LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/09 ts. 4
  • Sephiri 2: Boineelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sephiri 2: Boineelo
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 Tsaya Lenyalo le le Botlhokwa
    Tsogang!—2018
  • Go Nonotsha Maitlamo
    Tsogang!—2015
  • Kafa o ka Nonotshang Lenyalo la Gago ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Lenyalo la Gago le ka Bolokiwa!
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 10/09 ts. 4

Sephiri 2: Boineelo

“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.

Se seno se se kayang. Banyalani ba ba atlegileng ba leba lenyalo la bone e le sebofo se se tla nnelang ruri. Fa go nna le bothata, ba leka go bo rarabolola go na le go dira gore e nne seipato sa go fedisa lenyalo. Fa balekane ba lenyalo ba ineetse mongwe mo go yo mongwe, ba ikutlwa ba babalesegile. Mongwe le mongwe o tshepa gore yo mongwe o tla tswelela a tlotla sebofo sa lenyalo.

Lebaka la go bo seno se le botlhokwa. Ka ditsela tse dintsi, boineelo ke tshetledi ya kamano ya lenyalo. Le fa go ntse jalo, fa go nna go na le dikgotlhang, go ineela jalo mo molekaneng wa gago go ka bonala e le go ipofa. Tota e bile, maikano a gore “go fitlha re kgaoganngwa ke loso” e nna tumalano fela e maikutlo a motho a sa amegeng mo go yone—tumalano e balekane ba eletsang e kete ba ka kgona go e dirolola. Ba ka nna ba se ka ba tswa mo lenyalong ka tsela ya mmatota, mme ba ka nna ba “tswa” mo go lone ka ditsela tse dingwe—ka sekai, ka go didimala fa go tlhokega gore go tlotliwe ka dikgang tse di masisi.

Leka se se latelang. Leka go bona gore o ineetse go le kana kang, ka go dirisa dipotso tse di latelang gore di go kaele.

◼ Fa re na le kgotlhang, a ke iphitlhela ke ikwatlhaya go bo ke nyalane le molekane wa me?

◼ A gantsi ke a tle ke ijese dijo tsa ditoro ke ipona ke na le mongwe o sele go na le molekane wa me?

◼ A ka dinako tse dingwe ke bolelela molekane wa me ke re, “Ke a go tlogela” kgotsa “Ke ile go ipatlela mongwe yo o nkanaanelang”?

Dira tshwetso. Akanya ka kgato e le nngwe kgotsa di le pedi tse o ka di tsayang go nonotsha boineelo jwa gago. (Dikakantsho dingwe: Gangwe le gape nna o kwalela molekane wa gago lekwalonyana, baya dinepe tsa molekane wa gago kwa lefelong le o dirang kwa go lone, kgotsa leletsa molekane wa gago mogala letsatsi le letsatsi fa o le kwa tirong o mo tlhola fela.)

Ke eng o sa bolelele molekane wa gago ka dikakantsho di le mmalwa tse o nang le tsone mme o bo o mmotsa gore ke dife mo go tsone tse di ka nnang le bokao thata mo go ene?

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Boineelo mo lenyalong bo ntse jaaka maparego a a thibelang lenyalo la gago gore le se ka la tswa mo tseleng

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Corbis/​age fotostock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela