LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/1 ts. 12-13
  • Go Rarabolola Mathata ka Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rarabolola Mathata ka Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barenabase—“Morwa Kgomotso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Morwa Kgomotso”
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • Ba “Nonotsha Diphuthego”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Mareko Ga a Ka a Ineela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/1 ts. 12-13

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Go Rarabolola Mathata ka Lorato

JOHANE MAREKO o boela gae kwa Jerusalema, kwa mmaagwe Marie a nnang teng. Seno ke ka nako ya loeto lwa ntla lwa borongwa lwa ga Paulo le Barenabase.—Ditiho 13:13; 12:12, 25.

Jaanong ke ngwaga e e latelang. Paulo le Barenabase ba ipaakanyetsa go tsaya loeto lwa bone lwa bobedi lwa borongwa. Barenabase o batla go tsaya motlogolo wa gagwe Mareko go tsamaya le bone gape. Lefe go ntse jalo, Paulo ga a batle gore a tsamae le bone. O bolela ka gore: ‘Mareko o ne a re tlogela mo loetong lwantlha fa re ne re tsamaile le ene.’ Lefa go le jalo Barenabase o ganelela mo go reng a fiwe sebaka se sengwe gape.

Ka ntlha ya pharologano eno ya mogopolo, “ga coga kgañ e e botlhoko, ba ba ba tla ba kgaogana.” Barenabase a tsaya Mareko go tsamaya le ene. Ba ne ba palama mokoro mme ba ya kwa setlhake-tlhakeng sa Kupero go rera koo. Paulo, mo letlhakoreng le lengwe, o ne a itlhophela Mokeresete yo mongwe, Silase, mme ba simolola loeto lwa go rera le le neng la ba isa lwa ntlha kwa Siria.—Ditiho 15:36-41.

Go tweng ka bothata jono fa gare ga ga Paulo le Barenabase? Fa o ne o ka bo o le teng koo mme wa bona go “coga kgañ e e botlhoko” eno, a o ne o tla feleletsa ka gore Paulo le Barenabase e ne e sa tlhole e le karolo ya batho ba Modimo ka ntla ya go itshwara ga bone jalo?

Ele ruri, seo se ne se tla bo se se botlhale. Re tshwanetse go lemoga gore rotlhe re ruile bosaitekanelang go tswa batsading ba rona ba ntlha Adame le Efa. (Baroma 5:12) Ka gone “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi,” Bibela e bolela jalo. (Yakobe 3:2; Baroma 3:23) Lefa go le jalo Bakeresete ba boammaaruri ga ba tswelele pele ba ngalelane kana go tshwarana ka dipelo. Ba reetsa taolo ya Bibela e e reng: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñoñōrègō kaga eo moñwe; . . . Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:13, 14.

Legale, a Bakeresete bano ba ba bedi ba ba tlotlegang, Paulo le Barenabase, ba ile ba rarabolola mathata ka lorato? A ke o ba lebelele fano. Ba kopane mmogo gape! (1 Bakorintha 9:5, 6) Mme e ne ya re kwa morago Paulo a kwalela Timotheo ka gore: “Tsaea Mareko, me u tlè naè: gonne o molemō mo go nna mo go diheleñ.”—2 Timotheo 4:11.

Ee, lefa Bakeresete ba pele ka dinako tse dingwe ba ile ba nna le mathata gareng ga bone, ba ile ba a rarabolola ka lorato. Ele ruri re ka etsa sekao sa bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela