LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kn37 ts. 1-4
  • Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka Bo Atametse!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka Bo Atametse!
  • Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bodumedi Jwa Maaka . . .
  • Bodumedi Jwa Boammaaruri . . .
  • Go Tla Diragala Eng ka Bodumedi?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Dikereke Tse di sa Ruteng Boammaaruri ga di Tlotle Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A Modimo o Amogela Madumedi Otlhe?
    Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
  • Gana Bodumedi Jwa maaka!
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!
kn37 ts. 1-4

Dikgang Tsa Bogosi No. 37

Molaetsa o o Kwaletsweng Batho ba Lefatshe Lotlhe

Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka Bo Atametse!

▪ Bodumedi jwa maaka ke eng?

▪ Bo tla khutla jang?

▪ Go khutla ga jone go tla go ama jang?

Bodumedi jwa maaka ke eng?

A o hutsafadiwa ke ditiro tsa bokebekwa tse bodumedi bo di dumelelang? A dintwa, borukhutlhi, ditiro tsa bonweenwee tse di dirwang ke batho ba ba reng ba direla Modimo di a go kgopisa? Ke ka ntlha yang fa go lebega e kete bodumedi ke jone bo bakang mathata a mantsi jaana a a aparetseng setho?

Molato ga se wa ditumelo tsotlhe, mme ke wa bodumedi jwa maaka. Motho mongwe wa bodumedi yo o neng a tlotlwa ke batho ba le bantsi, e leng Jesu Keresete, o ne a bontsha gore bodumedi jwa maaka bo dira ditiro tse di bosula, fela jaaka “setlhare . . . se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola.” (Mathaio 7:15-17) Bodumedi jwa maaka bo ungwa leungo le le ntseng jang?

Bodumedi Jwa Maaka . . .

■ BO SUNYA NKO MO DINTWENG LE MO DIPOLOTIKING TSA LEFATSHE: Makasine wa Asiaweek o bolela jaana: “Mo Asia yotlhe le mo dinageng tse dingwe, baeteledipele ba ba lwelang go busa ba dirisa maikutlo a batho malebana le bodumedi ka boferefere go fitlhelela mekgele ya bone.” Ka ntlha ya seo, makasine ono o tlhagisa jaana: “Lefatshe lotlhe le tloga le nna le botsenwa.” Moruti mongwe yo o tumileng kwa United States o ne a bolela jaana: “Fa e le gore re batla go khutlisa go bolawa mo go kana kana ga batho, go tshwanetse ga bolawa dirukhutlhi.” A re seno se ka dirwa jang? “A ba gailwe botlhe mo leineng la Morena.” Mme Baebele yone kafa letlhakoreng le lengwe ya re: “Fa mongwe a bua mafoko a a reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme le fa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki.” (1 Johane 4:20) Jesu ene o ne a ba a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona.” (Mathaio 5:44) Ke ditumelo tse kae tse o di itseng tse maloko a tsone a kopanelang mo ntweng?

■ BO RUTA DITHUTO TSA MAAKA: Ditumelo di le dintsi di ruta gore moya ke karolo nngwe e e sa bonaleng ya motho e e tswelelang e tshela fa motho a swa. Ka ntlha ya thuto eno, bontsi jwa ditumelo tseno di jela batho ba tsone madi, ka go ba duedisa madi fa ba batla gore meya ya batho ba ba suleng e rapelelwe. Le fa go ntse jalo, Baebele yone e ruta se se farologanang le seno. “Moya o o leofang—go tla swa one.” (Esekiele 18:4) “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Jesu o ile a ruta gore baswi ba tla tsosiwa—seno se ne se se kitla se tlhokega fa batho ba ka bo ba na le meya e e sa sweng. (Johane 11:11-25) A bodumedi jo o mo go jone bo ruta gore moya ga o swe?

■ BO MPAMPETSA BOITSHOLO JO BO MASWE JWA TLHAKANELODIKOBO: Kwa dinageng tsa Bophirima, dikereke di tlhoma banna ba ba robalanang le banna ba bangwe le basadi ba ba robalanang le basadi ba bangwe gore e nne baruti e bile di kgothaletsa dipuso gore di letlelele manyalo a batho ba ba ntseng jalo. Tota le dikereke tse di kgalang boitsholo jo bo maswe di ile tsa letlelela baeteledipele ba bodumedi ba ba kileng ba betelela bana. Le fa go ntse jalo, Baebele yone e ruta eng? E tlhalosa jaana e sa fitlhe sepe: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) A o itse ka ditumelo tse di mpampetsang boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelo dikobo?

Go tlile go direga eng ka ditumelo tseno tse di ungwang leungo le le bodileng jaana? Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se a rengwa mme se latlhelwa mo molelong.” (Mathaio 7:19) Ee, bodumedi jwa maaka bo tlile go rengwa le go senngwa! Mme seno se tlile go direga jang le gone leng? Ponatshegelo ya boporofeti e e mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo kgaolo 17 le 18 e araba potso eno.

Bodumedi jwa maaka bo tlile go khutla jang?

A ko o akanye fela ka tiragalo eno. Mosadi wa seaka a pagame sebatana se se boitshegang. Sebatana seno se na le ditlhogo di le supa le dinaka di le lesome. (Tshenolo 17:1-4) Mosadi yono wa seaka o tshwantshetsa eng? O tlhotlheletsa “dikgosi tsa lefatshe.” O apere letsela le le mmala o o bobududu jo bo mokgona, o dirisa maswalo e bile o humile fela thata. Mo godimo ga moo, ‘ditšhaba tsotlhe di tsiediwa’ ke go dirisana ga gagwe le meya. (Tshenolo 17:18; 18:12, 13, 23) Baebele e re thusa go bona gore mosadi yono wa seaka ke mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa bodumedi. Ga a tshwantshetse setlhopha sengwe sa bodumedi, mme o tshwantshetsa ditumelo tsotlhe tse di ungwang leungo le le bodileng.

Sebatana se mosadi yono wa seaka a se pagameng se tshwantshetsa dipuso tsa lefatshe tsa sepolotiki.a (Tshenolo 17:10-13) Bodumedi jwa maaka bo pagame mo mokwatleng wa sebatana seno sa bopolotiki, bo leka go laola ditshwetso tsa sone le go se bolelela gore se ye kae.

Le fa go ntse jalo, mo lobakeng lo lo fa gautshwane, go tloga go direga sengwe se se gakgamatsang. “Dinaka tse di lesome tse o di boneng, le sebatana, tseno di tla tlhoa seaka mme di tla se senya di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo gotlhelele.” (Tshenolo 17:16) Ka tshoganyetso, e bile e le ka tsela e e tshosang, dipuso tsa lefatshe tsa bopolotiki di tlile go retologela mo bodumeding jwa maaka mme di tla bo nyeletsa gotlhelele! Ke eng se se tlileng go di tlhotlheletsa go dira jalo? Buka ya Baebele ya Tshenolo e araba jaana: “Modimo o go tsentse mo dipelong tsa tsone gore di diragatse kakanyo ya gagwe.” (Tshenolo 17:17) Ee, Modimo o tla dira gore bodumedi jwa maaka bo arabele ditiro tsotlhe tse di ferosang sebete tse bo di dirileng mo leineng la gagwe. Ka tshiamiso e e feletseng, Modimo o tla dirisa dinyatsi tsa seaka seno tsa sepolotiki go mo senya.

Wena o tshwanetse go dira eng gore o se ka wa senngwa le bodumedi jwa maaka? Morongwa wa Modimo o kgothatsa jaana: “Tswang mo go ene, batho ba me.” (Tshenolo 18:4) Ee, eno ke nako ya gore o tswe ka bonako mo bodumeding jwa maaka! E le gore o tla ya kae fa o tswa koo? E seng kwa go latoleng gore Modimo o teng, ka gonne le one mofuta oo wa bodumedi ga o na isagwe. (2 Bathesalonika 1:6-9) Lefelo le le lengwe fela le le bolokesegileng le o ka yang kwa go lone ke bodumedi jwa boammaaruri. O tla bo itse jang?

Kafa o ka bonang bodumedi jwa boammaaruri ka gone

Bodumedi jwa boammaaruri bo tshwanetse go tlhagisa leungo lefe le le molemo?—Mathaio 7:17.

Bodumedi Jwa Boammaaruri . . .

◼ BO BONALA KA LORATO LWA BATHO BA JONE: Baobamedi ba boammaaruri “ga ba karolo ya lefatshe,” ga ba ikgaoganye ka botšhaba kgotsa lotso lwa bone, mme ‘ba a ratana.’ (Johane 13:35; 17:16; Ditiro 10:34, 35) Go na le gore ba bolaane, ba ka mpa bogolo ba swelana.—1 Johane 3:16.

◼ BO IKANYA LEFOKO LA MODIMO: Go na le gore bo rute “dingwao” le “ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo,” bodumedi jwa boammaaruri bo ruta se se tswang mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele. (Mathaio 15:6-9) Ka ntlha yang? Ka gonne “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

◼ BO NONOTSHA MALAPA E BILE BO TSHEGETSA MELAO YA MAEMO A A KWA GODIMO YA BOITSHOLO: Bodumedi jwa boammaaruri bo ruta banna ba ba nyetseng gore ba ‘rate basadi ba bone jaaka mebele ya bone,’ bo thusa basadi ba ba nyetsweng go ‘naya banna ba bone tlotlo e e boteng,’ e bile bo ruta bana go ‘ikobela batsadi ba bone.’ (Baefeso 5:28, 33; 6:1) Mo godimo ga moo, botlhe ba ba neilweng maikarabelo mo phuthegong ba tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo mo boitsholong.—1 Timotheo 3:1-10.

A go na le bodumedi bope jo bo tshelang ka melao eno? Buka ya Holocaust Politics e e gatisitsweng ka 2001, ya re: “Fa batho ba le bantsi ba ka bo ba tshela ka dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di rerang, go ka bo go sa bolawa batho ba bantsi jaana ka nako ya Bonasi e bile lefatshe le ka bo le sa welwa ke sebetso sa go bolawa ga diketekete tsa batho fela ka gonne e le ba morafe o o rileng.”

Ee ruri, mo dinageng di le 235, Basupi ba ga Jehofa ga ba rere fela ka gore Baebele ya re batho ba itshware jang—mme gape ba tshela tumalanong le se ba se rerang. Re go kgothaletsa go kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go thuse go bona gore ke eng se Modimo a se lopang mo go wena gore o kgone go mo obamela ka tsela e a e amogelang. Eno ke nako ya go tsaya kgato. O se ka wa senya nako. Bokhutlo jwa bodumedi jwa maaka bo atametse!—Sefania 2:2, 3.

Fa e le gore o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka molaetsa wa Baebele o Basupi ba ga Jehofa ba o rerang, o se ka wa tshaba go ikgolaganya le bone mo atereseng e e fa tlase fano.

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jwa Nnang lo Disitse!

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tlhaloso e e feletseng ka kgang eno, bona buka ya Tshenolō, Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Bodumedi jwa maaka bo tlhotlheletsa “dikgosi tsa lefatshe”

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Tswang mo go ene, batho ba me”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela