LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rj karolo 5 ts. 12-15
  • Boelang Kwa “Modiseng le Molebedi wa Meya ya Lona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boelang Kwa “Modiseng le Molebedi wa Meya ya Lona”
  • Boela Kwa go Jehofa (rj)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Boelang mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • O Tla go Nonotsha
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • O Tla go Nonotsha
    Opelelang Jehofa
  • Jehofa O a Go Rata!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Boela Kwa go Jehofa (rj)
rj karolo 5 ts. 12-15

KAROLO 5

Boelang Kwa “Modiseng le Molebedi wa Meya ya Lona”

A o kile wa lebana le nngwe ya dikgwetlho tse go tlotlilweng ka tsone mo boroutšhareng jono? Fa e le gore go ntse jalo, itse gore ga se wena fela. Bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang—ba mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele le ba mo motlheng wa rona—ba ne ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tseno. Fela jaaka Jehofa a ile a ba thusa go fenya dikgwetlho tseo, le wena a ka go thusa.

Jehofa o tla go ema nokeng fa o ntse o dira maiteko a go boela kwa go ene

TLHOMAMISEGA gore Jehofa o tla go ema nokeng fa o ntse o dira maiteko a go boela kwa go ene. O tla go thusa gore o lepalepane le go tlhobaela, o lwantshane le kutlobotlhoko le gore o nne le kagiso ya mogopolo o bo o ritibale pelo, e leng maikutlo a a nnang gone ka go bo o na le segakolodi se se phepa. Ka jalo, o ka nna wa ikutlwa o tlhotlheletsega gape go direla Jehofa o na le badumedimmogo le wena. Boemo jwa gago bo tla tshwana le jwa Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba moaposetoloi Petere a neng a ba kwalela jaana: “Lo ne lo tshwana le dinku, tse di timelang; mme jaanong lo boetse kwa modiseng le molebedi wa meya ya lona.”—1 Petere 2:25.

Ruri go boela kwa go Jehofa ke selo se se molemo thata se o ka se dirang. Goreng re rialo? O tla ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) Jaaka o itse, Jehofa o na le maikutlo, ka jalo, se re se dirang se a mo ama. Boammaaruri ke gore Jehofa ga a re pateletse gore re mo rate le gore re mo direle. (Duteronome 30:19, 20) Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa kgang eno jaana: “Ga go ope yo o ka kgonang go bula pelo ya gago. Ke wena fela o tshwanetseng go e bula.” Fa re obamela Jehofa ka pelo e e tlhotlhelediwang ke go bo re mo rata, re tla bo re tlhopha go mmulela pelo ya rona. Fa re dira jalo, re a bo re mo naya mpho e e tlhwatlhwakgolo—bothokgami—e bile re ipedisa pelo ya gagwe fela thata. Eleruri, ga go na sepe se se ka bapisiwang le boitumelo jo re nnang le jone ka go bo re obamela Jehofa ka tsela e e mo tshwanetseng.—Ditiro 20:35; Tshenolo 4:11.

Kgaitsadi yo o tsidifetseng o amogelwa gape ka lorato mo phuthegong

Mo godimo ga moo, fa o simolola go obamela Jehofa gape, keletso ya gago ya go batla go atamalana le ene e tla kgotsofadiwa. (Mathaio 5:3) Ka tsela efe? Batho mo lefatsheng lotlhe ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa re tshela?’ Ba batla dikarabo tsa dipotso tse di malebana le boikaelelo jwa botshelo. Batho ba na le keletso eo ka gonne Jehofa o ba bopile ba na le yone. O re dirile ka tsela ya gore re itumele fa re mo direla. Ga go na sepe se se ka re kgotsofatsang thata go gaisa go itse gore re obamela Jehofa ka gonne re mo rata.—Pesalema 63:1-5.

