LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 7/1 ts. 12-13
  • Mokgele wa Gago ke Eng mo Botshelong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgele wa Gago ke Eng mo Botshelong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Tumelo ya ga Moshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Moshe—Monna yo o Neng A Na Le Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 7/1 ts. 12-13

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Mokgele wa Gago ke Eng mo Botshelong?

O BATLA go fitlhelela eng mo botshelong? Thuto e e kwa godimo ya lefatshe? maemo a mantle mo lefatsheng? madi? go tuma? polokesego? Eno ke mekgele e e tlwaelegileng. Mme a go e fitlhelela tota go tla go naya se o se batlang mo botshelong?

Go go thusa go araba dipotso tseno, a ke o sekaseke botshelo jwa ga Moshe, jaaka fa bo bontshitswe mo ditshwantshong tseno. O godisitswe jaaka “morwa morwadia Farwe”—ebong mmusi wa lefatshe. Ka jalo, ereka Moshe e ne e le karolo ya lelapa la segosi la ga Farwe, o ne a na le sebaka se se feletseng sa go kopanela “dikgatlhègō tsa boleo.” Gape, o ne a kgona go fitlhelela “mahumō a Egepeto” motlhofo fela.—Bahebera 11:24-26.

Mo godimo ga moo, Bibela e re, “Me Moshe a rutwa botlhale yotlhe yoa Baegepeto.” (Ditihō 7:22) Jalo he, ka ntlha ya maemo a gagwe a a lesego, Moshe o ne a na le sengwe le sengwe se bantsi ba se batlang gompieno. Mme a dilo tse di mo tliseditse kgotsofalo le boitumelo tsa boammaaruri?

Le e seng mo go kalo. Lefa Moshe a ne a na le tsotlhe kafa mahumong, o ne a itse fa dilo tse e ne e le tsa mosola wa nakwana fela. A o ela ntlha eno ya botlhokwa tlhoko? Go ntse fela jaaka Jesu Keresete ka boene a kaile a re: “Gonne motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè?” (Mathaio 16:26) Sengwe le sengwe se re ka nnang le sone ga se na mosola wa sepe, fa re latlhegelwa ke botshelo jwa rona. A ga go jalo?

Ka jalo, Bibela e bua jaana ka ga Moshe: “O na a lebile tehō ea tuèlō.” Ee, Moshe o ne a lebile se Modimo o se solofetsang. O ne a lemoga gore mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng e na le boleng jo bogolo go feta sengwe lefa e le sefe. Ka jalo Moshe “o ne a ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:26, 27) Jehofa e ne e le wa mmatota mo go Moshe, mmogo le tsone ditsholofetso tsa Ona tsa botshelo jo bo sa khutleng.

A go ntse jalo mo go rona? Fa o bala kaga ditsholofetso tsa Modimo tsa go neela botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng ya selefatshe, a ditsholofetso tse ke tsa mmatota mo go wena? A o ipona ekete o setse o le leloko la Paradaise eo ebile o itumelela ditshegofatso tse Modimo a di boloketseng batho ba gagwe? (Pesalema 37:9-11, 29; 46:8, 9; 72:7, 8, 16; Isaia 9:6, 7; 11:6-9; 35:5, 6; Luke 23:43; Tshenolō 21:3, 4) Fa go le jalo, o tla tshwana le Moshe ebile o tla dira go direla Jehofa Modimo le go gapa kamogelo ya gagwe mokgele o mogolo mo botshelong.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mokgele wa ga Moshe e ne e le eng mo botshelong?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

A go itumelela se Modimo o se neelang batlhanka ba gagwe ke one mokgele wa gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela