LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 4 ts. 9-10
  • Modimo O Re Itsise Kaga Boikaelelo Jwa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo O Re Itsise Kaga Boikaelelo Jwa Gagwe
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Di Ka Bonwa Kae?
  • Mpho ya Modimo
  • Motswedi o o Sa Tshwaneng le Ope wa Botlhale jwa Maemo A A kwa Godimo
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Bala Bibela?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Baebele—Buka E e Sa Tshwaneng le Epe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 4 ts. 9-10

Karolo 4

Modimo O Re Itsise Kaga Boikaelelo Jwa Gagwe

1, 2. Re itse jang gore Modimo o araba bao ba botsang ka tlhoafalo?

KA BOAMMAARURI Modimo o o lorato o senolela ba ba mmatlang ka tlhoafalo boikaelelo jwa gagwe. O neela batho dikarabo ba ba botsang dipotso tse di ntseng jaaka gore ke ka ntlha yang fa o letleletse pogo gore e nne teng.

2 Bibela e bega jaana: “Ha u mmatla [Modimo], o tla bōnwa ke wèna.” “Me go na le Modimo kwa legodimoñ o o senolañ tse di sa itsiweñ.” “Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”—1 Ditihalō 28:9; Daniele 2:28; Amose 3:7.

Dikarabo Di Ka Bonwa Kae?

3. Re ka bona kae lebaka la go bo Modimo o letleletse pogo?

3 Dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jaaka gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse pogo gore e nne teng le gore o ikaelela go dira eng ka yone di fitlhelwa mo pegong e o e tlhotlheleditseng gore e re solegele molemo. Pego eo ke Lefoko la gagwe, eleng Bibela E E Boitshepo. “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:16, 17.

4, 5. Ke eng se se dirang Bibela go nna buka ya mofuta wa yone fela?

4 Bibela ka boammaaruri ke buka ya mofuta wa yone fela. E na le pego e e boammaaruri go gaisa ya hisitori ya motho mme ebile gape e bua le ka nako ya pele ga batho ba bopiwa. E bua gape le ka dikgang tse di amanang le motlha ono, ereka dipolelelopele tsa yone di bua ka dilo tse di diragalang mo motlheng ono wa rona le tse di tlileng go diragala mo isagweng e e seng kgakala.

5 Ga go na buka epe gape e e nang le mabaka a a kalo a ka one e ka dumelwang gore ke pego e e tlhomameng e e boammaaruri ya hisitori. Ka sekai, ke mekwalo ya bogologolo e sekae fela ya bakwadi ba pele e e teng gompieno. Mme lefa go le jalo go na le mekwalo e mentsi dikarolo kgotsa e e feletseng ya Bibela: e e ka nna 6 000 ya Dikwalo tsa Sehebera (dikwalo tse 39 tsa “Tesetamente E Kgologolo”) le tse di ka nnang 13 000 tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete (dikwalo tse 27 tsa “Tesetamente E Ntšha”).

6. Re ka tlhomamisa jang gore le gompieno Bibela e tshwana fela le ka nako ya fa Modimo o ne o e tlhotlheletsa?

6 Modimo Mothatayotlhe, yo o ileng wa tlhotlheletsa Bibela, o ile wa tlhomamisa gore tshedimosetso ya yone e e boammaaruri e tswelele pele e ntse e bolokilwe mo mekwalong eo. Ka jalo Dibibela tsa rona gompieno di tshwana tshwanang le mekwalo ya ntlha e e tlhotlheleditsweng. Selo se sengwe se se re thusang go anaanela seno ke gore dikaelo tsa mekwalo mengwe tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ke tsa bogologolo go fitlha go dingwaga tse di lekgolo fela morago ga nako e tsa ntlha di neng tsa kwalwa ka yone. Dikaelo di sekae tse di saleng teng tsa mekwalo tsa bakwadi bao ba neng ba ikwalela fela tsa bogologolo ga se gantsi di kwadilweng mo dingwageng tse di kafa tlase ga makgolokgolo a dingwaga go tswa kwa go tse di neng di kwadilwe ke bakwadi ba tsone ba ntlha.

Mpho ya Modimo

7. Bibela e anamisitswe go le kana kang?

7 Bibela ke yone buka e e anamisitsweng go di gaisa tsotlhe mo hisitoring. Go ile ga gatisiwa dikaelo tsa yone tse di ka nnang dibilione tse tharo. Ga go na buka epe e e kileng ya gatisiwa ka dipalo tse di ka atamelang eo. Mme Bibela kgotsa dikarolo tsa yone, di ile tsa ranolelwa mo dipuong tse di fetang 2 000. Ka jalo, go fopholediwa gore 98 lekgolong ya batho ba polanete ya rona ba ka kgona go nna le Bibela ka puo ya bone.

8-10. Mabaka mangwe a a dirang gore go nne botlhokwa gore re tlhatlhobe Bibela ke afe?

8 Kwantle ga pelaelo buka e e ipolelang fa e tswa kwa Modimong mme ebile gape e na le bosupi mo go yone le jo bo tswang go sele jwa gore e boammaaruri tota e tlhoka gore re e tlhatlhobe.a E tlhalosa ka boikaelelo jwa botshelo, se maemo a a mo lefatsheng a se bolelang, ebile e re bolelela gore isagwe e re tsholetse eng. Ga gona buka epe e nngwe e e ka dirang jalo.

9 Ee, Bibela ke tsela e Modimo o buisanang le lelapa la setho ka yone. O ile wa kaela go kwalwa ga yone ka maatla a one a a dirang, kgotsa moya wa one, mme batho ba ba ka nnang 40 ba ile ba dirisiwa mo go e kwaleng. Ka jalo Modimo o bua le rona ka Lefoko la one, eleng Bibela E E Boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “E rile lo chola lehoko ya taeco mo go rona, eboñ lehoko ya Modimo, loa le amogèla e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla, yaka e le yeōna rure.”—1 Bathesalonia 2:13.

10 Abraham Lincoln, tautona wa bo 16 wa United States, o ne a bitsa Bibela a re ke “mpho e e molemo go di gaisa e Modimo o kileng wa e fa motho . . . Kwantle ga yone re ne re ka se ka ra itse pharologanyo gareng ga molemo le bosula.” Ka jalo, mpho eno ya maemo a a kwa godimo e re bolelelang mabapi le kafa pogo e simologileng ka teng, gore ke ka ntlha yang fa Modimo o e letleletse gore e nne teng, le gore o tlile go dira eng ka yone?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tshedimosetso e e oketsegileng kaga go ikanyega ga Bibela, e ka bonwa mo bukeng e go tweng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana ke la Batho?, e e gatisitsweng ka 1989 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bibela e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, ke tsela e o buisanang le lelapa la motho ka yone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela