LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 8 ts. 11
  • Baiseraele ba Tsena mo Kanana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baiseraele ba Tsena mo Kanana
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Buka ya Bibela ya bo 6—Yoshue
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Abo Leina la ga Jehofa le le Legolo Jang Ne!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Mma Joshue A Go Thuse Go Direla Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 8 ts. 11
Joshua o tlhaba mokgosi wa ntwa fa baperesiti ba ntse ba letsa dinaka tsa diphelefu

KAROLO 8

Baiseraele ba Tsena mo Kanana

Joshua o etelela Baiseraele pele go ya go thopa motse wa Kanana. Jehofa o naya baatlhodi maatla a go golola batho ba gagwe mo kgatelelong

DINGWAGA di le makgolokgolo pele Baiseraele ba tsena mo Kanana, Jehofa o ne a solofetsa ditlogolwana tsa ga Aborahame naga eo. Jaanong, Baiseraele ba ne ba le gaufi le go rua Lefatshe le le Solofeditsweng ba eteletswe pele ke Joshua.

Modimo o ne a bona go tshwanela gore Bakanana ba senngwe. Ba ne ba tladitse naga eo ka mekgwa e e ferosang sebete ya tlhakanelo dikobo, mmogo le ka bosetlhogo jwa tshololo ya madi. Ka ntlha ya seo, metse ya Bakanana e Baiseraele ba neng ba e gapa e ne e tshwanetse go senngwa gotlhelele.

Le fa go ntse jalo, pele ba tsena mo nageng eo, Joshua o ne a romela ditlhola tse pedi, tse di neng tsa nna mo motseng wa Jeriko le mosadi mongwe yo o bidiwang Rahabe. O ne a amogela ditlhola tseno mo ntlong ya gagwe mme a di sireletsa, le fa a ne a itse gore ke Baiseraele. Rahabe o ne a na le tumelo mo Modimong wa Baiseraele, ka gonne o ne a utlwile ka ditiro tsa poloko tse Jehofa a neng a di diretse batho ba gagwe. O ne a dira gore ditlhola tseno di ikane gore di tla mo falotsa ene le ba lelapa la gagwe.

Moragonyana fa Baiseraele ba tsena mo Kanana mme ba tlhasela Jeriko, Jehofa o ne a dira ka tsela ya kgakgamatso gore dipota tsa Jeriko di phutlhame. Masole a ga Joshua a ne a tlhasela motse ono le go o senya, mme ba ne ba boloka Rahabe le ba lelapa la gagwe. Morago ga moo, mo dingwageng di le thataro tse di latelang, Joshua o ne a le mo letsholong a ntse a gapa dikarolo tse dikgolo tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. Kwa bokhutlong jwa letsholo leo, naga eo e ne ya abelwa ditso tsa Iseraele.

Mmapa wa naga ya Kanana[Mmapa mo go tsebe 11]

Pele Joshua a swa o ne a phutha batho botlhe. O ne a ba gakolola tsela e Jehofa a neng a dirisana le borraabonemogologolwane ka yone mme a ba kopa gore ba direle Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa Joshua le banna ba bagolwane ba ba neng ba direla le ene ba sena go swa, Baiseraele ba ne ba tlogela Jehofa mme ba direla medimo ya maaka. Go ne ga feta dingwaga di ka nna 300 setšhaba seo se ntse se tlola melao ya ga Jehofa. Mo nakong eo, Jehofa o ne a letla baba ba Iseraele ba ba jaaka Bafilisitia, gore ba ba gatelele. Mme fa Baiseraele ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse, o ne a ba tlhomela baatlhodi—ba le 12—gore ba ba boloke.

Nako ya Baatlhodi jaaka e tlhalositswe mo bukeng ya Baatlhodi e simolotse ka Otheniele mme ya felela ka Samesone, monna yo o neng a le maatla go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Thuto ya botlhokwa e e gatelelwang gangwe le gape mo pegong eno e e kgatlhang ya buka ya Baebele ya Baatlhodi ke gore: Go ikobela Jehofa go lere masego, go se mo ikobele go lere masetlapelo.

—E tswa mo go Joshua; Baatlhodi; Lefitiko 18:24, 25.

  • Ke eng fa Jehofa a ne a boloka Rahabe le ba lelapa la gagwe?

  • Baiseraele ba ne ba dira eng fa Joshua a sena go swa?

  • Ke thuto efe ya botlhokwa e e gatelelwang mo bukeng ya Baebele ya Baatlhodi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela