LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 12/15 ts. 27-31
  • Boloka Tumelo E E Tiileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boloka Tumelo E E Tiileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kitso E Aga Tumelo
  • Boikokobetso Bo A Tlhokafala
  • Leka Tumelo ya Gago
  • Thapelo E Botlhokwa-tlhokwa
  • Seabe sa Dipokano
  • Go Neela Bosupi le Tumelo ya Rona
  • Go Nna le Tsholofelo mo ‘Motlhankeng’
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Kafa Tumelo ya Boammaaruri e Ka go Thusang Ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 12/15 ts. 27-31

Boloka Tumelo E E Tiileng

“Lo tla nna mo moralong lobaka lo lo kae?”—1 DIKGOSI 18:21, The New English Bible.

1. Bangwe ba itshwara jang malebana le boammaaruri?

TSHEKAMELO ya go belaela, e e tlwaelegileng thata gompieno, e ka ama le eleng boikutlo jwa gago malebana le Modimo le Bibela. Batho bangwe ba utlwa boammaaruri, baa bo rata ba bo ba ithuta Bibela ka lobakanyana. Ba nna gone mo dipokanong di le mmalwa tsa Bokeresete mme tota ga ba tlhaloganye lebaka la gore go direla Modimo e tshwanetse ya nna boikaelelo jwa bone mo botshelong.—Mathaio 13:3-9.

2. (a) Ba bangwe bone ba itshwara jang? (b) Ke kgakololo efe e e molemo e e fitlhelwang mo go Bahebera 10:36-39?

2 Go na le ba bangwe bao ba ileng ba amogela boammaaruri, ba neela matshelo a bone go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete mme ba tshwantshetsa boineelo joo ka kolobetso ya metsi. Mme ba palelwa ke go tswelela pele. Ka dinako tse dingwe, ba senya oura kana tse pedi mo bodiheding jwa tshimo. Mme tota ga ba tshelele boineelo jwa bone, ka go bo go ineela go Modimo o sa sia sepe go raya go ineela gotlhelele le ka tlhoafalo go ene.—Mathaio 16:24; Bahebera 10:36-39.

3. Eliya o ne a reng ka ga boemo jo bo neng bo batlile bo tshwana?

3 Batho ba ba etsaetsegang ba ka nna ba rata boammaaruri, mme gape ba rata lefatshe. Ba ka nna ba bo ba santse ba tswela mekgwa mengwe ya bogologolo pelo. Boikanyegi jwa bone bo a reketla. Bogologolo tala, Eliya o ne a botsa Baiseraele jaana: “Lo tla akabala ha gare ga maikutlō a le mabedi ka lobaka lo lo kaee? E re ha Yehofa e le Ena Modimo, eañ naè: me ha e le Baale, hoñ lo eeñ naè.” Thanolelo e nngwe e e baya ka tsela eno: “Lo tla nna mo moralong ka lobaka lo lo kae?”—1 Dikgosi 18:21, NE.

4. Bomosola jwa tirelo e e tlhoafetseng ke bofe?

4 Batho ba ga Jehofa ba bona boipelo le tapologo mo tirelong e e tlhoafetseng. (Tito 2:13, 14) E ba thusa gore ba nne ba tshela semoyeng. Ba bantsi, segolo-bogolo bao ba nang le boitemogelo jwa lobaka lo loleele mo tirelong ya Modimo, ba supa tlhoafalo e e tlhomologileng. Mme dipego go tswa kwa mafelong a mantsi di akantsha gore basha kana batla-bosheng ba santse ba raelwa ke lefatshe, go na le gore ba itatlhele ka pelo yotlhe mo tirelong ya ga Jehofa. Akanya ka maipelo le masego tseo ba ka bong ba na le tsone fa e le gore ba ne ba ngaparela mo boammaaruring ka tlhomamo le go gatela pele ka maatla a magolo mo tirelong e e boitshepo, ka gongwe jaaka babulatsela ba nako e e tletseng, ba gatisa go ba bangwe go potlaka ga metlha ya rona ka tlhoafalo.

5. Ke dipotso dife tse go ka tswang go le molemo go di ipotsa?

5 Go ka nna molemo gore o ipotse jaana: A tota ke tiile mo tumelong, kana ke maikutlo mabedi? A ke letlelela dilo tse di ipedisang mme e se tsa mosola wa sepe go ja nako ya me? A ke senya nako e ntsi ke lebeletse thelebishene, ke lelekisa metshameko kana ke dira dilo tse dingwe tse di itumedisang mme di ja nako yotlhe go na le eo ke e neelang tirelong ya Modimo? Kana go ikokobetsa ka kutlo le go direla Modimo ke tsone boikaelelo jwa me jwa tota mo botshelong? Fa e le gore go dira thato ya bomodimo ke boikaelelo jwa gago mo botshelong, Modimo o tla go tshegetsa, mme o tla kgona go ipelela masego a gagwe ka bosakhutleng.

6. Ke kgakololo efe e e mo lokwalong lwa ga Jakobe e e ka re thusang go boloka tumelo e e tiileng?

6 Go botlhokwa go tsaya dikgato tse di tlhomameng go boloka tumelo ya gago e tiile o lebeletse botshelo jo bo sa khutleng mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo. Eliya o ne a kgothaletsa ba bangwe go emela se se siameng ka bopelokgale. Jakobe o kwadile jaana: “Ke gōna ka re, lo ineeleñ mo Modimoñ: me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba. Atamèlañ Modimoñ; me o tla lo atamèla. Itloseñ leshwè mo diatleñ, baleohi ke lona; lo intlahatsè dipelo, lona ba lo maikutlō mabedi.” Jakobe o ne a kwalela bao ba neng ba tlhoka go ikwatlhaya ka go bo dipelo tsa bone tse di maikutlo mabedi di ne di ba gogela mo go direng ditiro tse di itumololang Modimo. Kgakololo ya gagwe e ka nna mosola fa e le gore o ile wa raelwa ke ditsela tsa lefatshe. Jakobe o kwadile jaana: “Ipatikeñ, lo hutsahalè, lo lelè: a go tshèga ga lona go hetogè khutsahalō, le boitumèlō yoa lona bo hetogè pelo e botlhoko. Iñōtlahatseñ ha pele ga [ga Jehofa], me o tla lo goletsa.”—Yakobe 4:7-10.

Kitso E Aga Tumelo

7. (a) Kitso e nyalana jang le tumelo? (b) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go dirisa Bibela mo go tlhagoleleng tumelo?

7 Tumelo ke kgato ya boikanyo. E theilwe mo kitsong ya boammaaruri le boitemogelo. Fa o itse kaga Modimo thata ebile o na le boitemogelo ka Lefoko le ditsela tsa gagwe ka mo go oketsegileng o tla nna le tumelo e e nonofileng segolo. Bibela e re: “Tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ.” (Bahebera 11:1) Tumelo ya gago e ka ikanya eng fa e le gore o na le kitso e e lolea kaga seo Jehofa a se dirileng? Modimo o go file kgopolo, botlhale le kgono ya go tlhaloganya. Tseno ke dineo, mme o solofetse gore o di dirise mo go ithuteng kaga gagwe. Fa o kwalela mongwe lekwalo, o solofetse gore a le bale, eseng go le baya fela mo shelofong kana go le tlogela mo tafoleng jaaka mokgabiso. A o badile le go ithuta makwalo ao Modimo a re kwaletseng one—Lefoko la gagwe le le kwadilweng? Ka go ithuta le go le utlwisisa o tla ithuta dilo tse gongwe o neng o ka se di itse. Go botlhokwa go gakologelwa bomosola jwa boikitsiso joo Bibela e bo neelang. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o rile: “Batho bao ba supang dipelaelo gantsi ga ba ithute thata. Ga ba itse sepe se se kalo-kalo ka Bibela—ga ba ise ba ke ba dire boammaaruri gore e nne jwa bone.”

8. Go akantshiwa eng fa mongwe a tsosa potso e o ka sekeng wa e araba?

8 Fa mongwe a botsa potso eo o ka se kgoneng go e araba, a seno se tshwanetse go tshwenya tumelo ya gago? Nnyaa. Ga go ope yo o itseng sengwe le sengwe. Ka jalo, batlisisa. Tlhatlhobisa temana. Bala ditemana tse di e dikologileng mme o tlhomamise kgang. Comprehensive Concordance of the New World Translation of the Holy Scripture, le buka ya Aid to Bible Understanding le Watch Tower Publications Indexes di ka go thusa go bona ditemana tse di nyalanang, gore boikitsiso bo simologile jang le puisano ya kgang eo. Bakeresete ba ba nang le maitemogelo a a oketsegileng le bone ba ka thusa. Mosupi yo o nang le boitemogelo jwa dingwaga tse dintsi o rile: “Ga ke ise nke ke palelwe ke go bona karabo e e kgotsofatsang.”

9. Re ka ithutang mo sekaong sa Baberea?

9 Re tshwanetse ra tshwana le Baberea bao go buiwang thata kaga bone mo Bibeleng ka go bo ba ne ba “lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe” go tlhomamisa gore a dilo tse moaposetoloi Paulo a neng a di ruta di ne di le boammaaruri. Ba ne ba seka ba swabisiwa ke seo ba neng ba se bona. Ka gone, “bantsi ba bōnè ba dumèla.” Mongwe wa bone, yo a neng a bidiwa Sopatere, o ne a nna le tshiamelo ya go tsamaya le Paulo go ya Makedonia mo loetong Iwa ga moaposetoloi lwa boraro Iwa borongwa.—Ditihō 17:10-12; 20:4.

Boikokobetso Bo A Tlhokafala

10. (a) Kitso e ka se dirisiwe sentle jang? (b) O akanya gore Diane 16:5 e tla nna le phelelo efe mo boikutlong jwa rona?

10 Kitso ka boyone ga se bokhutlo. Go na le moo, ke sedirisiwa seo se tshwanetseng go re thusa go anaanela Jehofa Modimo le Lefoko la gagwe. Kitso ya boammaaruri, e tswakane le lorato, e tshwanetse go tlhotlheletsa boikokobetso, eseng boikutlo jo bo feteletseng jwa go nna botlhokwa ga rona. Batho bangwe ba a ithuta, eseng go ithuta kafa ba ka direlang Modimo botoka ka gone, mme go itlotlomatsa le megopolo ya bone. Ba ka nna ba ikgogomosa le go nyatsa ba bangwe—bakaulengwe ba bagolwane le eleng phuthego ya Bokeresete le mmele otlhe wa boammaaruri jwa Bibela jo e bo rutang.—Diane 16:5; 1 Bakorintha 8:1.

11. Kitso le botlhale tsa rona di tswa kae, mme seno se tshwanetse sa re rutang ka ga boikokobetso?

11 Lefa go ntse jalo, ga re na sepe seo re ileng ra seka ra se bona go tswa motsweding mongwe. Re ruile botlhale jwa rona go tswa mo batsading ba rona, mme batho ba bo neetswe ke Mmopi wa rona, Jehofa Modimo kwa tshimologong. Kitso ya rona e ne ya tla ka bao ba neng ba re thusa, go tswa dilong tseo re di badileng le go Modimo yo eleng motswedi wa boammaaruri. Tota, sengwe le sengwe seo re nang le sone se simologile go Modimo. Moaposetoloi o kwadile jaana; “Gonne mañ eo o gu chwanolotseñ le eo moñwe? me u na le eñ se u se kañ ua se nèwa hèla? me ha u se neilwe, u belahalèlañ, yaka ekete ga ua se nèwa?”—1 Bakorintha 4:7

12. Ke ntlha efe e e maatla e e tlhagisiwang go Pesalema 25:9 le Yakobe 4:6?

12 Jehofa gaa re atlhole ka botlhale jo re bo ruileng, mme ka boikokobetso jwa rona le go rata ga rona go ithuta tsela ya gagwe le go e latela. Boikokobetso le tumelo di tsamaya mmogo. Bibela e re ke “ba ba pelonōlō” bao Modimo o ba rutang tsela ya gagwe. E tlhalosa gape ka gore: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsang o ba nee tshegōhaco.”—Pesalema 25:9; Yakobe 4:6.

13. Dingwe tsa dikao tsa go rutega ke dife?

13 Boikokobetso bo kopanyeletsa go rata go siamisiwa. Baaposetoloi Petere le Thomase ba ne ba le dikao tse di tlhomologileng tsa seno. Petere o ne a le kwa pele-pele mo go bueng, mme seno se ne sa tsamaisana le go siamisiwa ga gagwe thata, le go kgalemelwa kana le eleng go kgobiwa. Lefa go le jalo Petere e ne e le modiri yo o tlhoafetseng, yo o matlhagatlhaga, mme tumelo ya gagwe, boitlhomo le bopelokgale ke dikao tse di tlhomologileng go rona rotlhe. Thomase o ne a sa dumele gore Jesu o ne a tsositswe, mme fa a ne a lebanngwa le bosupi, o ne a bo amogela ka ponyo ya leitlho. A re bontsha boikokobetso jo bo tshwanang fa diphoso kana go tlhoka kutlwisiso ga rona go siamisiwa ka Dikwalo?—Yohane 20:24-29.

Leka Tumelo ya Gago

14. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o dirang seo se mo thusang go boloka tumelo e e tiileng?

14 Mogolwane mongwe wa Mokeresete, yo o nnileng mo boammaaruring ka lobaka lo loleele, gantsi o ipotsa gore ke ka ntlhayang fa tumelo ya gagwe e santse e nonofile fa batho ba bangwe ba a neng a ba itse ba ile ba katogela kong. O bolela gore o ile a gakologeIwa ka metlha kgakololo ya ga Paulo: ‘Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ; itlhotlhomiseñ ruri.” (2 Bakorintha 13:5) Gantsi fa mogoIwane yono a kgweetsa go ya tirong o a iteka, a boeletsa boammaaruri jwa Bibela mo mogopolong wa gagwe. O akanyetsa ka motlotlo wa boammaaruri jono, mo tlhaloganyong a ipaya a bo tlhalosa le go bo femela fa pele ga batho ba mefuta yotlhe. Mokaulengwe yono o supa gore dipuo tsa phatlalatsa kwa Holong ya Bogosi gantsi di ile tsa tlhomamisa gape mo megopolong ya rona lebaka la gore Bibela eleruri ke Lefoko la Modimo. Mme o ipotsa jaana: “Re ka itse jang dilo tseno fa e le gore re ne re ise re ye kwa dipokanong koo di ileng tsa tlotlwa gone?” Ka metlha o ipotsa kaga bomolèmo jwa Modimo le phuthego ya Gagwe. Molebedi yono wa Mokeresete o akareletsa go anaanela dilo tseno mo dithapelong tsa gagwe mme o re: “Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntumelela go nna le batho ba gagwe.” A o ka solegelwa molemo mo go diriseng diteko tse di tshwanang go bona fa e le gore a ruri o “mo tumeloñ”?

Thapelo E Botlhokwa-tlhokwa

15, 16. Ke ka ntlhayang fa thapelo e le botlhokwa mo go kana-kana mo go bolokeng ga rona tumelo e e tiileng?

15 Sekao seno se tlisa dintlha tse pedi tsa botlhokwa-tlhokwa mo go bolokeng tumelo e e tiileng: thapelo le dipokano tsa Bokeresete. Gantsi, batho bao tumelo ya bone e leng bokoa ba rapela fela sewelo. Rre mongwe wa Mokeresete o gakologelwa ntlha ya gore Daniele o ne a rapela makgetlo a le mmalwa ka letsatsi, le eleng morago ga fa molao o o kgatlhanong le go rapela o sena go tlhomiwa. (Daniele 6:6-10) Ka makgetlo a le mmalwa ka letsatsi rre yono o leba go Jehofa go bona botlhale le kaelo.

16 A o etsaetsega go rapela? Mopesaleme a re: “Yehofa o gauhi le botlhe ba ba mmitsañ, eboñ botlhe ba ba mmitsañ ka boamarure.” Jesu o boditse jaana: “Me ke gōna ha e bo ne ne yana, lona lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō, bogolo yañ Rra eno eo o kwa legodimoñ o tla naea ba ba mo lōpañ dilō tse di molemō?” (Pesalema 145:18; Mathaio 7:11) Jehofa eleruri, o tla neela bao ka boikokobetso ba mo kopang ka tumelo “dinèō tse di molemō.”

Seabe sa Dipokano

17. Ke dikao dife tsa Bibela tse di bontshang botlhokwa jwa go kopana le badumedi-ka-rona?

17 Mo godimo ga thapelo, go kopanela ka metlha le badumedi-ka-wena le gone go botlhokwa mo tumelong. Gararo ngwaga mongwe le mongwe banna botlhe ba Iseraele ba ne ba tshwanelwa ke gore ba “bōnalè . . . ha pele ga Yehofa Modimo” mo Jerusalema. Ka go lemoga botlhokwa jo bogolo thata jwa dipaka tse di ntseng jalo, banna ba bantsi ba ne ba tsaya malapa otlhe a bone. (Ekesodo 23:14-17; Luke 1:41-45) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a lebelela pele kgothatso e e agelelang tumelo go tswa mo phuthegong ya Roma. O ne a eletsa go nna le badumedi-kaene koo gore ‘go tle go nne le kgomotso nngwe’ le go agiwa semoyeng ka tumelo ya babangwe.—Baroma 1:11, 12.

18. Bao ba nonofileng mo tumelong ba leba jang dipokano tsa Bokeresete?

18 Batho bao tumelo ya bone e nonofileng ba sola dipokano tsotlhe tsa Bokeresete molemo. Ga ba tsamaye morago ga oura ya ntlha, kana ba tla fela mo oureng ya bobedi. Ba solegelwa molemo ke dipokano tseno, ba lemoga gore tseno di ba neela sebaka sa go ithuta, go kgothadiwa, go segofadiwa, le gore mo dipokanong tse di ntseng jalo re ka amogela thuso mo go rateng bakaulengwe mme re ka tlhotlheletsana mo “loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō.” (Bahebera 10:24, 25) Re ka amogela kgothatso e e ntseng jalo jang kwantle ga go kopanela le bao ba ka re e neelang?

Go Neela Bosupi le Tumelo ya Rona

19. Go neela bosupi ga Bokeresete go nonotsha tumelo jang?

19 Go neela Bosupi jwa Bokeresete ke tsela e nngwe ya go thusa go agelela tumelo. Jakobe o kwadile jaana: “Mpontsha tumèlō ea gago kwa ntlè ga ditihō tsa gago, me nna ke tla gu bontsha tumèlō ea me ka ditihō tsa me. Gonne yaka mmele ha o sena mōea o shule, go nntse hèla yalo, tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:18, 26) Tiro ya konokono ya Bakeresete ke go ruta ba bangwe, mme ope fela wa Basupi ba ga Jehofa o tla go bolelela gore: ‘Go neela bosupi eleruri go agelela tumelo!’ Ga go sologelwe yo o rutwang molemo fela, mme gape le morutisi. Ke tiro e e agelelang, e e nonotshang tumelo. Go neela bosupi go dira gore o femele tumelo ya gago. Go lootsa go akanya ga gago. Ee, mme go neela bosupi kaga Bogosi go tlisa masego a a tswang go Modimo, go akareletsa le kaelo ya moya wa gagwe.—Mareko 13:11; Baroma 10:14, 15.

Go Nna le Tsholofelo mo ‘Motlhankeng’

20, 21. (a) Ke eng seo se leng botlhokwa go se gakologelwa kaga “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”? (b) Mokeresete mongwe o ne a tlhalosa seno jang?

20 Go botlhokwa gape go gakologelwa gore re ithutile boammaaruri Iwa ntlha kae. Ke mang yo o neng a re thusa go agelela tumelo ya rona mo Bibeleng le mo ditsholofetsong tsa yone? Re tlhalogantse jang seo Bibela e se kayang go rona gompieno? Jesu o ne a bolela gore mo go boeng ga gagwe o ne a tla fitlhela “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” a baakanyetsa ka dijo tsa semoya le gore “motlhanka” yo o ka fitlhelwang a dira jalo o ne a tla tlhomiwa go lebela dilo tsotlhe tsa morena wa gagwe.—Mathaio 24:45-47.

21 Monna mongwe wa Mokeresete o rile: “Phuthego e e bonalang ya ga Jehofa ke motswedi o go ka ikaegwang mo go one thata. Ga go le ka motlha e ileng ya ntimetsa ka tsela epe fela. Sengwe le sengwe se e ileng ya se bolela se ne se theilwe mo Lefokong la Modimo ebile se ile sa nna molemo thata go nna, lelapa la me le go mongwe le mongwe yo ke mo itseng. Seno se agelela tumelo e e gakgamatsang kafa nna ke bonang ka teng.”

22. Ke dipotso dife tseo di ka go thusang go tlhatlhobisa kafa o tlhokomelang tumelo ya gago ka bowena ka teng?

22 A o ile wa ithuta Lefoko la ga Jehofa, wa le amogela le go le dumela? A o ile wa neela botshelo jwa gago go Modimo le go bo tshwantshetsa ka kolobetso ya metsi? A jaanong o tshela tumalanong le boineelo joo? A o kopa Modimo gore a go kaele, a go neye kitso le tumelo? A o tswelela ka thuto ya gago ya botho, ka metlha le ka maatlametlo? A o gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha? A o tlhagafaletse le go tlhoafalela tirelo e e boitshepo ya Modimo? A o tokafatsa boleng jwa tiro ya gago ya go dira barutwa, kana a o ile wa e letla go nna tiro fela ya tlwaelo?—Mathaio 28:19, 20.

23. O tshwanetse wa lebana le mathata, diteko le dikgoreletsi jang?

23 Ke boammaaruri gore rotlhe re na le mathata, ebile re na le makoa a rona. Mme fa re lebane le diteko le dikgoreletsi ga re a tshwanela gore re etsaetsege, re kgarakgatshege kana re nne fela mo moralong. Go na le moo, re batla gore re nne mogopolo o le mongwe le go tlhomamisega ka boammaaruri, Jakobe o kwadile jaana: “Ba ga echo, lo kaeè ha e le boitumèlō hèla, mogañ lo wèlañ mo ditekoñ di le dintsi; Lo nntse lo itse ha go lekwa ga tumèlō ea lona go tlo go cose bopelotelele.” Paulo o gakolotse jaana: “Disañ, lo èmè ka tlhōmamō mo tumeloñ, lo dihè yaka banna, lo nnè thata.” (Yakobe 1:2, 3; 1 Bakorintha 16:13) Go nna re ntse re le mo tumelong ya boammaaruri jaaka basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse go tlhagolela nonofo ya tumelo, loungo lo eleng Iwa moya o o boitshepo wa Modimo.—Bagalatia 5:22, 23.

24. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa mo go kana-kana go nna le tumelo e e tiileng?

24 Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go dira seno? Ka go bo tumelo ke thebe kgatlhanong le Satane, yo o “[potologang] yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.” “Le mo godimo ga cotlhe lo bo lo tseè thèbè ea tumèlō, e e leñ eōna lo tla itseñ go tima mecwe eotlhe e e molelō ea eo o boshula ka eōna.” (1 Petere 5:8-10; Baefesia 6:16) Fa o boloka tumelo e e tiileng, o tla batla go dira dilo ka tsela ya Modimo. Pelo ya gago e tla siama. Ditiro tsa gago di tla dumalana le ditaelo tsa gagwe, mme o tla gatela pele, o tswelela pele mo tseleng e tshesane e e isang botshelong.—Mathaio 7:14.

Poeletso:

◻ Ke ka ntlhayang fa batho bangwe ba belaela, mme ba ka dirang ka gone?

◻ O ithutileng kaga kitso le boikokobetso?

◻ O ka nonotsha tumelo ya gago jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa mo go kalo go boloka tumelo e e tiileng?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Dikgatiso tsa Watch Tower ke thuso e kgolo mo go batlisiseng ditlhogo le dipotso tsa Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela