“Boidiidi yo Bogolo yoa Batho” bo Neela Tirelo e e Boitshepo Kae?
“Ke gōna kaha ba leñ ha pele ga setulō sa bogosi sa Modimo ka gōna; me ba o dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna.”—Tshen. 7:15.
1. Boemo jwa “boidiidi” ka kakaretso ke bofe maloka le ditumelo tsa lefatshe?
BODUMEDI bo mo mokgokoloseng. Ka mo go tshwanang, ba ba nnang gone kwa “tirelong ya bomodimo” mo dikagong tsa kereke tse dipotlana le tse di tona le ditempele baa fokotsega. Se se tlhokomelega thata mo mafatsheng ao a dirang seo se bidiwang La-Bodumedi. Badumologi, babelaedi, ba ba sa tlhomamisegeng, balatola-modimo le ba ba kgatlhanong le bodumedi baa ntsifala. Maiteko ape a tsosoloso ya bodumedi ga a ne a ba tsosolosa. Se se ntse jalo mo go seo se ka bidiwang “boidiidi” ka kakaretso.
2. Re kgatlhegela “boidiidi” bofe, jaaka bo bonwe mo ponatshegelong ke monna mogolo yo o neng a tshwerwe mo Setlhakeng sa Patamosa ke mmuso wa Baroma?
2 Lefa go ntse jalo, re kgatlhegela boidiidi jo bo kgethegileng, “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo bonetsweng-pele ke monna mogolo yo o neng a tshwerwe mo setlhakeng sa Patamosa ke puso ya Mmuso wa Roma. Morago ga go bona ponatshegelo ya Baiseraele ba semoya ba le 144 000, o a kwala, a re: “Moragō ga dilō tse ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi le go Kwana.”—Tshen. 7:9, 10.
3. Ka ntlhayang bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba bonwa ba eme ba apere ka tshwanelo, mme ka ntlhayang go dumelwa ka bophara gore ba kwa legodimong?
3 A boemo jo bo tlotlegang joo “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo bolelwang go nna mo go jone, mme abo ba na le ponalo e e tlotlegang jang! Le eleng mo motlheng wa segompieno go a tshwanela ka mongwe go ema fa a le fa pele ga kgosi eo e dutseng mo setulong sa yone sa bogosi. Mme mono bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba bonwa ba eme fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka boona. Gape, e le gore ba tshwanele paka e, ba apere dikobo tse ditshweu tse di tlhokang selabe. A ba bonwa ba eme golo gongwe ka kwa ntle ga mejako ba kgobokane? Nnya, gonne Tshenolo 7:15 e re “ba o dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ [na·osʹ mo temaneng ya ntlha ya Segerika] ea ōna.” Mme kana, jaanong, a se se raya gore bao ba dirang “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo labofelo ba ya kwa go nnang Modimo oo ba reng “poloka” ya bone e nne go ona? Karabo e e neelwang ka mo go tlwaelegileng ke Ee! Ka ntlhayang? Ka gobo go bolelwa gore ba “mo tempeleñ ea ōna” kana, “mo lefelong la ona le le boitshepo” (Rotherham), gore ba o neela tirelo ya phatlalatsa kana “tirelo ya bomodimo.”
4. Potso e ikgarile mo lefokong lefe la ntlha la Segerika, mme ke malebana le eng le ileng la dirisiwa go Yohane 2:19-21?
4 Lefa go ntse jalo, a pono e e tshwanela dintlha tsotlhe tse di tlhalositsweng mo bukeng ya bofelo ya Bibela, Tshenolo? Gape, maloka le bao gompieno ba itsayang jaaka bontlhanngwe jwa “boidiidi yo bogolo yoa batho” joo ga jaanong bo bopiwang, a ba lebeletse go ya kwa legodimong le go fetoga dibopiwa tsa moya jaaka baengele? A tota gone ba batla go ya kwa legodimong? Ba tla go bolelela gore Nnya! mme ga ba itsee jaaka ba ba tsetsweng ka moya wa Modimo go nna le tsholofelo e e ntseng jalo ya selegodimo. Potso e e ikgarile mo lefokong la ntlha la Segerika leo le ranotsweng ka mo go farologaneng jaaka “motlaagana,” “tempele” le “lefelo le le boitshepo.” Ka sekai, mo polelong ya Bibela kwa Jesu Keresete a ileng a leleka ba ba ananyang ka madi gone le barekisi mo tempeleng ya ga Herode, lefoko la ntlha la Segerika le le dirisitsweng ke na·osʹ. Koo re a bala: “Yesu a ba hetola, a re, Senyañ [lefelo na·osʹ le, le le boitshepo], me ke tla [le] cosa ka malatsi a le mararo. Hoñ Bayuda ba re, [lefelo na·osʹ le, le] yele dingwaga di le mashomè manè le borataro mo go agiweñ, me a u tla [le] cosa ka malatsi a le mararo? Me èna a bo a bua kaga [lefelo na·osʹ la] mmele oa gagwè.” (Yoh. 2:19-21) Ka ‘lefelo le le boitshepo,’ Bajuda bao ba ne ba rayang?
5. (a) Bajuda ba ka bo ba ne ba sa reye kago efe ha ba ne ba bolela gore go tsere dingwaga di le 46 go e aga? (b) Lefoko na·os’ leo Septuagint ya Segerika e le dirisitseng go Isaia 66:6 le tshwanetse go direla go eng?
5 Eleruri eseng lefelo le le boitshepo la kafa gare leo le neng le na le boheto, dikamore tsa Boitshepo le Boitshepo jwa Maitshepo. Ba ne ba raya kago ya tempele yotlhe, go akaretsa le malwapa a yone, le leo mo go lone ba ba ananyang ka madi le barekisi ba neng ba dira kgwebo gone. Tempele ya ga Herode yotlhe e ile ya nyelediwa ke Baroma ka 70 C.E. Ka go sa tshwane le tempele ya pelenyana ya ga Solomone eo e ileng ya senngwa ka 607 B.C.E., tempele ya ga Herode ga ya ka ya tlhola e agiwa gape. Malebana le tempele mo Jerusalema, Isaia 66:6 e re, ka bokao jwa boperofeti: “Go tumō ea pheretlhō e e cwañ mo motsiñ, tumō e e cwañ mo tempeleñ [na·osʹ mo thanolong ya Segerika ya Septuagint], tumō ea ga Yehofa eo o ntshetsañ baba ba gagwè maduō a a ba lekalekanyeñ.” “Go tumo! MORENA o neela baba ba Gagwe tefetso.” (The Jewish Publication Society of America) Ka phepafalo tempele, lefelo le le boitshepo, kana na·osʹ, ga e ree fela lefelo le le boitshepo le le kafa gare, mme lefelo la tempele lotlhe ka dikago tsotlhe tsa lone.
6. Mo sigong jwa Tlolaganyo ya 33 C.E., Bajuda ba ile ba neela bosupi bofe jwa maaka malebana le Jesu le na·osʹ ya Jerusalema?
6 Ka sigo jwa Tlolaganyo, Nisane 14, ya 33 C.E., Bajuda bangwe ba ile ba neela bosupi fa pele ga ditlhogo tsa baperisiti le Kgotleng ya Bokgaolakgang ya Bajuda, mme faele gore basupi bano ba ile ba tshela go fitlha ka ngwaga wa 70 C.E. ba ile ba supelwa gore tshupo ya bone kgatlhano le Jesu Keresete sigong joo jwa tlholelo e ne e le maaka. Ba ile ba supela: “Re mo utlwile a re, Ke tla senya tempela [na·osʹ] e, e e dihilweñ ka diatla, me e tla re ka malatsi a le mararo ke be ke age e sele, e e sa dihweñ ka diatla.” (Mar. 14:58) Go bolaya ga bone Jesu ga go a ka ga sireletsa tempele ya bone mo go digiweng gotlhelele ka 70 C.E.
7. (a) Bajuda ba ile ba sotla Jesu yo o pegilweng jang mo Calvary? (b) Judase wa mooki labofelo o ile a latlhela madi a tuelo kae?
7 Moragonyana, mo tsatsing lone leo, ha Bajuda ba ba pelotlhoi ba ne ba bona Jesu yo o pegilweng mo koteng ka kwa ntle ga Jerusalema, ba ka bo gongwe ba ile ba ikutlwa gore o ile a palelwa ke go diragatsa seo ka phoso ba neng ba kaya gore o ne a se bolela: “Me ba ba hetañ ba mo kgala, ba tshikinya ditlhōgō tsa bōnè, Ba re, Wèna eo u senyañ tempela [na·osʹ], u ba u e aga ka malatsi a le mararo, ipolokè: e re ha u le Morwa Modimo, hologa mo mokgoroñ.” (Math. 27:39, 40; Mar. 15:29, 30) Mme pele ga pego ya ga Jesu morutwa yoo a ileng a mo oka go baba ba gagwe ba ba nyoretsweng madi ka dipapetlana tsa selefera di le 30 o ile a leka go ikgolola. Yo e ne e le Judase Isekariota, yo mongwe wa baaposetoloi ba le 12. O ile a leka go busa madi a tuelo, mme baduedi ba gana go a amogela gape. A palelwa ke go itlhatswa ka tsela e, mooki o ile a dira eng? Mathaio 27:5 e a bega: “Me a piriganyetsa dipapetlana tsa selefera ha hatshe mo heloñ ga boitshèpō [na·osʹ], a tsamaea; me a ea a ipeta.” Ka ntlhayang dithanolo tsa Bibela tsa segompieno tse dingwe di ranotse na·osʹ jaaka “tempela”?
8. Ka ntlhayang, ka phepafalo, baranodi ba Bibela ba bantsi ba ile ba dirisa lefoko “tempela” mono mo boemong jwa “lefelo le le boitshepo”?
8 Ka phepafalo ka gobo di lemogile gore lefoko la Segerika mono le ne le sa reye lefelo le le boitshepo la kafa gare ka kgoro ya lone, Boitshepo le Boitshepo jwa Maitshepo, leo mo go lone moperisiti yo mogolo a neng a lere madi le ditlhabelo ka Letsatsi la Tetlanyo ngwaga le ngwaga. Le ne le raya tempele ka malwapa otlhe a yona.
9. (a) Ka jalo, a “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo tshwanetse go nna kwa legodimong e le gore bo ka direla Modimo go na·osʹ ya ona? (b) Go ya ka Tshenolo 3:12, a na·osʹ e na le tlhaloso e e lekanyeditsweng?
9 Ka gone “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo ka bolelwa jaaka jo bo mo “tempeleñ,” kana na·osʹ, ya Modimo mme lefa go le jalo e se kwa legodimong jaaka dibopiwa tsa moya le Baiseraele ba semoya ba le 144 000 bao ba dirang “lecomanyane” la Modimo. (Tshen. 7:1-9, 15; Luke 12:32) Na·osʹ gape e ka nna le tlhaloganyo e e lekanyeditsweng, gonne Jesu Keresete o ile a buisa phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga mo Philadelphia, Asia Minor, mme a re: “Eo o henyañ ke tla mo diha lekotwana mo tempeleñ [na·osʹ] ea Modimo oa me, me ga a ketla a tlhōla a cwa gōna gopè; ke tla kwala mo go èna leina ya Modimo oa me, le leina ya motse oa Modimo oa me, eboñ Yerusalema o mosha, o o hologañ mo legodimoñ kwa Modimoñ oa me, le leina ye e leñ ya me ye lesha.”—Tshen. 3:12.
10. Ke ka ditsela dife Tshenolo 7:9-17 e bontshang gore “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo palelwa ke go nna mo phuthegong go na·osʹ eo e e lekanyeditsweng?
10 Mokwalo o o ntseng jalo mo godimo ga maloko a “boidiidi yo bogolo yoa batho” ga o umakiwe ka gope go Tshenolo 7:9-17, leha e le gore ba bolelwa gore ke ‘dipilara’ mo tempeleng ya Modimo. Bao ba dirilweng ‘dipilara’ tsa tshwantshetso ke Baiseraele ba semoya ba le 144 000 ba ditso di le 12.
11, 12. (a) Ke ka tsela efe setlhopha se se badilweng sa Baiseraele ba semoya se fapaaneng le “boidiidi yo bogolo yoa batho” tebang le maina? (b) Go ya ka Tshenolo 14:1-5, ke jang leina la motse oo o fologang go tswa kwa Modimong le tshwanelang ba le 144 000?
11 Ka go sa tshwane le “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo senang palo setlhopha se, se se badilweng sa Baiseraele ba semoya se na le leina la ga Jesu le la Rraagwe mo godimo ga bone. Gape mo godimo ga bone go kwadilwe leina la motse wa Modimo, Jerusalema yo Mosha, oo o fologang o tswa kwa legodimong kwa Modimong. Jaaka fela Thaba ya Siona e ne e amana le Jerusalema wa bogologolo, ka jalo Thaba ya Siona ya semoya e amana le Jerusalema yo Mosha yoo eleng wa selegodimo. Mo tumalanong le se, moaposetoloi Johane o ile a nna le ponatshegelo ya bobedi ya Baiseraele ba semoya ba le 144 000, mme mo go direng rekoto ya se o kwadile:
12 “Bōnañ, Kwana [Jesu Keresete] a bo a eme mo thabeñ ea Siona, a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bōnè, ba ba kwadilweñ leina ya gagwè, le leina ya ga Rragwè, mo diphatleñ tsa bōnè. . . . Me ba ōpèla ekete sehela se sesha ha pele ga setulō sa bogosi, . . . me go bo go se motho opè eo o ka ithutañ sehela seuō, ha e se ba ba bothousanda ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, eboñ ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ. . . . Bauō ba cwa go rèkwa mo bathuñ, gore ba nnè mabucwèla pele a Modimo le a Kwana.”—Tshen. 14:1-5.
13. (a) A bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba tshwana le ba le 144 000 bao ba emeng mo Thabeng ya Siona ya selegodimo? (b) A ba ile ba “rèkwa mo bathuñ, gore ba nnè mabucwèla pele a Modimo le a Kwana”?
13 A dintlha tseo tse di tlhalosang gape di tshwanela “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa merafe-rafe jwa Tshenolo 7:9-17? Nnya, ga go gope kwa ba bolelwang ba eme mo Thabeng ya Siona ya selegodimo. (Baheb. 12:22) Ga baa tsenngwa mo baopeding ba ntlha ba “sehela se sesha.” Ga ba bolelwe jaaka “ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ,” “ba cwa go rèkwa mo bathuñ, gore ba nnè mabucwèla pele a Modimo le a Kwana.” Ka gone, bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba lebeletse go sala mo lefatsheng ka bosakhutleng le go arola mo go le lereng mo seemong sa Paradaise. Ga se ba setlhopha sa ba le 144 000 ba ba ‘rekilweng’ se se simologileng go bopega ka letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E., tsatsi leo ka lone moperisiti yo mogolo wa Mojuda a neng a neela “mabucwapele” a thobo ya korong kwa tempeleng mo Jerusalema. Mo letsatsing leo Moperisiti yo Mogolwane, Jesu Keresete, o ile a duela tuelo ya theko kwa Modimong kwa legodimong ka madi a gagwe a a tsholotsweng mme Modimo a mo dirisa jaaka tsela eo ka ene a neng a ka tholola moya o o boitshepo ka letsatsi leo le le tshwanang godimo ga barutwa ba ba letileng ba le 120 mme moragonyana godimo ga Bajuda ekane ba le 3 000 le basokologela-Sejudeng bao ba ileng ba ikwatlhaya le go kolobediwa mo letsatsing leo.—Ditiho, kgaolo 2; Yoele 2:28, 29; Baheb. 4:15, 16.
“SEKANŌ SA MODIMO O O TSHEDILEÑ” SE A FAROLOGANYA
14. Lemororo ba le 144 000 le “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba lerilwe mo boemong jo bo bolokegileng, sekano se dira pharologanyo magareng a bone jang?
14 Selo se sengwe se se tlhokomelegang seo se farologanyang ba le 144 000 ba ba ‘rekilweng’ go “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo apereng dikobo tse ditshweu ke seo se bidiwang “sekanō sa Modimo o o tshedileñ.” Tshenolo, kgaolo 7, eo ka bobedi e dirisanang le Baiseraele ba semoya ba le 144 000 le “boidiidi yo bogolo yoa batho,” e bontsha gore ke ba le 144 000 ba le bosi bao ba tshwailweng “mo diphatleñ tsa bōnè” ka “sekanō” jaaka “batlhanka ba Modimo oa rona.” Se se supa gore go na le pharologanyo gape mo maemong a bone a a tlhophilweng mo dithulaganyong tsa bofelo tsa Modimo, tebang le legodimo le lefatshe. Se se nna se le boammaaruri lemororo botlhe ba lerilwe mo boemong jo bo bolokegileng, ka gobo bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho,” gammogo le ba le 144 000, ba amogela Jesu Keresete jaaka “eo o tlosañ boleo yoa lehatshe!” (Yoh. 1:29, 36; 1 Yoh. 2:1, 2) Ka tsela eo bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho, . . . ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” (Tshen. 7:9, 14) Se se ba dira gore ba tshwanelwe ke go obamela Jehofa mo tempeleng ya gagwe ya semoya, eo e neng e tshwantshediwa kana go emelwa ke kago yotlhe ya tempele mo Jerusalema wa bogologolo.—Yoh. 4:21-24.
15. Go atamela nako ya go kuela tshireletso mo go ntseng jang, mme go santse go tshwerwe setsuatsue sefe se se gobatsang, mme ka ntlhayang?
15 Nako e a atamela ha batho ka kakaretso ba tla re, ka mafoko a mangwe, go diphuthego tse di kwa godimo tseo di sa bolong go tlhomamisiwa tseo tsa mokgatlho wa lefatshe: “Re weleñ godimo, lo re bipèlè sehatlhōgō sa eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le bogale yoa Kwana: Gonne letsatsi ye legolo ya bogale yoa bōnè le hitlhile; me go nonohile mañ go èma?” (Tshen. 6:16, 17) Go tloga go tsoga setsuatsue. Se se supilwe ke mafoko a a latelang a ponatshegelo: “Moragō ga mo, [nna moaposetoloi Johane] ka bōna baengele ba le banè, ba eme mo dintlheñ coo nnè tsa lehatshe, ba chwere diphehō tsa lehatshe coo nnè, gore go se ka ga hoka phehō epè mo lehatshiñ, leha e le mo lewatleñ, leha e le mo setlhariñ sepè. Me ka bōna moengele eo moñwe [wa botlhano] a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekanō sa Modimo o o tshedileñ: me a goeleletsa ka lencwe ye le godileñ, a goa baengele ba banè, ba ba neecweñ go tlhokohatsa lehatshe le lewatle.”—Tshen. 7:1-4.
16. Ka ntlhayang “boidiidi yo bogolo yoa batho,” lemororo bo sa kanwa bo sa utlwisiweng botlhoko ke setsuatsue seo se gololwang mo tlhalosong ya bogale jwa ga Kwana?
16 Ga go ope wa “boidiidi yo bogolo yoa batho” yo o begiwang jaaka yoo o kannweng ka “sekanō sa Modimo o o tshedileñ,” ke fela “batlhanka ba Modimo oa rona” ba le 144 000 ba le bosi. Ka ntlhayang, he, go sena ope wa “boidiidi yo bogolo yoa batho” yoo o utlwisiwang botlhoko ke pheretlhego e e nnang teng go tswa kgololong ya “diphehō . . . coo nnè” tse di gololwang go tswa mo dikhutlong di le nne tsa lefatshe? Gape, ke jang bao ba sa kanwang ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba sa utlweng “bogale yoa Kwana” morago ga go kanwa ga ba le 144 000 go setse go konetswe? Ah! ke ka gobo “ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” (Tshen. 7:14) Jaanong ba amogela melemo ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo le go senka go phepafadiwa mo dibeng tsa bone ka go tlhatswiwa mo mading a gagwe a a tlosang sebe. Bakeng sa tshireletso ya bone ga ba lebe mo mekgatlhong eo e tsietsang e e nametseng kwa tlase ya batho ba ba bokoa, mme ba leba go Jehofa Modimo le go Jesu Keresete Morwa wa gagwe yo o tshwanang le Kwana. Ka gone ka malebogo baa goa: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.”
17. Maloka le kganetsano ya Bolaodi jwa Lobopo, “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo ikanyega go mang, mme bo neela tirelo e e boitshepo kae, mme go bomang?
17 Go fitlha paakanyong eo ya kganetsano ya botlhokwa jo bogolo ya Bolaodi jwa Lobopo ba ikanyega mo bogosing jwa ga Jehofe ka Keresete Kwana. “Ke gōna kaha ba leñ ha pele ga setulō sa bogosi sa Modimo ka gōna; me ba o dihèla [la·treuʹein, lediri la Segerika] motshegare le bosigo mo tempeleñ [na·osʹ] ea ōna.” (Tshen. 7:15) Koo ba kopanela le masalela a a tshelang a ba le 144 000 a “batlhanka ba Modimo oa rona” ba ba kannweng.
“BA BA CWAÑ MO PITLAGANOÑ E KGOLO”
18. Bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba bolelwa gore ba tswa go eng, mme go tsoga potso efe kaga gone?
18 Se se kopanyelediwang mo ‘polokong’ eo “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo e itemogelang ke go tswa ga bone mo go seo se perofesitsweng go Tshenolo 7:14: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikōbō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Lefoko ka lefoko, temana ya ntlha ya Segerika e balega jaana: “Mo [go] yone pitlagano eno [e] kgolo.” (Kingdom Interlinear Translation) Ka jalo, jaanong, ‘pitlagano e kgolo’ e ke eng? Mo boemong jwa lefoko ‘pitlagano,’ dithanolo tsa Bibela tse dingwe di balega jaana: “patikego,”a “bohutsana,”b “pogiso,”c “patiko,”d le “teko e kgolo.”e Mme dithanolo tse dingwe tse dintsi di re “pitlagano.”
19, 20. Bokao jwa lefoko la Selatine leo go tswang teng “pitlagano” ke bofe? (b) Tlhaloso ya ga Robertson e reng kaga lefoko le go Tshenolo 7:14, mme boperofeti jwa ga Jesu bo dirisa lefoko le jang?
19 Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka mo go farologaneng jaana ke thlipʹsis. Le kaya boitemogelo jo bo maswe. Lefoko la Setswana “pitlagano” le tswa go la Selatine tribulum, leo le rayang “lomati lo lo phothang (selei).”
20 Kaga polelwana “mo pitlaganoñ e kgolo” e e dirisiwang go Tshenolo 7:14, Word Pictures in the New Testament ya ga Robertson (Bolumo VI, ditsebe 352, 353) e tlhalosa jaana: “Gongwe se se akanyediwang ke namane e tona ya tlalelo (Math. 13:19ff.; 24:21; Mar. 13:19), lemororo gongwe go ka bo go akanyediwa tatelano yotlhe mme jalo e ka akantsha katlholo ya bofelo.” Mathaio 24:21 e supela santlha-ntlha mo phedisong ya Jerusalema wa bogologolo ka 70 C.E. mme e balega jaana: “Gonne go tla nna sepitla [thlipʹsis] se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” Mareko 13:19 e balega jaana: “Gonne metlha euō e tla nna ea pitlaganyō [thlipʹsis], yaka go e se go ko go bonwe gopè, e sa le ka tshimologō ea tlholègō e Modimo o e tlhodileñ, le gompiyeno, le gōna ga go ketla go tlhōla go bōnwa gopè.” Pitlagano eno e ne e tshwanetse go nna bontlhanngwe jwa “seshupō . . . ha dilō cotlhe tse di tloga di dihala.” (Mar. 13:4) “Dilō cotlhe tse” di ne di tla akaretsa tigelo ya go kanwa ga Baiseraele ba semoya ba le 144 000.—Tshen. 7:1-8.
21. Lefoko la Segerika le le tlhokegang le le dirisitsweng go Septuagint Version go Daniele 12:1 ke lefe, mme Mikaele ke mang?
21 Septuagint Version ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera e dirisa thlipʹsis ha e supela tiragalong e e tshwanang go Daniele 12:1 mme e re: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha oa khuduègō [thlipʹsis], o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo.” (The Septuagint Bible, ka Charles Thomson; The Septuagint Version, e e gatisitsweng ke Samuel Bagster and Sons Limited) Go ya ka Tshenolo 12:7, Mikaele o tsamaelana le Jesu Keresete yo o galaleditsweng.
22. A ‘pitlagano’ eno ke tlhaloso ya boitumologo jwa Modimo go “boidiidi yo bogolo yoa batho,” mme go tswa mo go yone ga bone go rayang?
22 Go tswa mo go sotlhe se se builweng kwa godimo go ka bonwa gore ‘pitlagano e kgolo’ ga se tlhaloso ya bogale jwa Modimo kana boitumologo kgatlhanong le “boidiidi yo bogolo yoa batho,” ka boikaelelo jwa go ba otlhaya le go ba itshekisa mo dikamanong tsa bone le tsamaiso e, ya dilo e e boikepo. ‘Pitlagano e kgolo’ e e boleletsweng pele ke bothata jwa lefatshe, ‘pitlagano’ ya bofelo godimo ga lefatshe le, le le atlhotsweng. Ke setsuatsue sa tshwantshetso seo se neng se tshwerwe ke baengele ba le bane mo dintlheng di le nne tsa lefatshe go fitlhela ba bofelo ba Baiseraele ba semoya ba le 144 000 ba kanwa jaaka thoto e e ‘rekilweng’ ya ga Jehofa Modimo, “batlhanka ba Modimo oa rona.” Go tswa ga “boidiidi yo bogolo yoa batho” “mo pitlaganoñ e kgolo” go raya gore baa e falola.
23. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo falolang bo tla bopa tshimologo ya selo sefe se sesha, mme ka ditebelelo dife kwa pele?
23 A tshiamelo e e ipedisang eo e tla nnang yone bakeng sa “boidiidi yo bogolo yoa batho” joo bo bolokilweng go tswelela “ba o [Modimo] dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna,” mo malwapeng a selefatshe a thulaganyo ya tempele e kgolo ya ona! “Magodimo a masha” a tla bo a tlhomamisitswe godimo ga bone, mme ba tla nna tshimologo ya “lehatshe ye lesha” a go tla agang tshiamo mo go ona go ya go ile. (2 Pet. 3:13) Paradaise e ntšha e tla simolola go thunya godimo ga lefatshe le le phepafaditsweng, mme ga go kitla go nna le Diabolo ope go leka go ba raela go retologela tshiamololong ya mofuta ope fela. Tebelelo eo e beilweng fa pele ga “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo tla falolang “kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” ka Hara-Magedona e itumedisa tota!—Tshen. 16:13-16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Emphatic Diaglott.
b The Bible in Living English; The New Testament in Modern Speech.
c An American Translation; Good News Bible; The Jerusalem Bible.
d The New Testament in Modern English ya ga Phillips.
e The New English Bible.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Lefoko la Segerika na·os’ gantsi le supela lefelong le le boitshepo le le kafa gare le le emelang legodimo ka bolone
• MME e ne e le tempele (na·os’) yotlhe eo e neng e setse e agilwe ekane e le dingwaga di le 46
• E ne e le tempele (na·os’) yotlhe eo e sentsweng jaaka katlholo go tswa Modimong
• E ne e le ka kwa ntle ga tempele (na·os’) kwa Judase a ileng a latlhela dipapetlana tsa selefera di le 30
• KA GONE go tlhomame gore “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo direla Modimo mo lwapeng lwa selefatshe lwa tempele ya semoya
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Batlodiwa ba le 144 000 ba le bosi—
• ba dirilwe makotwana mo tempeleng ya Modimo
• “lecomanyane” la palo e e lolameng
• ba kwadilwe leina la Rara, Kwana le Jerusalema yo Mosha
• ba eme mo Thabeng ya Siona ya selegodimo
• “ba cwa go rèkwa mo bathuñ”
• ke “mabucwèla pele a Modimo le a Kwana”
• ba tshwailwe ka “sekanō sa Modimo o o tshedileñ”
[Lebokoso mo go tsebe 19]
“Boidiidi yo bogolo yoa batho” bo na le tshiamelo ya go—
• tshaba mo diphuthegong tse di atlhotsweng tsa mokgatlho wa lefatshe
• bona poloko ka thekololo ya ga Kwana
• ema ba amogetswe fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo
• neela Modimo tirelo e e boitshepo mo tempeleng ya ona ya semoya
• falola ‘pitlagano’ ya bofelo mo lefatsheng le, le le atlhotsweng
• fetoga motheo wa mokgatlho wa “lehatshe ye lesha” le le phepa
• arola ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Thulaganyo ya Tempele ya ga Jehofa
LEFELO LE LE BOITSHEPO LA KAFA GARE
“BOIDIIDI YO BOGOLA YOA BATHO” KA MAKOLANE
SEBESO KA BAPERISITI BA DIRELA