PINA 22
Bogosi bo a Busa—A bo Tle!
1. Jehofa, o sa le’o le teng,
O tla nnela ruri.
O neile Jesu Bogosi,
Wa mo fa le taolo.
Bogosi joo bo tlhomilwe;
Bo busa kwa legodimong.
(KHORASE)
Jaanong re letetse
Gore bo tle mo lefatsheng.
Bo dire thato’a Jah.
Ra re: A bo tle! A bo tle!
2. Satane’o tloga’a fediswa;
Re tlhaloganya seo.
Le fa go tletse mathata,
A tla fela otlhe.
Bogosi joo bo tlhomilwe;
Bo busa kwa legodimong.
(KHORASE)
Jaanong re letetse
Gore bo tle mo lefatsheng.
Bo dire thato’a Jah.
Ra re: A bo tle! A bo tle!
3. Baengele kwa magodimong
Ba mo boitumelong.
Satane o lelekilwe;
Go rena kagiso.
Bogosi joo bo tlhomilwe;
Bo busa kwa legodimong.
(KHORASE)
Jaanong re letetse
Gore bo tle mo lefatsheng.
Bo dire thato’a Jah.
Ra re: A bo tle! A bo tle!
(Bona le Dan. 2:34, 35; 2 Bakor. 4:18.)