LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 10/15 ts. 21
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motswako wa Matlhotlhapelo
  • A go Tshwanetse ga Nyalwa Mosadi a le Mongwe Kana Ba le Bantsi?
  • Go Rerela Tuelo
  • Ke Eng Se Se Phoso Ka go Nyala Lefufa?
    Tsogang!—1991
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A go Nyala Lefufa go Siame?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Modimo o Amogela go Nyala Lefufa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 10/15 ts. 21

Go Lemoga Dikgang

Motswako wa Matlhotlhapelo

“Fa Thelebeshine e ne e sa ntse e simologa, tirisa-dikgoka e ne e bontshiwa sewelo mo go yone ebile gantsi e sa bontshiwe fela jaaka e ntse jaaka go ntse gompieno,” go bolela jalo Dr. Paul Wilson wa Mokgatlho wa Australia wa go Ithuta ka Bokebekwa. Lefa go ntse jalo, fa a ne a tlhalosa seo a se tsayang jaaka motswako wa matlhotlhapelo a loago le go tlhoka taolo, Wilson o oketsa ka go re: “Jaanong, fa madi a ntse a photometsega a tswa mo nthong e e maswe e e mo mmeleng mme motho yoo yo o mo botlhokong jo bo gamolang pelo jwa loso o tsewa senepe a sa ntse a ikotlela. . . . Basha ba bolawa ka go remiwa ba bo ba hupela moya ka iketlo ka ntlha ya dithamo tse di kgaotsweng mme loso lwa bone lo lo makgwakgwa lo tsewa senepe ka setsayaditshwantsho ka lorato.”

Mo setlhogong sa gagwe se se tlhagileng go The Sydney Morning Herald, Dr. Wilson o ne a akgela malebana le bothata joo babega-dikgang beileng ba nna le le jone gore ba gape kgatlhego ya batho ba Australia mabapi le go tsaya puso ka dikgoka ga bosheng jaana kwa Fiji e e fa gaufi moo go neng go sena tshololo ya madi. Ka tlhayang‘? “Tirisa-dikgoka ke tekanyetso ya boitloso-bodutu jwa metlha ya segompieno,” Wilson o bolela jalo. Dikgang tseo di neng tsa gasiwa ke thelebeshine le makwalo-dikgang di ne di nepagetse, di tlhatlhobilwe ka kelotlhoko ebile di na le mabaka, mme go ne go sena “ditshwantsho tsa thelebeshine tse di tsitsibanyang mmele tsa tirisa-dikgoka le dirapa tsa makwalo-dikgang tseo di tlhalosang dipheretlhego fela jaaka di ntse.” o ne a tlhalosa jalo.

Abo keletso eno e e golang ya go itumedisiwa ke tirisa-dikgoka e tshwanela tlhaloso ya Bibela ya bao ba tshelang ‘-mo metlheng ya bofelo’ ya tsamaiso ya ga jaanong ya dilo jang nel Mo lobakeng lono lo lo tlhokofatsang lwa bofelo. batho ba tlhalosiwa jaaka ba ba ‘senang boikgapo, ba le bogale. ba sa rate molemo ka gope.’​—2 Timotheo 3:1, 3.

A go Tshwanetse ga Nyalwa Mosadi a le Mongwe Kana Ba le Bantsi?

A kereke e tshwanetse go amogela maloko ao a nang le molekane wa lenyalo a feta a le mongwe? Go araba potso eno. kereke ya kwa Uganda ya Anglican e ile ya tlhopha setlhopha sengwe gore se dire patlisiso malebana le “ka moo go nyala basadi ba le bantsi go amang lelapa la Bokeresete ka gone.” Lephata la Dikgang le le Emelang Dikereke Tsotlhe le bega gore, go ya ka leloko lengwe la setlhopha se se dirang dipatlisiso. ebong Mobishopo Christopher Senyonjo, go nna le balekane ba ba bantsi ga se selo se se amogelwang fela mme ebile go mosola. Ke ka ntlha yang fa a ikutlwa ka tsela eo? O bolela gore manyalo a go nna le basadi ba le bantsi a ka thusa go lwantsha kamano ya bolwetsi jwa AIDS. Mo godimo ga moo, o bolela gore go nyala basadi ba le bantsi go ka dirwa ke Bakeresete fa ba rata. a bolela gore Keresete o tla “fetola manyalo a rona a a seng monate a a tshwanang le motlhapologo wa diphologolo go nna beine e e monate, go sa kgathalesege gore ke a mosadi a le mongwe kana a ba le bantsi.”

Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha ka phepafalo gore Jehofa Modimo, eleng Mosimolodi wa lenyalo la mosadi a le mongwe, o ganela seo. O ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a kwale jaana: “A monna moñwe le moñwe a nnè le mosadi oa gagwè, le mosadi moñwe le moñwe a nnè le monna oa gagwè.” (1 Bakorintha 7:2) Se se botlhokwa ke gore, moragonyana ga moo, Paulo o ne a kwala jaana malebana le ditshwanelego tsa bao ba disang letsomane: “Ka gone mobishopo o tshwanetse a tlhoka molato, e le monna wa mosadi a le mongwe.”​—1 Timotheo 3:2, King James Version.

Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ba kwa Afrika, jaaka ba kwa gongwe go sele, ba leba go nyala basadi ba le bantsi fela jaaka go ntse​—eleng go roba molao wa Modimo.

Go Rerela Tuelo

Baruti ba Kereke ya Lutere ya kwa Sweden ba ile ba seka ba itumelela dituelo tsa bone ka gonne, jaaka go begilwe, dituelo tsa bone di “kwa tlase fa di bapisiwa le tsa bao ba duelelwang ditiro tse dingwe tse ba di ithutetseng tse di nang le dithuto tse dikhutshwane thata kana thapiso.” Lefa go ntse jalo, go ya ka lephata la dikgang la Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Dikereke, dilo jaanong di a solofetsa. Morago ga “tlhabano e telele ebile e galaka go sekae,” baruti ba dumeletswe bosheng jaana gore ba bereke dioura di le 40 ka beke. Mme go tweng fa batho ba Sweden ba tlhoka thuso ya moruti morago ga dioura tsa mmereko? Tumelano e ntsha eno ya babereki gape e dumelela tuelo ya go bereka morago ga dioura tsa mmereko mo oureng nngwe le nngwe e e oketsegileng ya go tlhokomelwa ke moruti. Go solofelwa gore dituelo tse di ntseng jalo tsa go bereka morago ga dioura tsa mmereko di tla oketsa dituelo tsa bone tsa ngwaga le ngwaga ka 10 go ya go 12 lekgolong.

Go fapaana le go amega ga baruti ba Sweden ka dituelo tse di botoka tsa ditirelo tsa bone, fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe go ya go rera o ne a ba laela jaana: “Lo amogetse hèla, naeañ hèla. Se tseeñ gouda, leha e le selefera, leha e le kgōtlhō mo pataneñ tsa lona tsa madi.” (Mathaio 10:8, 9) O ne a kayang? Go ne go sa tshwanela go gwebiwa ka mafoko a a molemo a Bogosi, kana gone gore a ne a tshwanetse go dirisiwa ka tsela ya bogagapa gore motho a solegelwe molemo ka namana. Barutwa ba ne ba ngaparela kaelo ya ga Jesu, mme bodihedi jwa bone bo ne jwa dirwa. Ka ntlhayang? Ka gonne Modimo o ne a ba tlamela mo bodiheding joo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela