Go Senolwa ga La-Bodumedi Jaaka Moetleetsi wa Kobamelo ya Maaka
“O ko ōna morahe o o sa reetsañ lencwe ya ga Yehofa Modimo oa bōnè, leha e le go amogèla thutō.”—YEREMIA 7:28.
1, 2. Jeremia o ne a arabela jang go kabelo ya gagwe e a neng a e neilwe ke Modimo?
“MOGOTE wa tumelo ya boammaaruri o ne o fisa mo go ene; go ne go na le maatla a a neng a mo kgoromeletsa go bua boammaaruri, go kgalemela mme gammogo le go boloka.” Bakanoki ba babedi ba Bahebera ba tlhalosa boemo jwa ga Jeremia ka mafoko a mabedi ao. Lemororo kabelo ya gagwe e a neng a e abetswe ke Modimo e ne e boitshega, o ne a itse gore o ne a tshwanetse go diragatsa boikarabelo jwa gagwe go morafe wa Juda. Fela jaaka le ene ka boene a ne a tlhalosa ka go re: “Ka gonne lehoko ya ga Yehofa le dihilwe mo go nna kgōbō le setshègō, motshegare otlhe. Me [ke ne ka] re, Ga nketla ke mo umaka, leha e le go tlhōla ke bua mo ineñ ya gagwè.” Ee, kgatelelo le pogiso di ne di batlile di mo imela. A mme o ne a lesa?—Yeremia 20:8, 9a.
2 Jeremia o ne a tswelela: “Hoñ go bo go nne mo peduñ ea me ekete molelō o o shañ o cwalecwe mo marapoñ a me, me ke bile ke lapile ka go iphapaanya, ke be ke retelèlwe ke go ichōka.” (Yeremia 20:9b) Jeremia ga a ka a tila thomo ya gagwe ya go itsise dikatlholo tsa Modimo go Juda.—Yeremia 6:10, 11.
Jeremia wa Segompieno
3. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba bontsha boikutlo bofe malebana le kabelo ya bone?
3 Jaaka Jeremia, Keresete Jesu le barutwa ba ntlha ba Bakeresete ba ne ba bolelela Bajuda le baditšhaba molaetsa o o sa rategeng wa Bogosi jwa Modimo kwantle ga poifo. Lemororo pelenyane ba ne ba tshwaretswe go rera, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba araba balatofatsi ba bone ba bodumedi ka bopelokgale ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Ka baka la bopelokgale jwa bone, balaodi ba bodumedi ba ne ba laola gore ba itewe. Baaposetoloi ba ne ba itshwara jang? “Ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèl[a] go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.”—Ditihō 5:29, 40-42; Mathaio 23:13-33.
4. Ke bomang ba ba latetseng sekao sa ga Jeremia mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, mme ba dirile seno jang?
4 Ka gone Bakeresete ba ntlha ba ba tloditsweng ba ne ba dira fela jaaka Jeremia. Lemororo ba ne ba lebane le dikgoreletsi tse dikgolo le baba ba ba tlhogoethata ba bodumedi, ba ne ba itsise dikatlholo tsa Modimo. Jaanong, ke bomang mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga ba ba latetseng sekao sone seo? Ke bomang ba ba itsisitseng phatlalatsa le ka ntlo le ntlo dikatlholo tsa Modimo go tsamaiso eno ya dilo mme segolo-bogolo go setshwani sa Jerusalema, ebong La-Bodumedi? Bosupi jwa ditiragalo bo nnile jwa oketsegela pele mo dingwageng tse di fetang 68 go bontsha gore setlhopha sa segompieno sa Jeremia e nnile setlhopha se se botlana mme se se pelokgale sa basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa. Bano ba ne ba okediwa ba ba ba thusiwa fa esale ka 1935 ke “boidiidi yo bogolo” jo bo oketsegang jwa balekane ba bone ba ba dimilione ba ba iketleeleditseng, bao le bone ba itsiweng jaaka Basupi ba ga Jehofa. Ka lentswe le le lengwe fela, ba diragaditse boemo jwa bone jwa go tshwana le Jeremia ka go bolela gore bodumedi jwa maaka ke seru le motsietsi.—Tshenolō 7:9, 10; 14:1-5.
