LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/09 ts. 6-8
  • Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona!
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Ngwana A na Le Bothata Jwa Diokobatsi
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone
    Tsogang!—2003
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 5/09 ts. 6-8

Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona!

BATSADI ba ba tshwenyegileng ba botsa sentle jaana: “Ke eng fa basha ba ba oketsegileng ba nanabela khabote ya melemo jaana?” Go na le dikarabo tse di farologaneng. Basha bangwe ba batla sengwe se se ka ba itumedisang. Ba bangwe ba batla go ithuta ka tsela e e botoka kgotsa ba batla go itebatsa mathata a bone. Mme ba bangwe bone ba ka tswa ba utlwa botlhoko mo mmeleng kgotsa mo maikutlong mme ba batla fela go ikutlwa botoka. Ee, bana ba bannye ba ba ka nnang dingwaga di le 12 ba dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng ka tsela e e sa siamang ka metlha, gongwe ba di otara go tswa mo atereseng ya Internet e le nngwe kgotsa go feta mo go tse di diketekete tse di leng gone tse di ntshang diokobatsi tse di ntseng jalo motlhofo—ba sa bodiwe dipotso dipe. Ba bangwe ba ile ba reka dipilisi go tswa mo bathong ba go tweng ke ditsala. Fa e le gore o motsadi, o ka dira eng go sireletsa bana ba gago?

Sengwe se o ka se dirang, ke go bua o gololesegile le bone ka dikotsi tsa go dirisa diokobatsi—tse di tswang kwa ngakeng kgotsa tse di seng kafa molaong. Mme gape, boloka melemo e e tswang kwa ngakeng mo lefelong le le babalesegileng—gongwe le e leng go e lotlelela mo khaboteng ya melemo. Itse gore go na le melemo efe mme o laole tsela e e dirisiwang ka yone. Fa e le gore seokobatsi sengwe ga se tlhole se tlhokega, se latlhe ka tsela e e tshwanetseng. Fa e le gore mosha ga a sa tlhole a gotlhola mme a sa ntse a nwa molemo wa go gotlhola, mmotse ka gone. Mme nna o ntse o sekaseka gore ngwana wa gago o dira eng mo Internet le gore o dira eng ka karata ya gagwe ya sekoloto o bo o sekaseka le poso e a e amogelang. Sa bofelo, ela tlhoko fa a fetola ditsala tsa gagwe, tebego ya gagwe kgotsa tsela e a itshwarang ka yone kgotsa go fokotsega gope fela ga maduo a gagwe kwa sekolong.

Fa Ngwana A na Le Bothata Jwa Diokobatsi

Fa e le gore ngwana wa gago o na le bothata jwa diokobatsi kgotsa o belaela thata gore o na le jone, o ka dira eng? O tlhoka go buisana le ngwana wa gago ka se se go tshwenyang, mme o dira jalo ka lorato le ka bopelonomi. Baebele ya re: “Maikaelelo a pelo ya motho a ntse jaaka metsi a a kwa tlasetlase mme monna [kgotsa mosadi] yo o botlhale o a a gelela.” (Diane 20:5, The New American Bible) Go dira gore ngwana yo a ka tswang a na le bothata jwa diokobatsi a bue boammaaruri go ka tshwana le go goga kgamelo ya metsi ka mogala o o lotsatsa. Fa o ka goga thata ka go tshwayatshwaya diphoso kgotsa ka go galefa thata, o ka nna wa kgaola mogala wa puisano. Gakologelwa, o na le mekgele e mebedi. Wa ntlha, o batla go bona gore a go ka tswa go na le bothata. Mme wa bobedi, fa e le gore go na le bothata, mabaka a a bo bakang ke eng. Gantsi, mabaka ao a akaretsa nngwe ya dilo tse di latelang.

◼ Ditsala tse di sa siamang le kgatelelo ya balekane. 1 Bakorintha 15:33 ya re: “O se ka wa tsietsega, ditsala tse di sa siamang di senya botho jo bontle.” (The New English Bible) Ka jalo, batsadi ba ba botlhale ba tla thusa bana ba bone go bona kotsi ya go nna le ditsala tse di sa siamang, tse di ka nnang le tlhotlheletso e kgolo mo go bone. Go tsaya kgato e e ka thusang bana ba bone, batsadi ba ba ntseng jalo ba tla thusa bana ba bone go tlhopha ditsala tse di siameng. (Diane 13:20) Gongwe Papa le Mama ba ka thusa ka go laletsa ditsala tse di ntseng jalo mo gae kgotsa fa lelapa le ikentsha.

◼ Go ngomoga pelo. Kgatelelo ya go batla go atlega mo lefatsheng gompieno e ntsi thata mme ka dinako tse dingwe batsadi ba senya dilo le go feta ka go gatelela bana ba bone go dira ka natla. a A o itse dinonofo le makoa a bana ba gago? A o ba tlhomela mekgele e ba kgonang go e fitlhelela mme o bo o ba thusa gore ba e fitlhelele? A o tila gotlhelele go bapisa ngwana wa gago ka tsela e e mo nyenyefatsang e leng se se ka kgobang ngwana marapo mme sa dira gore a gatelelwe thata mo maikutlong? Ga go na pelaelo gore fa bana ba sa thusiwe ka se ba se tlhokang mo maikutlong kwa gae, ba tla ya go sele go bona lorato le kamogelo e ba eletsang go nna le yone. Batsadi ba ba botlhale ba leka go dira gore lelapa e nne lefelo la semoya, gongwe ka go bala Baebele le bana ba bone. Jesu Keresete o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

◼ Go nna le boitshwaro jo bo sa laolesegeng. Basha bangwe ba dirisa diokobatsi ka go bo batsadi ba bone ba ba tlogela gore ba itshelele fela jaaka ba batla. Diane 29:15 ya re: “Mosimane [kgotsa mosetsana] yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” Boammaaruri ke gore, bana ba itumela fa go na le melelwane e e tlhamaletseng malebana le boitshwaro, e e dirang gore ba ikutlwe ba sireletsegile le go ratiwa—le fa ba ka tswa ba ngongorega ka gone. Ka jalo, Baebele e kgothaletsa batsadi gore ba neye bana ba bone dikaelo tse di utlwalang le go ba tlhomela sekao se se molemo. (Baefeso 6:4) Baebele gape e kgothatsa batsadi go tlhomama le go nitama fa go tlhokega. “A Ee wa lona a reye Ee, le Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Jakobe 5:12.

Mme gone, fa o utlwa gore ngwana wa gago o na le bothata jwa diokobatsi, go ka nna botlhale gore o bue ka kgang eno le mongwe mo go tsa boitekanelo yo o thapiseditsweng tiro eno. Go fedisa bothata jwa go tshwakgolwa go ka nna thata mme go ka nna ga tlhoka kaelo ya mankge. Mme gape, fa lelapa la gago e le karolo ya phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa, o tshwanetse go kopa thuso mo bagolwaneng ba lefelo la lona. (Jakobe 5:13-16) Banna bano ba ba godileng semoyeng ba ka kgona go go thusa go dirisa melaometheo ya Baebele e e tla thusang gore ngwana a fole ka bonako.

Setlhogo se se latelang se tla sekaseka melaometheo mengwe e e oketsegileng mme gape se tla sekaseka tsholofelo e ntle e re ka nnang le yone malebana le isagwe e e botoka.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Bana ba ba Ngomogileng Pelo,” mo tsebe 14.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Maikaelelo a pelo ya motho a ntse jaaka metsi a a kwa tlasetlase mme monna yo o botlhale o a a gelela.”—Diane 20:5, New American Bible

[Lebokoso mo go tsebe 7]

MATSHWAO A A BONTSHANG BASHA BA BA MO KOTSING

◼ Rekoto ya mongwe mo lelapeng yo o neng a dirisa diokobatsi kgotsa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang

◼ Go gatelelwa thata mo maikutlong kgotsa go inyatsa

◼ Go ikutlwa ba sa tshwanelege fa gare ga ba bangwe le gore ga ba ratiwe

◼ Go ikutlwa ba lapile gangwe le gape; ba sa kgone go robala

◼ Go nna bogale, go tsuologela batho ba ba mo taolongb

[Ntlha e e kwa tlase]

b Dintlha tseno di theilwe mo tshedimosetsong e e gatisitsweng ke Teen Help.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela