Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Bidiwa ga ga Mathaio
KA BOKHUTSHWANE fela morago ga go fodisiwa ga motho yo o tshwerweng ke teteselo, Jesu o tloga mo Kaperenama go ya kwa Lewatleng la Galalea. Gape matshwititshwiti a batho a tla kwa go ene koo, mme o simolola go ba ruta. Fa a ntse a tsamaya, o bona Mathaio, yoo gape a bidiwang Lefi, a dutse fa ofising ya lekgetho. “Ntshala moragō,” Jesu o mo laletsa jalo.
Gongwe, Mathaio o setse a tlwaelane le dithuto tsa ga Jesu, fela jaaka go ne go ntse jalo ka Petere, Anderea, Jakobe, le Johane fa ba ne ba bidiwa. Mme jaaka bone, Mathaio o arabela taletso eo ka bonako. O a nanoga, a tlogela maikarabelo a gagwe jaaka mokgethisi, mme o sala Jesu morago.
Moragonyana ga moo, gongwe e le go keteka go amogela pitso ya gagwe, Mathaio o dira moletlo o mogolo mo ntlong ya gagwe. Mo godimo ga ga Jesu le barutwa ba Gagwe, ditsala tsa pele tsa ga Mathaio di gone. Banna bano ka kakaretso ba lebelwa kwa tlase ke Bajuda ka bone ka gonne ba tseela babusi ba ba tlhoilweng ba Baroma makgetho. Go feta moo, gantsi ba tsaya madi a a oketsegileng ka bogodu go tswa mo bathong ao a fetang madi a a tlwaelegileng a lekgetho.
Fa Bafarasai ba bona Jesu kwa moletlong ono le batho ba ba ntseng jalo, ba botsa barutwa ba gagwe jaana: “Kana moruti oa lona o yèlañ le bakgethisi le baleohi?” Fa a utlwa potso eo, Jesu o araba ka go re: “Ba ba itekanetseñ ga ba dihe ñaka sepè, ha e se ba ba lwalañ hèla. Me tsamaeañ lo ithutè, go re, lea reñ, lehoko ye, Ke eletsa boutlwèlō botlhoko, e señ setlhabèlō: gonne ga kea tla go bitsa basiami, ha e se baleohi hèla.”
Go bonala, Mathaio a laleditse bakgethisi bano mo legaeng la gagwe gore ba ke ba reetse Jesu mme ba bone phodiso ya semoya. Jalo Jesu o kopanela le bone go ba thusa gore ba bone kamano e e molemo le Modimo. Jesu ga a lebele batho ba ba ntseng jalo kwa tlase, jaaka go dira Bafarasai bao ba ithayang ba re ba siame. Go na le moo, a tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko, tota, o direla jaaka ngaka ya semoya mo go bone.
Ka gone go bontsha kutlwelobotlhoko ga ga Jesu go baleofi ga go godise maleo a bone mme o ne a bontsha maikutlo a a ntseng jalo a lorato go bao ba neng ba lwala mo mmeleng. Ka sekai, gakologelwa gore fa a ne a otlolola letsogo ka kutlwelobotlhoko le go ama molepero, o ne a re: “Kea rata, u ntlahalè.” Ekete le rona re ka bontsha kutlwelobotlhoko ka mo go tshwanang ka go thusa batho bao ba tlhokang, segolo-bogolo ka go ba thusa ka tsela ya semoya. Mathaio 8:3; 9:9-13; Mareko 2:13-17; Luke 5:27-32.
◆ Jesu o kwa kae fa a bona Mathaio?
◆ Tiro ya ga Mathaio ke eng, mme ke ka ntlhayang fa batho ba ba ntseng jalo ba lebelwa kwa tlase ke Bajuda ba bangwe?
◆ Ke ngongorego efe eo e dirwang mo go Jesu, mme o arabela jang?
◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a kopanela le baleofi?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 9]