LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 16-17
  • Tiro ya Botswerere e e “Takilweng” ka Matlapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro ya Botswerere e e “Takilweng” ka Matlapa
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Dirwa Jang?
  • Go Taka ke Eng?
    Tsogang!—1995
  • Motaki yo o Tlhokomologilweng go Gaisa Botlhe mo Motlheng wa Rona
    Tsogang!—1995
  • Dithota Tse di Fetofetogang Tsa Namibia
    Tsogang!—2001
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 16-17

Tiro ya Botswerere e e “Takilweng” ka Matlapa

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ITALY

MO MEKGWENG yotlhe e bataki ba e dirisitseng go bontsha bontle jwa tlhago, mokgwa o gantsi o bidiwang Florentine mosaic kgotsa commesso ke one o o gwetlhang go gaisa yotlhe. Mofuta ono o o atileng thata kwa Florence kwa Italy, wa go taka wa mosaic, ga o dirise matlapa a a bopegileng ka tsela e e tlwaelegileng, dithaele kgotsa galase go dira popego jaaka mefuta e mengwe ya mosaic. Go na le moo, bataki ba dira ditshwantsho ka letlapa le lesesane le le bopegileng ka tsela e e makobekobe. Gantsi matlapa ano a segiwa bontle thata jaana mo e leng gore ga o kgone go bona gore a kopantswe fa kae.

Mebala e e farologaneng e matlapa ano a tlhagang ka yone e e leng mo papetleng e e dirisiwang ke motaki yo o “takang” ka letlapa e a gakgamatsa. Lapis lazuli ke letlapa le le mmala o o bobududu jo bo galolang o o nang le marontho a masweu le le phatsimisiwang ke dikirisetale tsa pyrite ya mmala wa gauta. Letlapa la Malachite lone le na le methalo e e botala jo bo sa tsenelelang le jo bo tseneletseng. Gape go na le letlapa la mmabole le le nang le methalo e mentle e e farologaneng ya mebala e e serolwana, borokwa, botala le bohibidu. Matlapa a agate, jasper, onyx, porphyry le a mangwe, a na le mebala e e galolang e e sa tshwaneng gape le e e marontho, mme bataki ba a dirisa ka botlalo go dira tiro ya bone ya botswerere. Ba dirisa mebala le methalo e mesesane ya matlapa ano go dira ditshwantsho tsa mafelo a a nang le maje, dijalo, metsi a a bilogang le loapi le le nang le maru.

Mofuta ono wa mosaic ga o mosha le e seng. Go ka direga gore o ne wa simologa kwa Botlhabagare, mme wa fitlha kwa Roma mo masimologong a lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. mme wa simolola go dirisiwa go dira mekgabisa ya fa fatshe le mo loboteng. Le fa mokgwa wa Florentine mosaic o ne o dirisiwa kwa mafelong a le mantsi ka metlha ya puso ya Byzantine, toropo ya Tuscan ya kwa Florence e ne ya dira gore mokgwa ono wa go taka o tume go simologa ka lekgolo la bo16 la dingwaga go ya pele. Go tla go fitlha le gompieno, go na le ditshwantsho tse di dirilweng ka botswerere tsa Florentine mosaic tse di fitlhelwang kwa matlong a segosi le kwa dimusiamong go ralala Yuropa.

Go “taka” ka matlapa ke tiro e e bokete tota. Makasine mongwe o tlhalosa gore go dira setshwantsho fela se se sa raraanang go ka tsaya diura di le dintsi ka tsela e tshosang. Ka jalo, gompieno fela jaaka go ne go ntse mo nakong e e fetileng, ditlhwatlhwa tse bataki ba rekisang ditshwantsho tseno ka tsone di kwa godimo thata mo batho ba bantsi ba sa kgoneng go di reka.

Di Dirwa Jang?

Fa go dirwa mosaic o mosha go simololwa pele ka go dira sekaelo, gantsi e le setshwantsho se se takilweng. Setshwantsho seno se a se thaleletseng, se segiwa dikarolwana, tse di tsamaisanang le setshwantsho se se tla bong se fedile. Fa motaki a ntse a tlhopha letlapa le le tshwanetseng karolwana nngwe le nngwe ka kelotlhoko, o tla bo a dira jalo go ya ka tsela e setshwantsho se leng ka yone mo mogopolong wa gagwe e seng gore o tla bo a etsa sekaelo sa gagwe. Karolwana nngwe le nngwe ya setshwantsho se se thaleletsweng e tla bo e kgomarediwa mo karolwaneng e e tlhophilweng ya letlapa le le phatlhotsweng.

Go tswa foo motaki o tla bo a tshwara karolwana nngwe le nngwe ya letlapa e e ka nnang bokima jwa dimilimetara di le pedi go ya go di le tharo ka sediriswa se se bidiwang vice. Fa a fetsa, o tla bo a dirisa saga go sega ka kelotlhoko dikarolwana tse a di tlhokang. (jaaka go bontshitswe fa godimo). Fa a ntse a dira seno, o nna a ntse a kolobetsa saga ka setshaso se se gotlhang. Morago ga foo, o tla bo a rethefatsa dikarolwana tseno bontle jaana mo e leng gore fa a di tshwaragantse ga go bonale lesedi lepe mo di tshwaraganeng gone. Akanya fela gore seno e ne e tla nna kgwetlho e e kana kang fa dikarolwana tseno e le tse di tshwanetseng go dira dikalana tse dinnye tsa mofine!

Morago ga gore dikarolwana tseno di kgomarediwe mo seleiteng, motaki o tla bo a di papetlelela la bofelo fa godimo a bo a poletšha letlapa gore le dire gore setshwantsho se nne sentle thata jaana mo e leng gore dinepe ga di kgone go bontsha bontle jwa sone sentle. Bokgoni jo bogolo jwa bataki jwa go dirisa ka botlalo mebalabala e e farologaneng go tswa mo letlapaneng le le lengwe fela go dira ditshwantsho tse di lebegang sentle tsa malomo bo gakgamatsa tota. Ditshwantsho dingwe tse bataki ba ba nang le bokgoni ba ileng ba di dira ba dirisa mokgwa ono di akaretsa tsa maungo, dinkgwana, dirurubele, dinonyane le mafelo a mantle.

Sengwe gape se se kgatlhang ka Florentine mosaic ke gore motaki ga a kgone go bonela pele gore setshwantsho sa gagwe se tla bo se le jang fa se fedile. Go na le moo, o tshwanelwa ke go tlhopha mo dilong tse Modimo a setseng a di dirile tse di jaaka, mebala, matlapa le tsela e a utlwalang ka yone fa o a tshwara. Buka nngwe e ne ya bolela jaana ka kgang eno: “Mo matlapeng a mantle a boleng jo bo kwa godimo o kgona go akanya ka maatla a a ka se lekanngweng a Modimo, yo o kgonang go dirisa dilo tse dinnye jaana go bontsha bontle jwa lefatshe . . . , ka jalo, ka dinako tsotlhe re nna re kgona go leba go phatsima ga ditiro tsa Modimo.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

All photos pages 16 & 17: Su concessione del Ministero per i Beni e le Attività Culturali-Opificio delle Pietre Dure di Firenze, Archivio Fotografico

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela