LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 10/15 ts. 21-23
  • A O Itse Modimo Oo O O Obamelang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Itse Modimo Oo O O Obamelang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Obamela Modimo o o Sa Itsiweng
  • Tharo-Nngwe E Tlhalosiwa Jang?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • 1 Modimo ke Masaitseweng—A Seo se Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Obamela Modimo ka Tsela Eo A Batlang ka Yone
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Modimo O Amogela Kobamelo Ya Bomang?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 10/15 ts. 21-23

A O Itse Modimo Oo O O Obamelang?

“MODIMO O SULE.” Polelo eo, eo e radilweng lekgolo la dingwaga le le fetileng ke ramatlhale mongwe wa Mojeremane ebong Friedrich Nietzsche, e ne ya tsosolosiwa ke borathuto-bomodimo bangwe ka bo 1960. Batho ba le bantsi ba ba rutegileng ka nako eo ba ne ba akanya gore mokgatlho wa batho o o nang le batho ba selefatshe fela o ne o ka rarabolola mathata a setho le go tlhomamisetsa boitumelo.

Morago ga moo go gololwa mo mogopolong wa maaka go ne ga itelekela, mme go ne ga nna le tshekamelo ya “go ntshiwa bolefatshe” ka bo 1970. Borasosioloji ba ne ba lemoga gore batho ba tlhoka karolo ya semoya mo matshelong a bone gore ba itumele. Le eleng mo go tsa boitseanape go ne ga nna motlhofo go dumela ka moo go dumela mo Modimong go tlhokafalang ka gone. Ka gone mo bukeng ya gagwe ya 1979 eleng Dieu existe? Oui (A Modimo O Teng? Ee), mokwadi mongwe wa Mofora ebong Christian Chabanis o ne a kgona go akareletsa dipotsolotso le batho ba Fora ba ba tumileng mo mererong ya boitseanape, bao botlhe ba neng ba ipolela gore ba dumela mo Modimong ka tsela nngwe.

Tota gone, batho ba le dimilione le ka motlha ba ile ba seka ba tsamaisana le mogopolo wa gore “Modimo o sule.” Ba ile ba boloka tumelo ya bone mo Modimong. A mme seno ka bosone se kaya gore ba na le tumelo e e phepafetseng kaga Modimo?

Ka 1967 Sinoto ya bobishopo ba Katoliki ya Fora e ne ya thathamisa lenaane la mathata ao a neng a tshwenya makatoliki. Selo sa ntlha mo lenaaneng leo e ne e le “Go itse Modimo ga rona,” mme ya bobedi e ne e le “Keresete ke motho wa mofuta mang.” Mo bukeng ya gagwe ya God for Men of Today, mokwadi wa yone ebong Jacques Duquesne o ne a botsolotsa monna mongwe yo o nang le dingwaga di le 58 wa Mokatoliki yo o neng a dumela ka go re: “Ka dinako dingwe ke ipotsa gore a tota Keresete ke Modimo. . . . Ke leka go itlhatswa pelo. Ke bothata jo bogolo mo go nna.” Duquesne gape o ne a tsopola baruti ba le babedi ba Katoliki ba bolela gore mo Bakereseteng ba le bantsi “dithuto tseo ke melao e e sa tshwaneng, e e ikgopolelwang, e ikaegile ka tshwetso ya motho ka namana; nngwe le nngwe ga e na bokao bope gotlhelele; thuto e nngwe ga e sedimose thuto e nngwe; ka gone di thata go di tlhalosetsa batho ba ba tshelang gompieno. Fa borathuta-bomodimo ba ne ba sweditse gore ba tsenye Motho wa bone mo Tharo-Nngweng, seo se ne se tla tshwenya bontsi jwa le eleng Bakeresete ba ba botoka go ya bokgakaleng bofe?”

Tota, thuto eo e sa tlhakanyeng Makatoliki a le esi tlhogo thata mme gape le maloko a Kereke ya Eastern Orthodox le dikereke di le dintsi tsa Protesetanta ke Tharo-Nngwe. A Catholic Dictionary e bega jaana malebana le yone: “Re ka tlhaloganya ka moo banna ba le bararo ka bongwe ba farologanyang mongwe go yo mongwe ka gone mme lefa go ntse jalo ba na le dinonofo tsa batho ka boraro. Bongwe jwa Batho ba bararo ba Bomodimo, bo farologane gotlhelele. Fa re bua ka bone jaaka Modimo o le mongwe, ga re kae fela gore mongwe le mongwe wa bone ke Modimo, mme gore mongwe le mongwe wa bone ke one Modimo oo o le mongwe, mme seno ke masaitsiweng, ao botlhale bope jo bo bopilweng bo sa a tlhaloganyeng.” Ga go gakgamatse go bo Makatoliki a ngongoregela gore bothata jwa bone jo bogolo ke “go itse Modimo”!

Go Obamela Modimo o o Sa Itsiweng

Mo e ka nnang batho ba le bilione ba ba tsenang dikereke tsa La-Bodumedi ba lalediwa gore ba obamele Modimo o ba ka se o tlhaloganyeng. Ba iphitlhela ba le mo boemong jo bo tshwanang le jwa Basamaria ba bogologolo, bao Jesu a neng a raya mongwe wa bone a re: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ.” (Yohane 4:22) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a ka rialo?

Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., bogosi jwa bokone jwa ditso tse some jwa Iseraele le motsemogolo wa jone wa Samaria bo ne jwa gapiwa ke Baasiria, mme Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tshedisediwa molelwane kwa Asiria le dikarolo tse dingwe tse di gapilweng. Ka gone, kgosi ya Asiria e ne ya romela batho ba ba farologaneng ba ba gapilweng, segolo-bogolo go tswa mo Babelona, kwa lefelong la lseraele leo le bidiwang Samaria. Seno se ne sa tlhagisa baagi ba ba tswakaneng ba Baiseraele le baheitane. Bibela e bolela jaana malebana le bao ba dirisang bodumedi joo bo neng jwa tsalwa: “Ba ne ba boiha Yehofa, me ba dihèla e e leñ medimo ea bōnè, kaha mokgweñ oa merahe e ba tlosicweñ mo go eōna.”​—2 Dikgosi 17:26-33; bapisa 1 Dikgosi 12:28-31.

Ee, Basamaria ba ne ba tshaba Jehofa. Ebile ba ne ba amogela bontlhanngwe jwa Lefoko la Gagwe​—Pentateuch, kana dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela. Mme ba ne ba tswakanya kobamelo ya ga Jehofa le bodumedi jwa maaka jwa Babelona. Mme Jesu o ne a bolela jaana malebana le Basamaria ba ba ntseng jalo: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ.” Bane ba itse Jehofa mme ba ne ba sa amogele Lefoko la Gagwe lotlhe. Kana gone gore ba ne ba obamela Modimo “ka Mōea le ka boamarure.”​—Yohane 4:22, 23.

A maloko a dikereke tsa La-Bodumedi ga a iphitlhele a le mo boemong jo bo tshwanang? Ba itse ka Modimo, mme bontsi jwa bone ba dumela gore tota ga ba mo itse. Ga o kake wa kgona go sa kgatlhegele seno, ka gonne Jesu o boletse gore: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”​—Yohane 17:3.

Ke thuto efe eo segolo-bogolo e ileng ya thibela maloko a dikereke tsa La-Bodumedi gore a itse Jehofa, “Modimo o osi oa boamarure”? Kwantle ga pelaelo, ke ‘masaitsiweng a a sa tlhaloganyesegeng’ a Tharo-Nngwe. Lefa go ntse jalo fa motho a bala Bibela ga a nne le boikutlo jwa gore Bakeresete ba pele ba ne ba obamela ‘Modimo wa masaitsiweng.’ Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “Morwa Modimo . . . o re neile tlhaloganyō ea go re, re itse èna eo o leñ boamarure [Jehofa Modimo], le go re, re mo go èna eo o boamarure, eboñ mo go Morwa ōna Yesu Keresete.”​—1 Yohane 5:20.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Sebeso seo se diretsweng medimo e e sa itsiweng, seo se fitlhelwang kwa Pergamum, Asia Minor

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela