PINA 96
Buka ya Modimo—Letlotlo
1. Go na le buka ya botlhokwa thata,
E e nayang batho tsholofelo.
Mafoko’a yone a fetola batho;
Ba tlogela mekgwa e’e bosula.
Buka eo e’e kgatlhang ke Baebele.
E ne ya kwalwa ka tlhotlheletso
Ke banna ba ba ratang Jah Modimo,
Mme ba thuswa ke moya wa gagwe.
2. Ba kwadile ka popo ya Modimo,
Gore o bopile lobopo jang.
Le gore motho o ne a sa leofe,
Go fitlha Satane’a mo raela.
Satane’a gwetlha puso ya Modimo;
Seo sa tlisetsa batho mathata.
Ba simolola go lwala le go swa,
Mme Jehofa o tla ba golola.
3. Dinako tseno ke tsa go ipela.
Bogosi jwa Modimo bo’a busa.
Re rerela batho ka Bogosi joo
Le gore bo tla tlisa masego.
’Kgang tseno di kwadilwe mo Baebeleng;
E leng buka ya ’gwe e’e boitshepo.
E naya batho botlhe tsholofelo;
A re baleng ’Foko la Modimo.
(Bona le 2 Tim. 3:16; 2 Pet. 1:21.)