LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/10 ts. 14-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2010
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
  • O ITSE ENG KA KGOSI SOLOMONE?
  • BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
  • TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 3/10 ts. 14-31

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?

Bala Ekesodo 12:1-8, 17-20, 24-27; Mareko 14:12, 22-26; Johane 13:1, 21-30. Jaanong leba setshwantsho sa Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ke dilo dife tse di phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase fano.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke eng fa Jesu a ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang go tshwantshetsa mmele wa gagwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Bakorintha 5:6-8; Bahebera 4:14, 15.

O ITSE ENG KA KGOSI SOLOMONE?

4. Mmaagwe Solomone e ne e le mang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Samuele 12:24.

․․․․․

5. Dafide le mmaagwe Solomone ba ne ba na le barwa ba bangwe ba le kae?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Samuele 11:26, 27; 1 Ditiragalo 3:5.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa Solomone a ne a le botlhale jaana?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Dikgosi 3:5-14.

O ka nna botlhale jang?

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 19 Go tlhatlhanya o le nosi ka dilo ke sesupo sa eng? Diane 1:․․․

TSEBE 19 Jesu o ne a gakolola barutwa ba gagwe gore ba rapelele kae? Mathaio 6:․․․

TSEBE 28 “Mekwalo e e boitshepo” e kgona go dira eng? 2 Timotheo 3:․․․

TSEBE 29 “Kgomotso ya Dikwalo” e ka re naya eng? Baroma 15:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 14

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31

1. Go tshwanetse ga nna le baaposetoloi ba le 11 fela e seng ba le 12.

2. Senkgwe se tshwanetse sa bo se sa bedisiwa mme se le sephaphathi, e seng se kokomogile.

3. E ne e le nama ya nku, e seng ya kolobe.

4. Bathe-sheba.

5. Dafide le Bathe-sheba ba ne ba na le barwa ba le banè kwantle ga Solomone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela