Kopano ya Rona Ya “Kutlwano ya Bogosi”—Goreng ‘E di Gaisitse Tsotlhe!’
KUTLWANO ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa—abo e farologana jang le tlhoka-kutlwano ya lefatshe jeno je legologolo! Lemororo batho ba ga Jehofa ba feta 2 650 000 mo mafatsheng a a fetang 200, ba utlwana mmogo mo tirelong e e boitshepo go Modimo tlase ga Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. Ke boammaaruri, Basupi ba bua dipuo tse di farologaneng. Mme ba na le “puō e e itshekileñ” e e tshwanang eo e ba kgonisang go direla Jehofa Modimo ba kopane “ka tumalanō e le ñwe hèla.”—Sefania 3:9.
Dikopano tsa malatsi a le mane tsa “Kutlwano ya Bogosi” di ne tsa neela bosupi jo bo phepafetseng jwa bongwefela jwa batho ba ga Jehofa. Mo go tseno, setlhogo sa kutlwano ya Bogosi se ne sa tlotlomadiwa bobotlana ka ditsela di le nne: (1) Dipolelo di le mmalwa di ne tsa tlhalosa ka setlhogo sa kutlwano ya Bogosi; (2) dintlha tse dingwe tsa thulaganyo, jaaka puo ya kolobetso le metshameko ya Bibela, di ne tsa otlelela kutlwano; (3) dipego tsa barongwa di ne tsa gatiseletsa setlhogo seno; mme (4) dikopano ka bontsi di ne tsa golaganngwa ka telefounu mo dipuong dingwe tseo di neng di neelwa ke maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Ka motlhala, ka July 7-10, 1983, ka go golaganngwa mono dikopano di le 48 di ne tsa lomaganngwa mmogo mo nageng yotlhe ya United States, Canada, Bermuda le Hawaii—a pontsho e e gakgamatsang ya kutlwano ya Bogosi!
Ga go lefa e le leng pele Watch Tower Society e kileng ya amogela bontsi-ntsi jo bo kalo jwa dikwalo mabapi le kopano. Ka bobedi bannye le bagolo ba ile ba fitlhela thulaganyo e ama pelo ebile e nonotsha tumelo mme ba ntsha ditlhaloso tse di tshwanang le tse: “Kgakololo e ne e papametse e bile e phepafetse, sone fela seo re neng re se tlhoka.” ‘Modiho wa dijo tse di nonneng.’ “Re lo lebogela go re kgothaletsa go atamalana le Rraarona wa selegodimo le go utlwana mo kobamelong e e itshekileng.” E le gantsi-ntsi go feta lefa e le leng pele, batla-kopanong ba ne ba tle ba utlwiwe ba re: ‘E di gaisitse tsotlhe!’
Badiri Mmogo ba Bogosi jwa Modimo
Go tswa fela mo letsatsing la ntlha, ka setlhogo se se fa godimo, go ne ga phepafala sentle gore dikakgelo tsa kanaanelo ruri di ne di tshwanela. Mo puong ya ntlha, botlhe bao ba neng ba kopane ba ne ba kgothalediwa go reetsa ka kelotlhoko, ba tlhaloganye se ba neng ba se utlwa le go dirisa kgakololo. Puo ka modulasetilo, “Re Baeng ba ga Jehofa, Modimo wa Kutlwano,” e ne ya gatisetsa tlhokafalo ya go bontsha kanaanelo e e boteng ya dijo tsotlhe tsa semoya tse di baakanyeditsweng mo kopanong. Gore re nne baeng ba Modimo re tshwanetse gore, gareng ga dilo tse dingwe, re tshegetse lefoko la rona mme re seka ra bua kana ra dira sepe se se ka sekeng se utlwalege sentle mo badumeding ka rona. (Pesalema 15) Mo karolong e e neng e re “Bangwe ba Baeng ba Lobaka lo Loleele baa Supa,” abo go ne go itumedisa jang go ikutlwela go bangwe bao ba ileng ba nna ‘baeng’ ba ga Jehofa ka dingwaga tse 60 kana go feta! Ruri ba ile ba supela gore Modimo o segofatsa le go tshegetsa batho ba gagwe.
Se se latelang, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba kgothadiwa ka go re “Nnang Lo Ntse Lo Rera ka Bogosi.” Gareng ga mabaka a a patelelang seno ke ano: Go rera ka Bogosi ke bontlhanngwe jwa “seshupō” se Jesu a se neetseng, batho ba atlholwa go ya kafa ba arabelang ka gone molaetseng, mme fa e se fela rona re ka tswelela re ntse re rera ka borona re tla latlhegelwa ke pono ya rona ya dikgatlhego tsa Bogosi. (Mathaio 24:3, 14) Tatelano ya dipontsho tseo di neng tsa tla moragonyana e ne ya bontsha kafa re ka dirisanyang ka katlego ka gone le dipotso tseo gantsi re thulanang le tsone mo bodiheding. Go tswa foo ga tla kgakgamatso e e sa lebelelwang ya go amogela Dikgang tsa Bogosi No. 32, ka setlhogo “Sephiri sa Lelapa Le Le Kopaneng Le Le Le Itumetseng—Ke Sefe?” Batla-kopanong ka tlhoafalo ba ne ba itseela tseno, mme tsa dirisiwa ke ba le bantsi mo tirelong ya tshimo mo motshegareng one oo.
Seo se neng se tlhomologile segolo bogolo e ne e le kitsiso eo e neng ya dirwa mo puong e e neng e re “Mmino O O Bakang Jehofa.” Mokgatlho o rulaganyeditse buka e ntšha ya dipina! Seno se anaanelwa segolo ka jaana go setse go fetile dingwaga tse 17 fa e sale Basupi ba ga Jehofa ba amogela ya bofelo. Melodi ya katara e tla utlwala mo dipineng tseo tse 225 mo bukeng e ntšha, mme e tla gatisiwa ka selekanyo se segolo gammogo le se se botlana. Go ne ga tshamekiwa di le tharo jaaka dikaelo, mme mmino otlhe o o neng o utlwiwa pele ga dithulaganyo tsa mo mosong le mo motshegareng o tla fitlhelwa mo bukeng ya dipina e ntšha.
Go Kopanwe Sentle ka Mogopolo o le Mongwe
Letsatsi la bobedi la kopano le ne la nna le setlhogo seo se se neng sa lebisa tlhokomelo mo maikarabelong a rona a phuthego le ditlamego tsa lelapa. Puo eo e neng e re “Go Etsa Balebedi ba ba Ineetseng Mmogo” e ne ya gatelela tlhokafalo ya go etsa tumelo e e nonofileng, lorato lo lo seng pelotshetlha le tlhoafalo e e tukang eo e bontshiwang ke bagolwane ba ba molemo. (2 Bathesalonia 3:7-9) Mo puong e nngwe batlhanka ba bodihedi ba ne ba kgatlhiwa ke lebaka la gore ba tshwanetse ba fitlhelela dipatlafalo tse dikgolo. Diphuthego di dira ka thelelo fa banna bano ba dira ka boikokobetso ka mokgwa o montle, ba isa tlotla yotlhe go Jehofa Modimo.
Puo e e neng e re “Karolo ya Rona ya go Tshegetsa mo Phuthegong” e ne ya go phepafatsa gore moya wa phuthego o dirwa ke rona. Jalo re ka nna ba ba tshegetsang jang? Ebu, ka ditiro tse di tshwanang le go ema nokeng dikgato tsa katlholelo tsa bagolwane, go tlhokomela Holo ya Bogosi le go arola ka botlalo mo tirong ya go neela bosupi! Jaaka thuso mo bodiheding jwa rona, abo re tla kgona go dirisa sentle dikwalo tseno tse di ntšha! Ee, ruri, Good News for All Nations, bukana eo e tshotseng bosupi ka dipuo di le 59, e tla bo e le tswelediso pele mo tirong ya rona ya go rera ka Bogosi.
Go tswa foo ga tla motshameko “Go Boloka Kutlwano ya Lelapa.” O ne wa ama dipelo tsa botlhe, bangwe o dira gore ba tsholole dikeledi. Abo motshameko ono o ne wa bontsha ka katlego botlhokwa jwa puisano e e atamalaneng magareng a batsadi le bana ba bone! A re ne ra se ka ra kgatlhwa thata ke kafa go tlhokafalang ka teng gore batsadi ba tlhaloganye kafa bana ba bone ba akanyang ka teng le go ikutlwa kaga dikgang?
Abo go ne ga nna le tlhagiso e ntle jang mo puong “Kgothatsanang jaaka fa Letsatsi le Ntse le Atamela”! A le ka motlha re se ineeleng mo go Diabolo, yo o lekang go re kgoba marapo gore re tle re tlhoboge. Rotlhe re tshwanetse ra direla mo go kgothatsaneng. Re ka neelana boipelo le kgomotso ka go ntsha dikakgelo tse di akanyetsang le go kgothatsa e ka ne ka borona sebele, ka founo kana ka dikwalo.
Mo metlheng eno, lelapa le tlhaselwa ke Diabolo le lefatshe la gagwe. Jalo dipuo tse tharo kaga lelapa, di ne tsa thusa e le ruri. Ya ntlha e ne ya supa gore banna, basadi le bana ba tshwanetse go ithuta mmogo, go nna mmogo kwa Holong ya Bogosi le go abalana mo bodiheding jwa tshimo mmogo. Mo puong ya bobedi, batsadi ba ne ba kgatlhwa ke kafa go tlhokafalang ka teng gore mo gae go nne le seemo sa tumelo le lorato. Ee, mme fa bana ba bone ba santse ba le basha, batsadi ba bomodimo ba tshwanetse go simolola go baya pele ga bone mekgele e e melemo jaaka tirelo ya Bethele le ya borongwa. Mo puong ya boraro, “Basha, Tshegetsang Melao-metheo ya Bokeresete kwa Sekolong,” babotlana ba rona ba ne ba kgothalediwa gore ba itsise ba bangwe gore ke Basupi ba ga Jehofa le batshegetsi ba melao-metheo ya Bibela. Go ne ga phepafadiwa gore malatsi a boikhutso a selefatshe ga a a tshwanela basha ba Bakeresete, lefa e le tsone ditiro tsa morago ga dithuto tsa sekolo tseo di jang nako.
Puo “Ka Moo Jehofa A Re Bolokileng Re Kopane ka Gone” e ne ya otlelela sebaka seo lesedi le le ntseng le oketsega la semoya le nnileng le sone mo go kopanyeng batho ba ga Jehofa. Mo mafatsheng ka bontsi bakaulengwe ba le babedi ba ba godileng ba ne ba botsolotswa. Ba ne ba kgona go supa ditsela tse ka tsone Jehofa a ileng a sireletsa batho ba gagwe tebanong le dipogiso le kafa a ileng a ba boloka ka gone ba le phepa semoyeng le go utlwana go ralala dingwaga. Go ka nna ga okediwa ka gore mo United States le Canada karolo eno ya thulaganyo e ne ya supa paakanyetso e ntšha, madi a Holo ya Bogosi ya Mokgatlho. Kwa bokhutlong jwa puo eno go ne ga neelwa boipolelo jo bo neng jwa amogelwa ka matlhagatlhaga. Mo ‘Boipolelong jono jwa Kutlwano’ Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fetsa ka gore ba ne ba tla nna ba kopane, ba tshegeditse boitshwaro jo bontle le go nna ba ntse ba itsise mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
Puo ya setlhogo, “Kutlwano ya Bogosi ke ya Mmatota Gompieno,” e ne ya bapisa tlhoka-kutlwano ya lefatshe la ga Satane le kutlwano e e molemolemo ya batho ba ga Jehofa. Kwa bokhutlong jwa puo eno, bukana e ntle ntle Sekolo le Basupi ba ga Jehofa e ne ya ntshiwa. Ka puisano ya yone e e nonofileng le dipotso tseo di ka nnang tsa tsoga mo sekolong ka ntlha ya go bo re le Basupi ba ga Jehofa, e solofetsa go nna namane e tona ya thuso le lesego.
Puo e e digelang ya letsatsi leo e ne ya bua e sa kgwe mathe ka ga go dirisana le serai seo bangwe ba batho ba Modimo ba ileng ba itetlelela go tshwarwa ke sone. Puo eno, ya setlhogo “Itiseng mo Megagarung ya Lefatshe le le Ratang Dikhumo,” e ne ya supa dikotsi tsa bogagaru ya bo ya bontsha gore batho bangwe ba ile ba kgaolelwa go sa ikanyegeng moo go neng ga lere kgobalo ya tsa madi mo go ba bangwe.
Go Tlhokomela Bongwefela jwa Moya
Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la boraro. Tsela e nngwe ya go tlhokomela bongwefela jwa moya ke ka go itshwara tumalanong le puo e e reng “Nnang Lo Rapelelane.” Ka motlhala, re ka rapelela gore bao ba tsamaisang tiro ba ka fiwa botlhale le gore moya wa Modimo o ka tshegetsa bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba ba bogisiwang. A ga re atamalanngwe ka kutlwano e kgolwane ka go rapelelana le ka go lemoga gore badumedi-ka-rona ba a re rapelela?
Go ne ga bodiwa dipotso tse di gwetlhang maikutlo mo puong “A O Rulaganya Isagwe ya Gago le Phuthego ya Modimo?” Go ne ga phepafadiwa sentle gore lefatshe leno ga le na isagwe. Ruri, tsela e e molemo-lemo ya go rulaganyetsa isagwe ke ka tiro ya bodihedi jwa nako e e tletseng, jaaka fa e thusa go re siamisetsa tirelo mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Ka tlholego, go leba kwa isagweng go kopanyeletsa “Go Tlhoma Mekgele e e Siameng le go e Fitlhelela.” Mo puong eno go ne ga bontshiwa gore ka tshwanelo re ka tlhoma mekgele ya temana khutshwane e e kopanyeletsang go ithuta, go tlhakanela mo dipokanong, tirelo ya tshimo, jalo jalo. Gone, mokgele o o temana telele o re ka o lekelang ke botshelo jo bo sa khutleng. Puo e e omosang pelo ya kolobetso eo e neng ya digela thulaganyo ya mo mosong e ne e na le bokao jo bo kgethegileng go bao ba fitlheletseng mokgele wa boineelo go Jehofa Modimo.
“A O Tlhokomologa Diphoso tsa mo Sephiring?” Abo puo eno e ne ya re dira gore re akanye! E ne ya bontsha ka maatla gore a re ka ne re lebilwe ke batho kana nnyaa, Modimo o a re bona mme e bile o duela boikanyego. Se se neng ga dirisangwa le sone segolo bogolo e ne e le diphoso tsa mo sephiring tsa phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi, tiriso e e feteletseng ya tagi le go ineela mo kgatelelong mo kgannyeng ya tshelo ya madi o sena go tlhomamisediwa gore boleo jono bo tla bolokwa e le sephiri. Mme go tlhokomologa gotlhe moo ga diphoso tsa sephiri go felela ka segakolodi se se sa siamang le go sa amogelwe ke Jehofa.
“Re Farologane go le Kana-kang le Lefatshe?” e ne e le puo e e neng e le maatla thata eo e neng ya tsosa dikakgelo di le dintsi tse di molemo. Basupi ba ga Jehofa e le ruri ba tshwanetse ba farologana le lefatshe, ka jaana le le tlaseng ga taolo ya ga Satane le badimona! Mme dingwe tsa ditsela tseo re tshwanetseng ra farologana ka tsone ke dife? Ebu, mo ponong ya rona ka thutego ya selefatshe le ka go bapala madi a le mantsi, mo go seo re se kgethang jaaka boitloso-bodutu le ka tsela eo re ipaakanyang mmeleng ka yone! Tota ruri, tlhagiso ya ga morutwa Jakobe e botlhokwa, ka gore gone go batla fela go nna ditsala tsa lefatshe go re dira baba ba Modimo.—Yakobe 4:4.
