LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/15 ts. 8-9
  • Tsela e e Isang Botshelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela e e Isang Botshelong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thero e e Tumileng Thata e e Kileng ya Neelwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Nnang Badiri ba Lefoko, Eseng Bautlwi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tswelelang lo Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Tsela e e Isang Botshelong

TSELA e e isang botshelong ke go nna mo dithutong tsa ga Jesu. Mme se ga se motlhofo go se dira. Bafarasai, ka sekai, ba na le go atlhola ba bangwe ka bogale, mme go bonala ba bantsi ba ba etsa. Jalo jaaka Jesu a tsweledisa Thero ya gagwe ya mo Thabeng, o neela tlhagiso eno: “Lo se ka loa sekisa, gore lo se sekisiwe. Gonne tshekishō e lo sekisañ ka eōna, lo tla sekisiwa ka eōna.”

Go kotsi go latela boeteledipele jwa Bafarasai bao ba kgalang mo go feteletseng. Go ya ka pego ya ga Luke, Jesu o tshwantshetsa kotsi e ka go re: “A sehohu se ka gōga sehohu? A ga di ketla di wèla mmōgō mo kgatampiñ?”

Go kgala ba bangwe thata, o godisa diphoso tsa bone le go ba bona molato mo go feteletseng, ke molato o o masisi. Ka jalo Jesu o botsa jaana: “U tla raea oa ga eno yañ, u re, Mma ke ntshè selabe se se mo leitlhoñ ya gago; me bōna, mosipuri ko ouō o mo leitlhoñ ya gago? Moitimokanyi ke wèna, ntsha mosipuri o o mo leitlhoñ ya gago pele; me hoñ u tla bōna sentlè go ntsha selabe se se mo leitlhoñ ya oa ga eno.”

Mo ga go reye gore barutwa ba ga Jesu ga ba a tshwanelwa ke go dirisa botlhale mabapi le batho ba bangwe, ereka a re: “Lo se ka loa naea dinca se se itshepileñ, le gōna lo se ka loa latlhèla diperela tsa lona ha pele ga dikolobè.” Boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo bo itshekile. Bo tshwana le diperela tsa tshwantshetso. Mme ha bangwe, bao ba tshwanang le dintsa kana dikolobe, ba sa bontshe kanaanelo mo boammaaruring jo bo botlhokwa jo, barutwa ba ga Jesu ba tshwanelwa ke go tlogela batho bao mme ba batle ditsebe tseo di ka reetsang.

Lemororo Jesu a ne a tlotla ka thapelo kwa pelenyana mo therong ya gagwe, jaanong o gatelela botlhokwa jwa go nna mo go yone. “Lōpañ,” o a kgothatsa, “me lo tla nèwa.” Go bontsha boikemisetso jwa Modimo go araba dithapelo, Jesu o a botsa: “Go na le monna ohe mo go lona, eo e ka reñ ha morwawè a mo lōpa senkgwè, o ka mo naea lencwè? . . . Me ke gōna ha e bo ne ne yana, lona lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō, bogolo yañ Rra eno eo o kwa legodimoñ o tla naea ba ba mo lōpañ dilō tse di molemō?”

Jaanong Jesu o baakanyetsa ka se se neng sa tla go itsege jaaka molao o o tumileng wa boitshwaro, o o tlwaelegileng ka go bidiwa Molao wa Kono-kono. A re: “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona ba diheleñ hèla yalo.” Go tshela ka taolo e go kopanyeletsa kgato e e siameng ya go direla ba bangwe molemo, o ba direla jaaka o batla ba ka go direla.

Go bontsha gare tsela e e yang botshelong ga e motlhofo go senolwa ke taolo ya ga Jesu “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.”

Kotsi ya go ka tsiediwa e kgolo, ka jalo Jesu o a tlhagisa; “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ.” Le e leng jaaka ditlhare tse di siameng le ditlhare tse di sa siamang di ka lemogiwa ka maungo a tsone, Jesu o tlhōkomedisa gore, baperofeti ba eseng bone ba ka lemogiwa ka boitshwaro le dithuto tsa bone.

Fa a tswelela-pele, Jesu o tlhalosa gore ga se fela se motho a se buang seo se mo dirang go nna morutwa wa Gagwe mme ke seo a se dirang. Batho bangwe ba iphaka gore Jesu ke Morena wa bone, mme fa ba sa dire go rata ga ga Rraagwe, a re: “Ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha no nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”

La bofelo, Jesu o digela thero ya gagwe ka mafoko a a sa lebalesegeng. A re: “Moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, a ba a a diha, o tla chwantshiwa le monna eo o botlhale, eo o agileñ ntlo ea gagwè mo lehikeñ: Me pula ea hologa, le merwalèla ea tla, le diphehō tsa hoka, tsa ntaaka ntlo euō; me e se ka ea wa: ka go bo e ne e thaecwe mo lehikeñ.”

Mo ntlheng e nngwe, Jesu o bolela jaana: “Moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, me a sa a dihe, o tla chwantshiwa le monna eo o seeleele, eo o agileñ ntlo ea gagwè mo moshaweñ: Me pula ea hologa, le merwalèla ea tla, le diphehō tsa hoka, tsa ntaaka ntlo euō: me ea wa; me go wa ga eōna ga nna gogolo.”

Fa Jesu a fetsa thero ya gagwe, boidiidi bo gakgamaditswe ke mokgwa oo a rutang ka one, ereka a ba ruta jaaka yo o nang le thata eseng jaaka baeteledipele ba bone ba bodumedi. Mathaio 7:1-29; Luke 6:27-49.

◆ Jesu o ne a reng ka ga go atlhola ba bangwe; lefa go ntse jalo o bontsha jang gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse go dirisa botlhale mabapi le batho?

◆ Jesu a reng gape mabapi le thapelo, mme ke taelo efe ya boitshwaro eo a neng a e neela?

◆ Jesu o bontsha jang gore tsela e e isang botshelong e ne e ka seke e nne motlhofo le gore go na le kotsi ya go ka timediwa?

◆ Jesu o digela thero ya gagwe jang, mme matswela a yone e ne ya nna afe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela