Toro E Senola Gore Lobaka lo Setse lo Ile
“YEHOFA ke . . . Modimo o o tshedileñ, le Kgosi e e sa khutleñ.” (Yeremia 10:10) Ga go le ka motlha ope a kileng a lesa go laola lebopo la gagwe, lebaka le kgosi Nebukadenesare wa Babelona wa bogologolo a neng a palelwa ke go le lemoga. Go tiisetsa kgosi eo ya moheitane gore “Mogodimodimo [o] a busa mo bogosiñ yoa batho,” Modimo o ne a mo lorisa toro e a neng a kgonisa Daniele motlhanka wa Gagwe go e tlhalosa.—Daniele 4:17, 18.
Toro e ne e le ya setlhare se segolo. ‘Go gola ga sone go ne go fitlha kwa legodimong, le go bonala ga sone go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe jotlhe fela.’ Fa Modimo a sena go ntsha taolo, setlhare se ne sa rengwa, mme sesipi sa sone sa bofiwa ka mehiri ya tshipi le kgotlho. Se ne se tshwanetse go nna se bofilwe jalo go fitlhelela sesipi seo se fetwa ke “metlha e shupa,” mme e re morago ga moo setlhare se ne se tla a gola gape.—Daniele 4:10-17.
“Setlhare se o se bonyeñ,” Daniele a tlhalosa, “ke wèna, kgosi . . . le pushō ea gago.” Nebukadenesare o ne a tshwanetse gore a kgaolwe. O ne a tla a latlhegelwa ke bogosi jwa gagwe, ee le eleng go latlhegelwa ke tlhaloganyo, mme jalo a tla a simolola go kaila mo nageng jaaka pholōgolo ya naga ka “metlha e shupa.” Mehiri eo ya tshwantshetso e ne e ka bofololwa fela morago ga lobaka lo lo beilweng lo se na go fitlha, mme seo se dumelela gore kgosi a boelwe ke tlhaloganyo ya gagwe le ke setilo sa gagwe sa bogosi.—Daniele 4:20-27.
Fela jaaka go ne ga bolelelwa-pele, “cotlhe tse tsa tla mo kgosiñ Nebukadenesare.” (Daniele 4:28) Lexicon Linguae Aramaicae Veteris Testamenti ya re “metlha e shupa” ya toro ya ga Nebukadenesare e ne e le dingwaga tsa sebele tse supa. E reka jaana Nebukadenesare a ne a busa dingwaga tse 43 (624-581 B.C.E.), seno se utlwala sentle.
Seno se Rayang mo go Rona?
Jehofa ka metlha yotlhe o ile a dirisa bolaodi jwa gagwe jwa lebopo lotlhe kafa a neng a bona go tshwanela ka gone. O ne a dira seno ka lobakanyana ka merafe wa Iseraele, oo babusi ba one ba selefatshe kafa tshwanelong go neng go ka twe ba ‘dutse mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa (1 Ditihalō 29:23) Lefa go ntse jalo, fa Iseraele a se na go fetogela mo boteneging, Jehofa o ne a dumelela tatelano ya dikgosi tsa losika lwa Kgosi Dafide gore di thankgolwe.
A bo go tshwanela jang he, gore e re ka bokhutshwanyane morago ga moo Modimo a kaele Kgosi Nebukadenesare sengwe—ene yo o neng a dumeletswe go senya setshwani sa bogosi jwa Gagwe—gore seno se ne se sa kae lefa e le ka gope gore bolaodi jo bo tshwanetseng jwa Modimo khutlile. A bo go ne go le botlhokwa jang ne go mo itsise ene le merafe ya Baditšhaba e e neng e tla re moragonyana e gatake bogosi jo bo emetseng Modimo gore seemo se se ntseng jaana e ne e tla nna sa nakwana fela!
Jalo he go supiwa ga nako fa toro e sena go tlhalosiwa, motho yo o neng a e bolelelwa, le setlhogo sa bolaodi jwa Modimo jo e neng e bo otlelela, di tiisetsa tota gore e ne e pota ka kwa ga se e neng e se bolela mo go Nebukadenesare. Di kaya gore jaaka setlhare se se remilweng se se bofilweng ka mehiri, bobusi jwa Modimo, jaaka bo ne bo diragadiwa mo Jerusalema, mme jaanong bo sentswe, bo ne bo se kitla bo tsosolosiwa go fitlhelela mehiri eo ya kganelo e tlositswe morago ga “metlha e shupa.” Ka nako eo, Mmusi yo o emetseng Modimo, e bong “motho eo o nyatsègañ hela,” mme go tewa Mesia yo o solofeditsweng, o ne a tla a tlhongwa mo Bogosing jwa gagwe. Gore Modimo o ne a tla a dira seno leng, barutwa ba ga Jesu ba ne ba kopa sesupo.—Daniele 4:17; Mathaio 24:3.
Go na le ditshupo tse dingwe gape tse di bontshang gore tlhaloso eno ya toro ya ga Nebukadenesare e e bolelang dilo di le dintsi e ne e le ya mmannete. Polelelo-pele e e kwadilweng go Daniele 9:24-27 e ne ya supa ka tlhomamo ngwaga o o tshwanetseng tota wa go goroga ga ga Mesia go feta dingwaga di le 500 moragonyana.a Mme jaanong fa e le gore nako ya go tla ga ga Mesia jaaka motho go ne ga bolelelwapele ka tlhomamo e e ntseng jalo, a ga se mo go utlwalang go dumela gore nako ya go boa ga gagwe mo go botlhokwatlhokwa mo a tlang a sa bonale ka thata ya Bogosi go ne go tla bolelelwapele ka tsela e e tshwanang e e tlhomameng? Ke mang yo o neng a ka tshwanelegela thata go dira seno kwantle ga ga Daniele? Gakologelwa gape, gore, e ne ya re fa a sena go kwala diponatshegelo tsa gagwe le ditoro tsa gagwe tsa boperofeti, go akareletsa le toro ya ga Nebukadenesare ya setlhare, Daniele o ne a tewa ga twe: “Cwalèla mahoko, u kanelè lokwalō, go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlō.” Goreng go nna jalo? Ka go bo ka nako eo ‘kitso ya boammaaruri e ne e tla totafala.’ Fa e le gore se Daniele a se kwadileng se ne se tshwanetse go nna se kanetswe, se sa tlhaloganngwe, go fitlhelela mo “motlheñ oa bokhutlō,” a seo se ne se ka se supe gore mekwalo ya gagwe e ne e tla kaya sengwe se se botlhokwatlhokwa kafa boperofeting ka nako eo?—Daniele 12:4.
“Metlha e Shupa”—Go Tloga Leng go ya go Fitlha Leng?
Fa Jesu a ntsha sesupo, o ne a bua ka “metlha e shupa,” a e bitsa a re ke ‘metlha e e beilweng ya baditšhaba.’ O ne a re: “Yerusalema o tla [tswelela a] katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaee metlha ea badichaba e dihalè.” (Luke 21:24) Mokwalo o o kwa tlase go Oxford NIV Scofield Study Bible (1984) e re bolelela gore “‘metlha ya Baditšhaba’ [kafa King James Version e kwadilweng ka gone “metlha e e beilweng ya merafe] e ne ya simolola fa Juda a ne a isiwa botshwarwa kafa tlase ga ga Nebukadenesare. . . . Fa e sale go tloga nakong eo, Jerusalema, jaaka Keresete a boletse, ‘o ne a katakwa ke Baditšhaba.’”
“Metlha e shupa,” kana “metlha e e beilweng ya merafe, NW” e ne e tla tsaya lobaka lo lo kae? Ka phepafalo, e ne e tla tsaya lobaka lo lo fetang thata dingwaga tse di tlwaelegileng tse 7 tseo nngwe le nngwe ya tsone e nang le malatsi a le 360 (jaaka dingwaga tsa Bibela di ne di balwa), tseo di neng di tla lekana le malatsi a le 2 520. Kaelo ya Dikwalo e supa gore re tshwanetse go emisetsa letsatsi lengwe le lengwe ka ngwaga o le mongwe. (Bona Dipalō 14:34; Esekiele 4:6; bapisa Tshenolō 12:6, 14.) Palo e e ntseng jalo e ne e tla raya gore “metlha e shupa” e ne e tla tsaya dingwaga di le 2 520. Fa e ile ya simologa ka tshenyego ya Jerusalema ka 607 B.C.E., e ne e tla felela ka ngwaga wa 1914 C.E.
Go feta dingwaga tse di masome a mararo pele ga 1914, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhokomedisa kafa letsatsi leo le leng botlhokwa ka gone. Lefa go ntse jalo, se se kgatlhisang ke gore, buka ya International Crisis, ka Eugenia Nomikos le Robert C. North ya (1976), ya re go ne go “sena lefa e le tshupo epe ya gore a e kane ka tsela nngwe go na le dithulano dipe kana dikgotlhang ‘tse di ntseng di ya magoletsa’ tseo di neng di gogela ka tlhamalalo kwa tshimologong ya ntwa.” Phapaanong le seo, “boaphelong jwa 1913 le masimologong a 1914 . . . dikamano tsa mebuso e megolo di ne di bonala di ritibetse go na le jaaka go ne go ntse mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng.” Lefa go le jalo, gompieno, masome a supa a dingwaga moragonyana, bo-raditiragalo e le ruri ba re 1914 e ne e le phetogo mo ditiragalong tsa motho. Ka sekai, buka-mantswe nngwe ya Jeremane ebong Meyers Enzyklopädisches Lexikon, ya re “diphelelo tsa Ntwa ya Lefatshe I ruri-ruri di ne di baka diphetogo mme e bile tsa ama matshelo a batho ka bontsi thata-thata, kafa itsholelong ga mmogo le kafa leagong le kafa sepolotiking.”
Diphetogo tsa sepolotiki ka ntlha ya ditiragalo tsa 1914 di itsiwe sentle. Diphetogo tsa loago tse di di lerileng di umakiwa mo bukeng ya ga Virginia Cowles e go tweng 1913: An End and a Beginning. “Ngwaga wa 1913 o ne wa tshwaya bokhutlo jwa motlha,” o kwala jalo. Mabapi le diphelelo mo go tsa itsholelo, Ashby Bladen, mothusa mookamedi wa maemo a a kwa godimo wa The Guardian Life Insurance Company of America, o kwala jaana: “Pele ga 1914 ditsamaiso tsa madi le tsa matlotlo di ne di tsamaelana. . . . Fa motho a ka tsaya August 1914 jaaka yo o tshwayang kgaogano ya tsone, dipharologano tsa lekgolo la dingwaga la lesome le bofera-bongwe le la masome a mabedi di iponatsa thata. Mo dikarolong di le dintsi tsa dikgang tsa batho go ile ga nna le phetogo e kgolo. . . . Lengwe la mabaka a magolo e ne e le go kgaoganngwa ga ditsamaiso tsa matlotlo le nonofo e e moteng ga madi mo go neng ga simologa ka 1914. . . . Go kgaogana mono ga tomagano e ne e le tiragalo e e botlhokwa. . . . 1914 o ne a tshwaya phetogo e kgolo ya tsamaiso eo, mme kwa bofelong e le e e kotsi.”
Lobaka lo Ile go le Kana Kang?
Bosupi jwa gore sesupo sa ga Jesu jaanong se a diragadiwa bo bonala motlhofo fela jaaka dikgang tsa koranta kana tsa thelebishene. Mme go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo gore tshupo e e ntshiwang ke dipalo go tshegetsa 1914 jaaka go ne ga senolwa mo torong ya ga Nebukadenesare ruri ke boammaaruri. Jalo gompieno, ka 1986, seno se raya gore re setse jaanong re na le dingwaga tse 72 re tsene mo ‘motlheng wa bofelo.’ Jesu o ne a solofetsa gore bangwe ba losika lwa batho ba ba neng ba setse ba godile ka mo go lekaneng go iponela ka matlho tshimologo ya one ba ne ba tla bo ba sa ntse ba tshela fa sepitla se segolo se o digela.—Mathaio 24:34.
A bo seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa go nna re tsogile, re tsepile matlho a rona mo tshenolong ya bomodimo ya kafa lobaka lo ileng ka gone! A bo go le botlhokwatlhokwa jang ne gore re tile go fela pelo, re ntse re leka go potlakisa sesupa-nako sa bomodimo, mme e re go tswa foo re bo re swaba! Mo letlhakoreng je lengwe, a bo go le botlhokwa jang ne gore re itise kgatlhanong le go kgoba kgetse, re leka go le diegisa, mme re bo re iphitlhela re latlhegetswe! Gakologelwa gore, go na le sengwe se se kotsi thata thata go na le go siiwa ke bese, terena, kana sefofane. Kotsi e e ka re tlhagelang ke ya go latlhegelwa ke botshelo jo bosakhutleng mo tsamaisong e ntšha ya Modimo ya dilo. Mme tota ruri seo go tla bo go se molemo gotlhelele gore se re latlhegele!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso ka ga seno, bona buka ya “Let Your Kingdom Come,” ditsebe 56-63, e e gatisitsweng ka 1981 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
“Metlha e Shupa” e ne ya Fela Leng Tota?
Batho bangwe ba ganetsa ka gore fa e le gore “metlha e shupa” e ne e bolelelapele sengwe le gore lefa e ne e ka tsaya dingwaga tse 2 520, Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba le phoso fa ba re 1914 o ne a le botlhokwa ka go bo ba simolola dipalo tsa bone fa go leng phoso. Ba iphaka gore, Jerusalema, o ne a senngwa ka 587/6 B.C.E., e seng ka 607 B.C.E. Fa seno se le boammaaruri, go tla re he tshimologo ya ‘motlha wa bofelo’ e busediwe kwa morago ka dingwaga tse 20. Lefa go ntse jalo, ka 1981 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gatisa bosupi jo bo tlhatswang pelo go tshegetsa letsatsi la 607 B.C.E. (“Let Your Kingdom Come,” ditsebe 127-40, 186-9) Kwa ntle ga moo, a ba ba lekang go umaka gore 1914 ga a na botlhokwa bope mo Bibeleng ba ka supa gore 1934—kana ngwaga lefa e ka nna ofe—o ile wa ama thata thata, wa nna o o sa tlwaelegang, le eleng go gakgamatsa thata mo ditiragalong go gaisa wa 1914?
[Tšhate mo go tsebe 6]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
‘Metlha e supa e e beilweng Motlha wa bofelo
ya merafe’ (Dingwaga tse 2 520)
607 B.C.E. 33 C.E. 1914 C.E. 1986 C.E.
Go senngwa ga “Yerusalema” ‘Motlha wa Dingwaga tse
Jerusalema a santse a ntse bofelo’ 72 go tsena mo
wa selefatshe a ‘gatakiwa’ o a simologa ‘motlheng wa bofelo’
(Luke 21:24) (Daniel 12:4) Matthew 24:3,
Mt 24:12, 22
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Toro ya ga Nebukadenesare e kaya sengwe se segolo se go amang!