Karolo e nngwe e ne e le ya “Sekolo sa Gilead—Diphitlhelelo tsa Sone (1943-1983).” Puo eno, eo e neng e tshwaya ngwaga wa bo 40 wa Gilead, e ne ya senola gore bontsi jwa baithuti ba ba fetang 6 000 ba sekolo ba ile ba romelwa kgakala mafatsheng a a ka fetang lekgolo. Barongwa ba ba ntseng jalo e ne e le Basupi ba ntlha go rera molaetsa wa Bogosi mo go dingwe tsa dinaga tseno. Go ne go itumedisa thata go utlwa maitemogelo a barongwa, a supa gore tirelo eno e sireletsa motho, e godisa lorato mo bathong mme e bile e kgotsofatsa eleruri.
Puo e nngwe e e neng ya romelwa ka megala ya telefounu e ne e le e e reng “Modisa yo o Molemo le Metlhape ya Gagwe e Mebedi.” E ne ya phepafatsa ntlha e e mo go Yohane 10:1-6 gore e lebisa go motlhape wa kgolagano ya Molao, fa Yohane 10:7-16 e raya motlhape wa kgolagano e ntšha. Mme segolo bogolo fa e sale ka 1935 “dinku di sele” di ile tsa ipelela go direla mmogo le ba ba leng motlhapeng wa kgolagano e ntšha jaaka letsomane le le lengwe tlase ga “modisa eo o molemō,” Jesu Keresete.
Puo e nngwe e e neng e golagantswe e ne e le e e reng “Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o Osi wa Boammaaruri.” Mo karolong eno ya thulaganyo, batla-kopanong ba ne ba itumela segolo fa go ntshiwa buka eo e neng e na le setlhogo se se tshwanang. E rulaganyeditswe segolo bogolo go dirisiwa mo phuthegong le jaaka buka ya bobedi go ithutwa ke bao ba sa tswang go kolobediwa bosheng kana ba ba atamelang go kolobediwa, e dirisanya le mabaka a a utlwanyang jaaka Lefoko la Modimo, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” kobamelo e e kopaneng ya ga Jehofa.—Mathaio 24:45-47.
Go Galaletsa Modimo ka Bongwefela jwa Pelo
Abo setlhogo sa letsatsi la bone se ile sa tsamaisana le boitlhomo jwa Kopano ya Kgaolo ya “Kutlwano ya Bogosi”! Puo “Kgwetlho ya Boitekanelo—A Re Emelana le Yone?” eleruri e ne e gwetlha maikutlo. Ka phepafalo, e ne ya bontsha gore fa re itekanetse re tla tlhagafalela go ruta ba bangwe re bo re tlhoafalela go dirisa kakaretso e e tletseng ya boammaaruri jwa Bibela mo matshelong a rona. Se se neng sa anaanelwa thata, gape, e ne ya nna puo “Masego a Kutlwano ya Bogosi a ne a Bolelelwa Pele.” Puisano eno ka Isaia kgaolo 32 e ne ya latelwa ke go ntshiwa ga Kingdom Melodies No. 4, khasete eo e neng e tshotse ka mo go feletseng dingwe tsa dipina tse di itumedisang tseo di tla bonalang mo bukeng ya dipina e ntša.
Setlhogo sa kutlwano se ne sa tswelela jaaka batla-kopanong ba ipelela motshameko wa Bibela “Go Dira Tiro ya Modimo ka Kutlwano Go sa Kgathalesege Kganetso.” Go sa kgathalesege kganetso e e maatla, Nehemia le Bajuda-ka-ene ba ne ba aga dithako tsa Jerusalema ka bopelokgale. Ka mo go tshwanang, baganetsi ga ba a atlega mo go emiseng tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo motlheng wa rona.
Puo ya phatlalatsa “Ke Bomang ba ba Kopaneng mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng?” e ne ya tlogela go sena pelaelo epe ya gore Basupi ba ga Jehofa ba le bosi ke bone fela ba ba kopaneng gompieno. E tletse sentle ka dikwalo tse di tshwanelang, ditsopolo tse di tlhamaletseng le dintlha tse di utlwalang, neelano eno e e tlhatswang pelo kwa ntle ga pelaelo e ne e le lebaka je lengwe la gore ke eng ba le bantsi ba ne ba ikutlwa gore e ne e le kopano e e di gaisang tsotlhe.
Go ne ga latela kgakololo e e bothitho thata jaaka fa batho ba ga Jehofa ba ne ba kgothadiwa ka gore “A Go Ratana ga Lona go Tuke” —sengwe seo re ka se kgaoganeng naso fa e le gore rona motho ka bongwe re tla kgona go tsena mo Thulaganyong e Ntšha. Mme gape, kutlwano ya Bogosi e tshwanetse ya rena jaaka fa go ile ga gatelelwa mo puong ya bofelo, “A re Duduetseng ka Boitumelo.”
Loungo Iwa Kutlwano ya Bogosi
Kwantle ga pelaelo o lemoga gore ke ka baka lang fa ba le bantsi ba tsaya kopano ya “Kutlwano ya Bogosi” jaaka e e di gaisitseng tsotlhe. Mme tota thulaganyo e ne ya tswelela go le kana-kang?
Ee, mosha mongwe o ne a dirile dithulaganyo tsa go ya univesithing, mme o ne a fetola maikutlo a gagwe morago ga go utlwa puo kaga go rulaganya isagwe ya gago le phuthego ya ga Jehofa. Lekawana leno jaanong le ikaelela go dira thero ya nako e e tletseng jaaka mmulatsela go nna tsela ya gagwe ya botshelo.
Bagolwane bangwe ba le babedi ba Bakeresete ba ne ba re thulaganyo ya kopano e ne ya ba neela moko o o tlhokafalang go dira phetso ya bofelo ya go rekisa magae a bone le dikgwebo mme ba ithebolele ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo. Mme ebile molebedi mongwe yo o godileng o ile a fitlhela boipelo jo bogolwane mo botshelong ka jaanong a tlhagafetse ka mo go oketsegileng go itseela dibaka tsa go neela kgothatso.
Kopano eo e e duelang eleruri e okeditse kutlwisiso ya rona le kanaanelo ya kutlwano ya Bogosi. Kutlwano e e ntseng jalo e ne ya bontshiwa ke ditiro tsa batho ba ga Jehofa mo malatsing a mane a kopano e e itumetseng. Jaanong, ekete rotlhe re ka neela tshupo e e tlhatswang pelo ya gore re kopane mo lefatsheng leno le le kgaoganeng le le le swang. Ka bongwefela, ekete basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ka tswelela ba galaletsa Modimo yo o sa bapisiweng le sepe wa kutlwano ya Bogosi.
[Tšhate mo go tsebe 30]
BA NE BA KOPANA MMOGO KA KUTLWANO YA BOGOSI
Palo Ba ba Ko-
Kakaretso lobeditsweng
North
America 1,247,617 12,092
Europe 709,765 10,620
Far East 246,358 4,664
Dipalo tseno, lemororo di sa felela gotlhe-gotlhe, di supa gore bontsintsi jo bogolo bo ne jwa solegelwa molemo mo dikopanong tsa “Kutlwano ya Bogosi”
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
F. W. Franz, mookamedi wa Watch Tower Society, a buisana le bareetsi ba kopano
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Thuso e ntšha ya go ithuta “Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o Osi wa Boammaaruri” e ntshiwa ke M. G. Henschel wa Setlhopha se se Laolang
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Motshameko o o kgoberang maikutlo “Go Boloka Kutlwano ya Lelapa” o ne wa sedimosa kafa go tlhokafalang ka teng go boloka puisano e e atamalaneng gareng ga batsadi le bana ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Baganetsi ba ka se emise ditiro tsa batho ba ga Jehofa, jaaka fa go bontshitswe mo motshamekong “Go Dira Tiro ya Modimo ka Kutlwano Go sa Kgathalesege Kganetso”
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Bangwe ba barongwa ba ba 52 go tswa mafatsheng a a 19 ba ba neng ba le gone kopanong ya “Kutlwano ya Bogosi” kwa London, England