Tsweetswee, itse gore Jehofa o batla gore o boele kwa go ene. O ka tlhomamisega jang? Ela tlhoko: Setlhopha se se Laolang se ne sa rapela thata fa se ne se kwala boroutšhara jono. Gongwe o ne wa bo newa ke mogolwane wa Mokeresete kgotsa modumedimmogo le wena. Go tswa foo, o ne wa tlhotlheletsega go bo bala le go tsaya kgato ka ntlha ya se o se badileng. Seno sotlhe ke bosupi jwa gore Jehofa ga a go lebala. Go na le moo, o go gogela kwa go ene ka bonolo.—Johane 6:44.

Re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa ga a ke a lebala batlhanka ba gagwe ba ba timetseng. Seo ke se kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Donna a ileng a se anaanela. A re: “Ke ne ke katogetse kgakala le boammaaruri ka iketlo, le fa go ntse jalo, gantsi ke ne ke nna ke akanya ka Pesalema 139:23, 24, e e reng: ‘Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.’ Ke ne ke itse gore ga ke karolo ya lefatshe—tota ke ne ke sa gololesega kwa lefatsheng—e bile ke ne ke itse gore ke tshwanetse nka bo ke le mo phuthegong ya ga Jehofa. Ke ne ka simolola go lemoga gore Jehofa ga a ise a ko a ntlogele; ke ne ke tlhoka fela go batla tsela ya go boela kwa go ene. Mme ke itumela tota go bo ke ile ka dira jalo!”

“Ke ne ka simolola go lemoga gore Jehofa ga a ise a ko a ntlogele; ke ne ke tlhoka fela go batla tsela ya go boela kwa go ene”

Re rapela go tswa pelong gore e kete le wena o ka boa wa nna le “boipelo jwa ga Jehofa.” (Nehemia 8:10) Le ka motlha o ka se ikwatlhaele go bo o boetse kwa go Jehofa.

Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Malebana le go Boela Kwa go Jehofa

KE SIMOLOLE KAE?

Kgaitsadi yo o tsidifetseng o bala Baebele

Motho yo o ntseng a lwala a ka nna a tlhoka go simolola gape thulaganyo ya gagwe ya ka metlha ka bonya ka bonya. Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka nna le nonofo ya go direla Jehofa gape ka go ipha nakonyana ya go ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng letsatsi le letsatsi. O se ka wa akanya gore o tshwanetse go simolola go dira sengwe le sengwe ka gangwe fela. Gongwe o ka nna wa dirisa metsotso e se kae o bala Baebele kgotsa o reeditse mmalo wa Baebele o o rekotilweng, o ithuta nngwe ya dikgatiso tsa rona, o bala tshedimosetso nngwe mo web site ya jw.org kgotsa o lebile thulaganyo nngwe mo tv.jw.org. Gape, leka go nna gone kwa dipokanong ka bonako jo bo ka kgonegang. Sa botlhokwa le go feta, rapela Jehofa mme o mo kope gore a go thuse. ‘Latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

“Morago ga go tsidifala, ke ne ke utlwa ke tlhabiwa ke ditlhong fa ke tshwanetse go rapela. Fa ke sena go nna le bopelokgale jwa go rapela, mogolwane mongwe wa phuthego ya mo lefelong la rona o ne a nketela. O ne a nthusa go lemoga gore Jehofa ga a ntlhoboga. Mogolwane yono o ne a akantsha gore ke simolole ka go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Fa ke sena go dira jalo, ke ne ka nna le nonofo ya go boa ke kopanela gape. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go ya bodireding gape. Ke itumela thata ka gonne Jehofa ga a ka a ntlhoboga.”—Eeva.

PHUTHEGO E TLA NKAMOGELA JANG?

Tlhomamisega gore maloko a phuthego a tla go amogela ka lorato. Go na le gore ba go kgale kgotsa ba go atlhole, ba tla go bontsha gore ba a go rata e bile ba tla dira sotlhe se ba ka se kgonang go go kgothatsa.—Bahebera 10:24, 25.

“Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong fa ke tshwanetse go ya Holong ya Bogosi gape. Ke ne ke ipotsa gore maloko a phuthego a tla ntshwara jang. Mongwe wa bokgaitsadi ba ba setseng ba godile, yo o neng a ntse a le mo phuthegong dingwaga di le 30 tse di fetileng o ne a nthaya a re: ‘Re go amogela mo gae Morwaaka!’ Seo se ne sa nkama pelo fela thata. Ruri ke ne ke ikutlwa ke amogetswe.”—Javier.

“Ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi mme ka fitlha ka nna kwa morago gore ope a se ka a mpona. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba simolola go gopola gore ke ne ke a tle ke nne gone mo dipokanong fa ke sa ntse ke le ngwana. Ba ne ba nkamogela mme ba ntlamparela ka lorato mo ke neng ka ikutlwa ke imologile fela thata. Go ne go ntse jaaka e kete ke boetse gae.”—Marco.

BAGOLWANE BA TLA NTHUSA JANG?

Bagolwane ba tla go tshwara ka lorato. Ba tla go akgolela go bo o batla go tsosolosa “lorato lo o neng o na le lone pele.” (Tshenolo 2:4) Ba tla nna pelotlhomogi ba bo ba go thusa go baakanya diphoso tse o di dirileng, ba dira jalo “ka moya o o bonolo.” (Bagalatia 6:1; Diane 28:13) Bagolwane ba ka nna ba rulaganya gore mongwe a ithute le wena, gongwe a dirisa buka ya, Atamalana le Jehofa kgotsa ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.” Tlhomamisega gore bagolwane ba tla go gomotsa le go go ema nokeng fa o ntse o dira maiteko a go boa.—Isaia 32:1, 2.

“Mo dingwageng di le robedi tse ke neng ke tsidifetse, bagolwane ba ne ba nna ba dira maiteko a go nthusa. Letsatsi lengwe mogolwane mongwe o ne a mpontsha dinepe tse a neng a re di tsere. Di ne tsa nkgopotsa dinako tse di itumedisang mo e leng gore ke ne ka simolola go tlhologelelwa boipelo jo ke neng ke na le jone fa ke ne ke sa ntse ke direla Jehofa. Bagolwane ba ne ba nthusa ka lorato gore ke tsosolose thulaganyo ya me ya ka metlha ya kobamelo.”—Victor.

“O Tla go Nonotsha”

Bokgaitsadi ba babedi ba opela ka kopelo e le nngwe kwa dipokanong tsa phuthego

Buka ya rona ya dipina ya, Opelang ka Boitumelo, e na le dipina di le mmalwa tse di amang pelo tse di ka go gomotsang tsa ba tsa go kgothatsa fa o ntse o tsosolosa thulaganyo ya gago ya go direla Jehofa. Ka sekai, ela tlhoko mafoko a pina 38. Pina eno e theilwe mo mafokong a a mo go 1 Petere 5:10, mme setlhogo sa yone sa re, “O Tla go Nonotsha.”

  1. Go na le lebaka la go bo Jehofa

    A go gogetse mo ’seding la ’gwe.

    O bone pelo e e mo ratang thata,

    E e batlang go mo’itumedisa.

    O’ikanne go dira thato ya ’gwe;

    O tla nna a go thusa ka metlha.

  2. Jah o ntshitse Jesu go go rekolola;

    A go bontsha gore wa go rata.

    Fa a kgonne go ntsha Morwa wa botlhokwa,

    Ruri o tla go naya nonofo.

    Ga a lebale ’tiro tsa gago;

    O tla go tlhokomela ka metlha.

    (KHORASE)

    Jah o ne a go reka ka madi a Kwana.

    O tla nna’a go thusa, a go fe le maatla.

    O tla go sireletsa le go go kaela.

    Jah o tla go thusa, a go fe le maatla.

Sing to Jehovah—Vocal Renditions

Fa o batla go reetsa mmino ono le dipina tse dingwe tsa Bogosi, leba mo DIKGATISO > MMINO.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela