Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Ke Eng se se Itshekololang Motho?
KGANETSO kgatlhanong le Jesu e a nonofa. Eseng fela gore bontsi jwa barutwa ba gagwe ba a mo tlogela mme gape Bajuda mo Judea ba batla go mmolaya, fela jaaka ba ne ba dira ka Tlolaganyo ya 31 C.E.
Jaanong ke Tlolaganyo ya 32 C.E. Jaaka go lebega, tumalanong le dipatlafalotsa Modimo tsa go nna gone, Jesu o ya kwa Tlolaganyong kwa Jerusalema. Lefa go ntse jalo, o dira jalo ka kelotlhoko ka ntlha ya gore botshelo jwa gagwe bo mo kotsing. Moragonyana o boela kwa Galilea.
Gongwe Jesu o mo Kaperename fa Bafarasai le bakwadi ba ba tswang kwa Jerusalema ba tla kwa go ene. Ba senka magotlho ao ba ka mmonang molato ka one ka go tlola molao wa bodumedi. Ba botsa ka gore “Ke go reñ ha barutwa ba gago ba tlola mekgwa ea ba bogologolo? Ka gonne ha ba ya diyō ga ba ke ba tlhapa diatla.” Se ga se batliwe ke Modimo, mme gone Bafarasai ba se leba e le molato o o masisi go sa dire tiro eno ya ngwao, mo go akareletsang go tlhapa go fitlhelela kwa dikgonong.
Mo boemong jwa go araba tatofatso ya bone, Jesu o supa go tlola Molao wa Modimo ga bone ga boikepo ga ka boomo. “Ke go reñ ha le lona lo tlola molaō oa Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona?” O batla go itse. “Gonne Modimo o rile, Tlotla rrago le mmago: gapè, Eo o buañ boshula kaga rragwè, leha e le mmagwè, a a shwe rure. Me lona loa re, Leha e le mañ eo o tla raeañ rragwè leha e le mmagwè, a re, Se u ka boñ u thusiwa ke nna ka shōna, se abecwe Modimo; A a se tlotle rragwè leha e le mmagwè.”
Ruri, Bafarasai ba ruta gore madi, dithoto, kana sengwe fela se se neetsweng Modimo jaaka mpho ke sa tempele, mme se ka seke se dirisiwe mo tirong e sele. Lefa go le jalo, boammaaruri ke gore, mpho e e neetsweng eo e tsholwa ke motho yo o e neetseng. Ka tsela e e ntseng jalo morwa, fela ka gore madi a gagwe kana thoto ke “korebana”—mpho e e neetsweng Modimo kana tempele—go mo falodisa boikarabelo jwa gagwe jwa go thusa batsadi ba gagwe ba ba godileng, ba ba ka tswang ba tlhoka thata.
Ka go gakala ga tshiamo ka ntlha ya go sokamisa Molao ga boikepo ga Bafarasai, Jesu a re: “Lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona. Baitimokanyi ke lona, lsaia o boletse sentlè kaga lona, a re, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; me dipelo tsa bonè di kgakala le nna. Me ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithutō tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.”
Gongwe bontsi jwa batho ba ile ba boela kwa morago go sutela Bafarasai go botsa Jesu. Jaanong, fa Bafarasai ba palelwa ke go araba go ba bona molato mo go nonofileng ga ga Jesu, o biletsa boidiidi jwa batho gaufi le ene. “Utlwañ,” a rialo, “lo tlhaloganyè: Se se tsènañ ka molomo, ga se shōna se se itshekololañ motho; me se se cwañ ka molomo, ke shōna se se itshekololañ motho.”
Moragonyana, fa ba tsena mo ntlong nngwe, barutwa ba gagwe ba botsa ka go re: “A ua itse ha e rile Bafarisai ba utlwa lehoko ye, ba kgocwa?”
“Setlhatshana señwe le señwe se Rrè oa legodimo o sa se tlhōmañ, se tla khumolwa ka mecwe,” Jesu o araba jalo. “Ba leseñ; ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.”
Go bonala fa Jesu a ne a gakgametse fa mo boemong jwa barutwa, Petere a ne a kopa tlhaloso mabapi le se se itshekololang motho. “A le lona le gompiyeno lo sa nntse lo tlhōka tlhaloganyō?” Jesu o arabela jalo. “A ga lo lemoge, go re, cotlhe tse di tsènañ ka molomo di hetèla mo mpeñ, me di ee go latlhèlwa kwa ntlè? Me dilō tse di cwañ ka molomo di cwa mo peduñ; me cōna tseuō di itshekolola motho. Gonne mo peduñ go cwa megopolō e e boshula, le dipolaō, le dikgokahalō, le boaka, le bogodu, le pateleco, le dikgalō: Dilō tse ke cōna tse di itshekololañ motho: me go ya ka diatla tse di sa tlhapiwañ ga go ko go itshekolola motho.”
Fano Jesu ga a bue kgatlhanong le bophepa jo bo tshwanetseng. Ga a ganetse gore motho o tshwanetse go tlhapa mabogo a gagwe pele ga a baakanya dijo kana a a ja. Mo boemong jwa moo, Jesu o kgala boitimokanyi jwa baeteledipele ba bodumedi ba ba lekang ka boferefere go dikologa melao ya tshiamo ya Modimo ka go gatelela mo dingwaong tse eseng tsa dikwalo. Ee, ke ditiro tse di boikepo tse di itshekololang motho, mme Jesu o bontsha gore tseno di simologa mo pelong ya motho. Yohane 7:1; Duteronome 16:16; Mathaio 15:1-20; Mareko 7:1-23; Ekesodo 20:12; 21:17; Isaia 29:13.
◆ Jesu o lebagana le kganetso efe jaanong?
◆ Bafarasai ba bona molato ofe, mme go ya ka Jesu, Bafarasai ba tlola Molao wa Modimo ka boomo jang?
◆ Jesu o senola gore ke dilo dife tse di itshekololang motho?