La-Bodumedi—Ke ka Ntlhayang fa e le Setshwani sa Segompieno sa Jerusalema?
5. La-Bodumedi o tshwana ka ditsela dife le Jerusalema wa bogologolo?
5 ‘Mme,’ mongwe o ka botsa a re, ‘Jerusalema wa bogologolo le La-Bodumedi di tshwana ka eng?’ Ka maikutlo a a tshwanang le maemo a a leng teng gompieno mo go La-Bodumedi o o boikgantsho. Ba tshepile ‘metse e e boitshepo’ ya bone le mafelo a kobamelo, a a tshwanang le Roma, Jerusalema, Canterbury, Fatima, Guadalupe, le Zaragoza, fa re umaka a sekae fela. Ba rata go tlotlomatsa dikereke tsa bone tse dikgolo, tsa maemo a a kwa godimo, ditempele, le dikereke, ba ikgantsha ka bogologolo jwa tsone le botswerere jo di agilweng ka jone, jaaka ekete tseno di ba fa boemo jo bo kgethegileng fa pele ga Modimo. Ba bile ba re dikago tsa bone tse dikgolo di agetswe go ‘galaletsa Modimo.’ Lefa go le jalo, ke di le kae tsa dikago tseno tse tota di sikereng leina la ga Jehofa Modimo? Phapaanong le seno, gangwe le gape motho o gakologelwa fela baitseanape ba kago bao ba di tlhamileng, bakgabisi le baseti bao ba di kgabisitseng, batshegetsi ba ba humileng bao ba di dueletseng, kana “baitshepi” bao ba di agetsweng. Go ikanya ga La-Bodumedi dikago tsa bogologolo le ngwao go phoso fela jaaka go ne go ntse ka go ikanya ga ga Juda tempele ya gagwe e e boitshepo.—Yeremia 7:4.
6. Go kgala ga ga Jesu baruti ba Bajuda go dira jang mo baruting ba La-Bodumedi?
6 Malebana le go kgala ga ga Jeremia boperesiti ba Bajuda le baperofeti, go ka tweng ka baeteledipele ba ditumelo tsa La-Bodumedi gompieno? Jesu o ne a fa tlhaloso kaga baruti ba Bajuda eo e tshwanelang baruti ba La-Bodumedi le eleng gompieno, a bua kwantle ga go potologa fela jaaka Jeremia: “Ba tla ba bue, me ba se ke ba dihe. . . . ditihō cotlhe tsa bōnè ba di diha gore di bōnwè ke batho . . . Ba rate bonnō yo bo kwa pele mo medihoñ, le ditulō tse di kwa pele mo matluñ a thutō.” (Mathaio 23:3-7) Abo e le gantsi jang ne re bonang baruti ba maemo a a kwa godimo le bareri ba segofatsa dipokano tsa sepolotiki le tsa bomorafe le diphuthego ka go nna gone ga bone mo go tsone—mme ba tlotlomadiwa ke boradikgang gammogo le mapolotiki!
7. (a) Bareri bangwe ba faposa bontsi jwa batho jang? (b) Ke kgwetlho efe e baruti ba e tidileng?
7 Jaanong, mo motlheng ono o go dirisiwang thelebishene thata mo go one, go na le bareri ba ba rerang mo dithelebisheneng bao ba dirisang kgaso eo ka bogagapa ka ditsela tsa mofuta mongwe le mongwe tsa boitshupo le maano a a haphang tlhaloganyo go tsietsa bontsi-ntsi jwa batho le go jela letsomane la bone madi. Abo kgalo ya ga Jeremia e tshwanela jang ne le e leng gompieno, morago ga dingwaga di ka nna 2 600! “Gonne go simolola ka eo mmōtlana le go ea kwa go eo mogolo mo go bōnè, moñwe le moñwe o inetse mo bopelotshetlheñ; me go simolola ka moperofeti le go ea moperisitiñ, moñwe le moñwe o diha ka go herekana hèla.” Ka nako e e tshwanang, ga go ope wa bone yo o batlang go amogela kgwetlho ya bodihedi jwa Bokeresete jwa boammaaruri, go lebana le batho, ka ntlo le ntlo. Ke Basupi ba ga Jehofa fela—setlhopha sa Jeremia sa batlodiwa le “boidiidi yo bogolo”—bao ba amogetseng boikarabelo joo.—Yeremia 6:13; Ditihō 20:20, 21.
A La-Bodumedi o Bolokilwe?
8. Ke ka ntlhayang fa La-Bodumedi a dumela gore ga a kake a atlholwa ka Hara–Magedona?
8 Bone bareri bano ba thelebishene ba tshwakgafatsa batho ka go ba dira gore ba ikutlwe ba babalesegile ka tsela e e phoso ka go dirisa mafoko le dithuto tsa bo “go tsalwa sesha” le “fa o bolokilwe, o boloketswe ruri” ka tsela e e senang tlhaloganyo. Didikadike tsa batho go tswa mo e ka nnang mo tumelong nngwe le nngwe le lekoko la La-Bodumedi ba dirilwe gore ba dumele gore ba “tsetswe sesha” le gore ba “bolokilwe.” Mapolotiki a a senang ditlhong ka boitumelo le bone ba iphaka jalo. Ee, baruti ba bone ba ba rategang ba ba bolelela gore ba agisantse le Modimo ka gonne ba “bolokilwe”—mme ba bua jalo go sa kgathalesege go kgaogana ga bone ka bodumedi, bopolotiki, le bomorafe! Mme batho ba rata jalo, le eleng fela jaaka ba ne ba dira mo motlheng wa ga Jeremia! (Yeremia 5:31; 14:14) Ba akanya gore ga ba kake ba atlholwa ka katlholo ya Modimo ya Hara–Magedona.—Yeremia 6:14; 23:17; 1 Bakorintha 1:10; Tshenolō 16:14, 16.
9. (a) Tota go “tsalwa sesha” go dira go bomang? (b) Bibela ya reng ka ga moya? (Mo dipotsong tsoopedi, neela tshegetso e nngwe go tswa go Go Fetolana ka Dikwalo.)
9 Lefa go ntse jalo, fa re ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko le dithuto tsa ga Keresete re bona gore ke palo e e lekanyeditsweng fela ya bao ba arolang mo tshiamelong ya go tsalwa sesha, ba tsalwa ‘ka metsi le ka moya,’ e le gore ka gone ba arole mo pusong ya selegodimo le Keresete. (Yohane 3:3-5; Baroma 8:16, 17; Tshenolō 14:1-3) “Boidiidi yo bogolo” jwa Bakeresete ba boammaaruri gompieno ga ba tlhoke go tsalwa sesha, ereka tsholofelo ya bone e le botshelo jo bosakhutleng jwa selefatshe, eseng jwa selegodimo. (2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4) Go feta moo, thuto ya La-Bodumedi e thailwe mo kgopolong e e phoso—ya gore motho o na le moya o o sa sweng o o tlhokang go bolokwa. Ga go na gope mo Bibeleng fa thuto eno ya motheo e tshegediwang teng, e tota ebileng e tserwe mo thutong ya bogologolo ya Segerika.a
Ga ba Kgatlhegele Lefoko la Gagwe lefa e le Leina
10. Bontsi jwa baruti ba leba Bibela jang?
10 Go na le dintlha tse dingwe tse di tshwanang gareng ga Jerusalema wa bogologolo le La-Bodumedi wa segompieno. Jeremia o ne a tlhalosa ka go re: “Bōnañ, lehoko ya ga Yehofa mo go bōnè le hetogile kgōbō; ga ba na kgatlhègō epè mo go yeōna.” (Yeremia 6:10) Baruti ba rata go tsopola boramatlhale le baitseanape, go na le Lefoko la ga Jehofa. Ba bangwe ba tlhabisiwa ditlhong ke Bibela; ba bile ba e sotla ka ‘tshotlo ya bone e kgolo.’ Ba bolela fa e le ditlhamane le dikinane tseo di kwadilweng jaaka dibuka tse di molemo. (Yeremia 7:28) Mme fa e le ka leina la Mokwadi wa yone, baa le nyatsa. Re na le bosupi bofe jwa mafoko ano?
11. Go na le phapaano efe magareng ga La-Bodumedi le Jeremia mo go diriseng ga bone leina la Modimo?
11 Lemororo ditlhaka tse nne (יהוה) tsa Sehebera di tlhaga makgetlo a le 7 000 mo Dikwalong tsa Sehebera, leina “Jehofa,” kana “Yahweh,” mo Dibibeleng di le dintsi tsa Setswana le emiseditswe ka leina le le sa tlhaoleng ebong “MORENA.” Ka sekai, le ntshitswe gotlhelele mo diphetolelong tsa segompieno tsa Bibela tsa puo ya Seburu. Thanolelo ya Sepanishe ya Franquesa-Solé e ne e dirisitse leina leo mo kgatisong ya yone ya ntlha. Fa phetolelo e e tlhabolotsweng e ne e gatisiwa, leina leo la Modimo le ne le sa tlhole le le teng, le emiseditswe ka Señor (Morena) Le eleng fa dithanolo tsa La-Bodumedi di dirisa leina la Modimo, baruti ba le dirisa ka sewelo. Lefa go le jalo, Jeremia o ne a dirisa leina la Modimo le le tlhomologileng makgetlo a le 726 mo molaetseng wa gagwe wa boperofeti!b
“Mohumagadi Kgosi ea Legodimo” le Kobamelo ya Medimo ya Disetwa
12-14. (a) Malapa a Bajuda a ne a tseneletse mo tirong efe ka botlhaga? (b) Jehofa o ne a leba jang kobamelo ya bone?
12 Re bona go tshwana mo gongwe fa re tlhatlhobisa molaetsa wa ga Jeremia go Jerusalema. Fa Jehofa a ne a bolelela moperofeti wa gagwe gore a seka a rapelela batho bao, o ne a tlhalosa lebaka la seo. “A ga u bone se ba se dihañ mo metsiñ ea Yuda, le mo mebileñ ea Yerusalema? Bana ba tla ba rwalèle, me borrabō ba gotse molelō, me basadi ba dube boupe.” Mme lelapa lotlhe le ne le dira tiro efe ka botlhaga? “Go tla ba dihèla mohumagadi kgosi ea legodimo dinkgwènyana”!—Yeremia 7:16-18; 44:15, 19.
13 Moanedi mongwe wa Mojuda o ne a tlhalosa jaana: “Kobamelo ya mohumagadi wa legodimo e ne e dirwa ka botlhaga go sa iphitlhiwe.” Ka mo go sa dumelesegeng, morafe wa Juda o ne o obamela medimo ya disetwa, ka go obamela modimogadi wa boheitane, gongwe modimogadi wa Babelona wa tsalo ebong Ishtar, modimo wa boraro wa tharo-nngwe ya Babelona ya dinaledi. Kana “mohumagadi” yono o ka tswa a ne a raya modimogadi wa Kanana, Ashetoreta.—1 Dikgosi 11:5, 33.
14 Mo godimo ga kobamelo eno ya medimogadi, ba ne ba tseneletse mo kobamelong e nngwe ya medimo ya disetwa. Jehofa o ne a ba nyaletsa seno, a re: “Ana ba nkgakaleditseñ ka dichwanchō tsa bōnè tse di setilweñ, le ka maithamakō a seeñ?” Tatofatso e ne ya tswelela: “Me ba sepetse kaha logwadiñ loa pelo tsa bōnè, ba ile le bo Baale, mo ba go rutilweñ ke borrabō.” (Yeremia 8:19; 9:13, 14) A La-Bodumedi e wetse mo lemeneng le le tshwanang?
15. (a) Ke seemo sefe se re se bonang mo go La-Bodumedi gompieno mabapi le kobamelo ya medimo ya disetwa? Tsopola dikao tsa lefelo la lona. (b) Bakeresete ba boammaaruri ba tsaya boemo bofe malebana le Maria? (Bona le Go Fetolana ka Dikwalo, ditsebe 261-268.)
15 A o ko tota o etele kereke nngwe fela kana kereke e kgolo—ya Porosetanta, ya Katoliki, kana ya Orthodox mme o tla fitlhela bobotlana ditshwantsho tsa sefapaano. Mme mo dikerekeng tsa Katoliki le Orthodox go na le ditshwantsho tsa “Maria yo o Boitshepo yo o neng a nnela kgarebana ruri, Mma-Modimo wa Boammaaruri” a beilwe ka ditsela tse di farologaneng tse dintsi-ntsi le maemo.c O bidiwa ka direto tsotlhe tsa maemo a a kwa godimo go akaretsa le “Mohumagadi wa legodimo” le “mohumagadi wa lobopo lotlhe”!d Mo letlhakoreng je lengwe, ba setlhopha sa Jeremia, lefa ba tlotla Maria jaaka mmaagwe Jesu le modumedi yo o tloditsweng, ba nnile ba latela kgakololo ya baaposetoloi ka kelotlhoko e e reng: “Ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.”—1 Yohane 5:21; Yeremia 10:14.
Tharo-Nngwe e Tseela Molaodi-Mogolo yo Mongwe Fela Jehofa Sebaka
16. Ke thuto efe e e neng ya dira gore Maria a tlotlwe, mme jang?
16 ‘Mme,’ gongwe o ka botsa wa re, ‘go obamelwa le go tlotlwa ga ga Maria go simologile jang?’ E ne ya nna fa ba kereke ya batenegi ba ntlha ba ne ba tsaya kgato e nngwe ya go gapa baobamedi ba baheitane. Kgopolo ya medimo e le meraro go o le mongwe fela e ne e dumelwa thata ke baheitane. Baroma ba bogologolo ba ne ba na le ditempele tse di neng di na le ditlhopha tsa matlwana a mararo “a a neng a agetswe medimo e meraro e e neng e na le ditumelo tse di tshwanang le kobamelo. Go ne go ntse jalo ka ya Tempele ya Jupiter Optimus Maximus, e e neng e itshepiseditswe go dirisiwa ke tharo-nngwe Jupiter-Juno-Minerva.”e
17, 18. (a) Ke eng se se neng sa nyelediwa, ka gone se dire gore thuto ya Tharo-Nngwe e ate? (b) Neela ditlhaloso tse di oketsegileng go tswa go Go Fetolana ka Dikwalo.
17 E le gore e tle e etleetse thuto ya motheo e e neng e simologa ya “Tharo-Nngwe e e Boitshepo” mo lekgolong la boraro le la bone la dingwaga, go ne ga tlhokega gore Kereke ya Katoliki e nyeletse kgopolo ya Sehebera e e tlhalositsweng sentle mo mafokong a ga Jeremia: “Ga go na opè eo o chwanañ nau, Yehofa; u mogolo, me leina ya gago le legolo mo nonohoñ. Me Yehofa ke èna Modimo oa boamarure; ke èna Modimo o o tshedileñ, le Kgosi e e sa khutleñ.” Jesu o ne a tlhoma kutlwisiso eo fa a ne a tsopola mo mafokong a ga Moshe a re: “Utlwa wèna Iseraela; Yehofa Modimo oa rona, Yehofa o moñwe hèla.”—Yeremia 10:6, 10; Mareko 12:29; Duteronome 6:4.
18 Ka baka la tumelo-botlhodi ya Bajuda ya go sa bitse “Yahweh,” kana “Jehofa,” La-Bodumedi wa botenegi o ne a lesa go dirisa leina la Modimo. Seno se ne sa tlogela phatlha mo thuta-bomodimong eo e neng ya thibiwa ke ‘Tharo-Nngwe e e Boitshepo.’f
19. (a) Ke eng se e nnileng diphelelo dingwe tsa go amogela ga La-Bodumedi Tharo-Nngwe? (b) Ke boferefere bofe jo bo neng jwa dirisiwa e le gore go tshegediwe kgang ya Tharo-Nngwe?
19 Ka gone, La-Bodumedi o ikgethetse go ‘latela modimo o sele,’ modimo wa tharo-Nngwe, o o neng o sa itsiwe gotlhelele ke Bajuda le ke Keresete le Bakeresete ba boammaaruri. Mme go tshegetsa masaitseweng ano a boraro mo bongwefeleng baranodi ba La-Bodumedi ba bile ba dirisa boferefere mo phetolelong ya bone ya King James Version.g Go feta moo, jaaka phelelo e e utlwalang ya thuto ya Tharo-Nngwe, karolo e kgolo ya La-Bodumedi le bone ba simolotse go obamela kana go tlotla “Mohumagadi wa Legodimo” wa bone.—Yeremia 7:17, 18.
Baruti ba Etleetsa Pogiso
20, 21. Baruti ba La-Bodumedi ba tsere tsela efe, mme jaanong ke dipotso dife tse di tshwanelang?
20 Ponong ya se se fa godimo, potso ya ga Jeremia e tshwanela baruti ba La-Bodumedi: “Lo bua yañ, lo re, Re botlhale, le molaō oa ga Yehofa re na naō? Me, bōnañ, sekwala se se tsietsañ sa bakwadi se dihile ka tsieco. . . . Bōnañ, ba ganne lehoko ya ga Yehofa; me botlhale go na le yo bo nntseñ yañ mo go bōnè?” (Yeremia 8:8, 9) Ba ganne Jehofa le baemedi ba gagwe, basupi ba gagwe. Fela jaaka baperesiti le baperofeti ba ne ba bogiswa Jeremia, jalo baruti ba La-Bodumedi ke bone ba ba tlhotlheleditseng go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa mo go setlhogo go kgabaganya lekgolo leno la dingwaga.
21 Mme ke ka ntlhayang fa ba etleeditse pogiso eno? Basupi ba dirile eng seo se dirileng gore ba ba galefele ba bo ba ba shakgalele? Setlhogo sa bofelo mo metseletseleng eno se tla tlhatlhobisa dipotso tseno le tse dingwe tse di tsamaisanang natso.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e tletseng ka dintlha tseno, bona ditsebe 423-427, 330-334, 299-300 tsa Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go bona tshedimosetso e nngwe ya go sa dirisiwe ga leina la Modimo, bona bukana e kgolwane ya ditsebe tse 32 Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c The Image of Guadalupe—Myth or Miracle?, e e kwadilweng ke Jody Brant Smith, tsebe 6.
d The Glories of Mary, e e kwadilweng ke Alphonsus de Liguori, tsebe 424.
e Las Grandes Religiones Ilustradas (Tshedimosetso ya Ditshwantsho e e Malebana le Ditumelo tse Dikgolo), tsebe 408.
f Go ithuta ka thuto ya Tharo-Nngwe, bona Go Fetolana ka Dikwalo, ditsebe 370-391.
g 1 Yohane 5:7 ke koketso e e sa tshwanelang, mme Mathaio 24:36, e e senang “leha e le Morwa,” e tlogetswe jalo ka boferefere. Bona mokwalo o o kwa tlase mo go The Emphatic Diaglott, tsebe 803 e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., le The Codex Sinaiticus and The Codex Alexandrinus, tsebe 27, e e gatisitsweng ke Trustees of the British Museum.
A O A Gakologelwa?
◻ Setlhopha sa segompieno sa Jeremia se ile sa tlhaolwa ka tsela efe?
◻ Ke dilo dife tse dingwe tse di tshwanang magareng ga Jerusalema wa bogologolo le La-Bodumedi?
◻ Baruti ba tshwakgafaditse batho ka go ba dira gore ba dumele gore ba agisantse le Modimo jang?
◻ La-Bodumedi le nnile la itsege ka go itlhokomolosa eng le kobamelo ya medimo ya disetwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Basupi ba ne ba kgala bodumedi jwa maaka ka 1938
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
La-Bodumedi le ikantse mafelo a lone a kobamelo a bogologolo fela jaaka Bajuda ba ne ba ikantse tempele
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bareri ba La-Bodumedi ba ba rerang mo dithelebisheneng ba tshwakgafatsa dimilione tsa batho ka go ba dira gore ba dumele gore ba “bolokilwe” kana ba “tsetswe sesha”