LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 1/15 ts. 32
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boloka ‘Tsholofelo ya Gago ya Poloko’ e Phatsima!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Pholosiwa go Kaya Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Poloko se Tota e se Kayang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Gore ke Bone Fela ba ba Tla Bolokwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 1/15 ts. 32

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Timotheo wa Ntlha 4:10 e bitsa Modimo “Mmoloki oa batho botlhe, bogolo oa bōnè ba ba dumèlañ.” Ka gone a bape fela ba ba sa ikanyegeng ba tla bolokwa?

Nnyaa. Ntlha ke gore poloko e tlhomamisediwa segolo bao ba bontshang tumelo.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore tshologelo molemo ya poifomodimo ke gore “e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:6-8) Go tswa foo Paulo o ne a kwala ka gore: “Gonne rea diha e bile rea leka ka ntlha ea gona mouō, ka gonne re na le cholohèlō ea rona e tlhomilwe mo Modimoñ o o tshedileñ, o e leñ Mmoloki oa batho botlhe, bogolo oa bōnè ba ba dumèlañ.”​—1 Timotheo 4:10.

Modimo o tshwaretse batho botlhe kgonego ya poloko Jaaka Paulo a ne a kwala ka go re: “Gonne go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi. Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.” (1 Timotheo 2:5, 6) Mme ke mang yo o tla arabelang thekololong, a ikgethela botshelo gona le loso? (Duteronome 30:19, 20) Batho bangwe ba gana molaetsa wa poloko wa Bokeresete. Mo go ba bangwe. ‘peo’ e nama metswe mme e bo e gola ka lobakanyana, mme moragonyana ba letlelela pogiso, dikgatlhego tsa dilo tse di bonalang kgotsa dikamego tse dingwe go ba tsena fa gare le poloko.​—Mathaio 13:3-8.

Ka jalo lefa poloko eo Modimo o e tshotseng e le gone go mongwe le mongwe, mme tsela eo dilo di tla tsamayang ka yone go tla supa gore poloko segolo-bogolo ke ya “bōnè ba ba dumèlañ.” Ka gone moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa ka go re: “Ke gōna ba ga echo, lo tlhōahalèlè bogolo go rurehatsa go bidiwa ga lona le go itshenkelwa ga lona: gonne ha lo diha dilō tse, ga lo ketla lo kgocwa gopè.”​—2 Petere 1:10; Yohane 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela