KAROLO YA BOBEDI
“O ne Wa Leswafatsa Lefelo La me Le le Boitshepo”—Jehofa Ga a Tlhole a Obamelwa ka Tsela e e Mo Itumedisang
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Batho ba Juda le ba Jerusalema ba tlhanogela Jehofa e bile ba simolola go dira dilo tse di maswe
Jehofa o ne a rata Baiseraele e bile a ba tsaya jaaka batho ba gagwe ba ba “tlhwatlhwakgolo.” (Ekes. 19:5, ntlh.) Bone ba ne ba bontsha gore ga ba mo rate ka gonne ba ne ba obamela medimo ya maaka mo tempeleng ya gagwe. Ba ne ba utlwisa Jehofa botlhoko e bile ba ne ba gogagoga leina la gagwe mo seretseng. Goreng Baiseraele ba ne ba dira jalo? Re ka ithuta eng mo boporofeting jwa ga Esekiele jo bo buang ka go senngwa ga Jerusalema? Mme re ka ithuta eng mo tseleng e Baiseraele ba neng ba dirisana ka yone le batho ba ditšhaba tse di dingwe ba ba neng ba nna gaufi le bone?