thokgameng jwa boammaaruri. Le ene o tshwanetse a bo a iketleeleditse go latela polane e e tshwanang, Lefoko la Modimo, le go dirisa didirisiwa tse di tshwanang tse di thata jaaka batsadi ba gagwe ba dirile. Fa e ka re fa ngwana a nna mogolo a gana go dira seno kana a rutlolola tiro e e molemo eo ya go aga, ka jalo o tshwanetse go rwala molato wa kotsi e e ka tlhagang.—Duteronome 32:5.

Ke ka Ntlhayang fa go le Bokete?

Go ka twe go na le mabaka a le mabedi a a dirang gore go nna motsadi gompieno go nne bokete. Santlha, batsadi mmogo le bana ga baa itekanela e bile ba dira diphoso. Gantsi, seno se kopanyeletsa seo Bibela e se bitsang go leofa, mme tshekamelo ya go leofa ke e e ruilweng.—Baroma 5:12.

Lebaka la bobedi ke leno: Bana ba ba golang ba tlhotlhelediwa e seng ke batsadi ba bone fela. Batho ba lefelo leo bana ba leng mo go lone ba na le seabe mo dilong tsa botlhokwa mo ngwaneng le pono ya gagwe ka botshelo. Ponong ya seno, boperofeti jwa ga Paulo kaga motlha wa rona ke jo bo amang batsadi. O ne a re: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ [tlotleng, The New English Bible] batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—2 Timotheo 3:1-5.

Ka mokgwa oo batho ba gompieno ba senyegileng maitsholo ka gone, a go a gakgamatsa go bo batsadi bangwe ka pelo e e botlhoko ba rwala mabogo mo tlhogong ba batla ba itlhoboga mo go godiseng bana? Gakologelwa ngwaga wa 1914. Ngwaga o o tletseng matshwenyego oo o itemogetse phetogo e kgolo mo sethong, mme dilo ga di a fetogela go nna botoka. Go tloga foo dintwa tse pedi tsa lefatshe ga dia tlosa kagiso fela mo lefatsheng. Setho gompieno se tlhaela melao ya boitsholo eo e tshwanetseng go dirisiwa go baakanyetsa bana go nna bagolo ba ba itshwarang sentle. Lebaka ke gore, batsadi ba ba pelo di siameng ba dikaganyeditswe ke batho ba ba leng kgatlhanong le ditekanyetso tseo ba batlang go di ruta bana ba bone.

Ka gone, batsadi ba na le bathusi ba sekae fela. Mo nakong e e fetileng, ba ne ba ikaegile ka dikolo go ba thusa go ruta bana ba bone ditekanyetso tsa motheo tse di tshwanang le tseo bone jaaka batsadi ba neng ba di tlotla thata mo magaeng a bone. Lefa go le jalo, ga go tlhole go ntse jalo.

“Dikgatelelo mo basheng gompieno ke tse di farologaneng,” go bolela jalo Shirley, yo o feditseng sekolo se segolwane ka 1960. “Diokobatsi kana go tlhakanela dikobo fa ke ne ke le kwa sekolong se segolwane di ne di seyo. Go goga motsoko go le gonnye fela o ikutswa go ne go lejwa go le maswe mo dingwageng tse 30 tse di fetileng. Fa morwadiake yo motona a ne a tsena sekolo se segolwane go tloga ka 1977 go ya go 1981, go dirisiwa ga diokobatsi e ne e le bothata jo bogolo. Jaanong diokobatsi di fitlheletse le mo dikolong tse dipotlana. Morwadiake yo mmotlana, yo o dingwaga di 13, o ne a tshwanelwa ke go lebagana le kgatelelo eo ya diokobatsi tsatsi lengwe le lengwe kwa sekolong mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.”

Gape, mo nakong e e fetileng, batsadi ba ne ba ikanya borremogolo le bommemogolo, balosika, le baagelani go ba thusa go tlhokomela boitshwaro jwa ga “Joni.” Mme gape-gape, seo se fetogile. Go utlwisa botlhoko go bega gore mo malapeng a le mantsinyana, le sone setlhopha sa batho ba le babedi ga seyo; morwalo otlhe wa go godisa ngwana o wela mo magetleng a motsadi a le mongwe.

Polane e e Nang le Mosola ya Batsadi

Lefa go godisa bana go le boima gompieno, batsadi ka bobone ba ka atlega fa ba dirisa thuso e mo nakong e telele e supegileng e le mosola—Bibela. Lefoko la Modimo le ka nna polane ya gago, kana thulaganyo ya mokgwa wa go godisa bana jaaka motsadi. Fela jaaka moagi yo o botlhale a dirisa polane ka tsela e e siameng go kaela go agiwa ga kago gore e fediwe ka katlego, o ka dirisa Bibela jaaka kaelo ya go godisa bana ba gago go nna bagodi bao ba itshwarang sentle. Ke boammaaruri gore Bibela e ne e sa direlwa fela go nna jaaka sekaelo mo go godiseng bana ka katlego, mme e na le ditao tse di tlhamaletseng go batsadi le bana. Yone gape ke letlotlo la melao eo e leng gore fa e dirisiwa, e ka go solegela molemo jaaka motsadi.—Duteronome 6:4-9.

Ka sekai, akanya ka Diane. Fa morwa wa gagwe yo o dingwaga di 14, Eric, a sa le mmotlana, e ne e le “ngwana yo o boteng, yo o thata go bua nae,” a bolela jalo. E ne ya nna gone ka nako eo a ileng a lemoga botlhale jo bo tshotsweng ke seane seno sa Bibela: “Kgakololō [boikaelelo jwa motho kana boitlhomo] mo peduñ ea monna e nntse yaka metse a a boteñ; me motho eo o tlhaloganyō o tla a e ge hèla.” (Diane 20:5) Mabapi le bana ba bangwe, maikutlo a bone le megopolo ya bone—maitlhomo a bone tota—a letse mo dipelong tsa bone jaaka metsi kwa tlase ga sediba se se boteng. Eric o ne a ntse jalo. Ke namane e tona ya tiro tota gore motsadi a fatolole maikaelelo ao. “Fa a ne a tla gae go tswa sekolong, o ne a se ke a tla a re tsholetse dikgang dipe,” Diane o gakologelwa jalo. “Ka jalo ke ne ka ipha nako go batlisisa gore o ne a rakana le mathata afe kwa sekolong. Ka dinako dingwe ke ne ke bua dioura le Eric pele ga a ka tlhagisa seo tota a neng a se akanya mo botennyeng jwa pelo ya gagwe.”

Lebaka la go bo Bibela e le ya botlhokwa jo bogolo jaaka kaelo ebile e le motlhofo: Jehofa Modimo ke Mokwadi wa yone. O bile gape ke Mmopi wa rona. (Tshenolō 4:11) O itse go bopega ga rona mme o iketleeleditse go ‘re ruta gore re iponele molemo le go dira gore re tsamaye mo tseleng eo re tshwanetseng go tsamaya ka yone.’ Seno se boammaaruri go sa kgathalesege gore motho ke motsadi kana ngwana. (Isaia 48:17; Pesalema 103:14) Lefa batho ba bangwe ba tshwanetse go dira mo go oketsegileng go gaisa ba bangwe mo go nneng batsadi ba ba botoka, botlhe ba ka nna batsadi ba ba botoka ka go latela dikaelo tse di kwadilweng mo Dikwalong.

Dirisanya le Mongwe le Mongwe wa Bone Jaaka Motho wa Mofuta wa Gagwe

O ka seka wa nna le bana ba ba molemo ka go latela melao e mengwe e e rulagantsweng ke motho fela jaaka bagolo botlhe ba ka se dirwe batsadi ba ba “itekanetseng.” Ngwana mongwe le mongwe o na le botho jwa gagwe, mme go tshwanetse ga dirisanngwa le ngwana mongwe le mongwe jaaka motho wa mofuta wa gagwe. Bibela e dumalana le seno. Go thusa batsadi go tila go bapisa ngwana yo mongwe ka tsela e e sa siamang le yo mongwe, molao-motheo o o tlang ka tao eno ya Bibela o a tshwanela: “Me a motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè, me hoñ o tla bōna go ipelahatsa kaga gagwè ka esi, me e señ kaga oa ga gabō.”—Bagalatia 5:26; 6:4.

John, rre wa bana ba babedi, o fitlhela gore kgakololo e e fa godimo eno ya Dikwalo e mo thusa go boloka pono ya bana ba gagwe mongwe go yo mongwe, kana le eleng ya malapa a mangwe e lekalekane. “Ke kgothaletsa bana ba me gore ba seka ba leba seo malapa a mangwe a nang le sone kana a se dirang,” John o a tlhalosa. “Re na le ditekanyetso tsa rona tsa lelapa tseo di tshwanetseng go bolokwa.”

Thapisa ‘Go Tswa Bonyaneng’

Ke leng bodumedi e tshwanetseng go nna karolo ya go godisa bana ka katlego? “Ga go na gore o ka simolola pele ga nako,” go bolela jalo Gary, yoo morwa wa gagwe e leng gone a simololang go tsena sekolo sa bananyana. Gary o dumela gore bana ba tshwanetse go nna le ditsala tsa mmatota mo phuthegong ya bone ya Bokeresete le eleng pele ga ba simolola go tsena sekolo. Ke lengwe la mabaka ao ka one Gary le mosadi wa gagwe ba ntseng ba tlisa Evan mo dipokanong tsa Bokeresete go tloga mo e ka nnang mo letsatsing le o tshotsweng ka lone. Gary o dira seo Eunike, motsadi yo o akgolwang mo Bibeleng a se dirileng ka morwawe Timotheo. Timotheo o ithutile dithuto tsa ntlha tsa Dikwalo ‘go tswa bonyaneng.’—2 Timotheo 1:5; 3:15.

Mmaagwe Timotheo mme gongwe le eleng ene mmaagwemogolo, Loise, ba ne ba tlhomamisa gore e seka ya nna dikgopolo tsa bone tsa botho tseo di mo kgatlhang go tswa bonyaneng; go na le moo, ba ne ba itse gore e ne e le dithuto tsa ga Jehofa tseo di neng di tla mo tlhalefisetsa polokong. Lekwalo leo le kwaletsweng Timotheo ke moaposetoloi wa Mokeresete Paulo le bua jaana: “Me wèna u nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ, ka u itse ba u di ithutileñ mo go bōnè; Le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ ka tumèlō e e mo go Keresete Yesu.”—2 Timotheo 3:14, 15.

Ka jalo Loise le Eunike ba ne ba thusa Timotheo go akanya ka Lefoko le go baya tumelo ya gagwe mo go seo Lefoko la Modimo le le kwadilweng le neng le se bua. Ka tsela eno tumelo ya gagwe e ne e sa thewa mo batsading ba gagwe ba le bosi mme mo botlhaleng jwa bomodimo jwa Lefoko la ga Jehofa. Ga a ka a latela boammaaruri jwa Bokeresete fela ka gonne mmaagwe le mmaagwemogolo e ne e le baobamedi ba ga Jehofa, mme o ne a tlhomamisegile gore seo a neng a se rutilwe ke bone e ne e le boammaaruri.

Kwantle ga pelaelo, Timotheo o ne a tlhokometse gape gore mmaagwe le mmaagwemogolo e ne e le batho ba mofuta ofe—batho ba semoya eleruri. Ba ne ba ka seka ba mo tsietsa kana ba sokamisa boammaaruri go fitlhelela maikaelelo a bone a bogagapa; le gone e ne e se baitimokanyi. Ka jalo, Timotheo o ne a sena pelaelo ka dilo tseo a di ithutileng. Mme ga go na pelaelo gore botshelo jwa gagwe jaaka Mokeresete yo o tlhaga bo ne bo itumedisa pelo ya ga mmaagwe yo o neng a ikanyega.

Ee, go godisa bana ka katlego ke tiro e e boima, mme ke jaaka mmè yo o tsopotsweng kwa tshimologong a rile: “Ga o kgaratlhele lefela.” Seno se boammaaruri segolo-bogolo fa batsadi ba ka bolelela bana ba bone seo moaposetoloi Johane a se kwaletseng bana ba gagwe ba semoya: “Ga ke na boitumèlō bopè yo bo hetañ yo, yoa go utlwa ha bana ba me ba nntse ba tsamaea mo boamarureñ.”—3 Yohane 4.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Thulaganyo ya Thuto ya Batsadi kwa Iseraeleng wa Bogologolo

Kwa Iseraeleng wa bogologolo, batsadi ba ne ba na le boikarabelo jwa go ruta le go thapisa bananyana ba bone. Ba ne ba fetoga balai le bakaedi ba bana ba bone. Bagodisi ba bana gompieno ba ka solegelwa molemo ke go latela thulaganyo e e tshwanang. Thulaganyo ya thuto kwa Iseraeleng e ka sobokanngwa jaana:

1. Go boifa Jehofa go ne go rutiwa.—Pesalema 34:11.

2. Go tlotla rre le mmè go ne go kgothalediwa.—Ekesodo 20:12.

3. Thuto ya Molao, mmogo le ditiro tsa ga Jehofa di ne di tlhagolelwa.—Duteronome 6:7-21.

4. Go tlotla bagolo go ne go gatelelwa.—Lefitiko 19:32.

5. Go bontsha kutlo go ne go otlelelwa.—Diane 23:22-25.

6. Thapiso e e dirang ya go tshela e ne e rutwa.—Mareko 6:3.

7. Go ne go rutwa go bala le go kwala.—Yohane 7:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Lefoko la Modimo ke polane, kana thulaganyo ya tiro ya go godisa bana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela