LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 12-15
  • Go Falola Diphetogo Tse Dikgolo Kwa Korea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Falola Diphetogo Tse Dikgolo Kwa Korea
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Jwa Me fa Ke ne Ke le Mosha
  • Botshelo ka Nako ya Ntwa ya Kwa Korea
  • Boemo Jwa me Jwa Botshelo Kgotsa Loso
  • Diketekete di Nna di Ikanyega
  • Go Akanya ka Diphetogo
  • Ke Bone Koketsego Kwa Korea
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Kgabagare ke Bone Kgololesego ya Mmatota!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kea Ipela, lemororo ke golofetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Lebaka La go Bo ba Ya Kerekeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 12-15

Go Falola Diphetogo Tse Dikgolo Kwa Korea

Jaaka go boletse Chong-il Park

“Legatlapa! O tshaba go swela kwa ntweng. O dira e kete bodumedi jwa gago ke jone bo go dirang gore o se ka wa batla go nna lesole.” Ke kafa kapotene ya Counter Intelligence Corps (CIC) a neng a ntatofatsa ka gone fa ke ne ke eme fa pele ga gagwe ka June 1953, dingwaga di le 55 tse di fetileng.

SENO se diragetse ka nako ya Ntwa ya Korea. Morago ga foo kapotene o ne a ntsha tlhobolo mme a e baya mo tesekeng ya gagwe. O ne a re: “Jaanong o tla swela fano go na le gore o ye go swela kwa ntweng. A o batla go fetola mogopolo wa gago?”

Ke ne ka araba ke sa etsaetsege ka re “nnyaa.” Fa ke bolela jalo, kapotene o ne a laela modiredi mongwe wa sesole gore a dire dithulaganyo tsa gore ke bolawe.

Ke ne ke le mo boemong jono ka ntlha ya gore ke ne ke laetswe go tsena mo sesoleng mme ke ne ka gana. Fa re ntse re letile, ke ne ka bolelela kapotene gore ke ne ke setse ke ineetse mo Modimong, ka jalo ke ne ke dumela gore go phoso go swa ka ntlha ya mabaka ape fela fa e se ka ntlha ya go direla Modimo. Go ne ga feta metsotso e se kae re ntse ka tidimalo. Ka bonakonyana, modiredi wa lesole o ne a boa mme a bega fa sengwe le sengwe se siametse gore ke bolawe.

Bontsi jwa batho ka nako eo kwa Korea Borwa ba ne ba sa itse Basupi ba ga Jehofa sentle, segolobogolo kgang ya go gana go nna le seabe mo ditirong dingwe tsa sesole tsa puso epe fela e le ka ntlha ya tumelo ya bone. Pele ga ke tlhalosa gore go diragetse eng morago ga foo, mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke dire tshwetso e ke ileng ka e tlhalosetsa kapotene ya sesole.

Botshelo Jwa Me fa Ke ne Ke le Mosha

Ke ne ka tsholwa ka October 1930, ke le ngwana wa ntlha wa mosimane mo lelapeng mo toropong nngwe gaufi le Seoul, e ka nako eo e neng e le motsemogolo wa Korea. Rremogolo e ne e le molatedi yo o tlhoafetseng wa ga Confucius, mme o ne a nthapisitse gore le nna ke nne molatedi wa ga Confucius. O ne a sa batle gore ke tsene sekolo, ka jalo, ga ke a ka ka ya sekolong go fitlha fa a sena go swa fa ke ne ke le dingwaga di le lesome. Mme ka 1941, Japane le United States di ne tsa lwantshana mo Ntweng ya Lefatshe II.

E re ka Korea e ne e le kafa tlase ga puso ya Japane, moso mongwe le mongwe rona baithuti re ne re tshwanetse go nna le seabe mo modirong mongwe o o neng o tlotlomatsa mmusimogolo wa Japane. Rakgadi le monna wa gagwe e ne ya nna Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba tsentswe mo kgolegelong kwa Korea ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ka gonne ba ne ba gana go nna le seabe mo ditirong tse di neng di tshegetsa ntwa, ka ntlha ya tumelo ya bone ya bodumedi. Bajapane ba ne ba tshwara Basupi setlhogo thata jaana mo e leng gore bangwe ba bone ba ne ba swa, go akaretsa le monna wa ga rakgadi. Moragonyana rakgadi o ne a nna le ba lelapa la gaetsho.

Korea e ne ya gololwa mo pusong ya Japane ka 1945. Ka thuso ya ga rakgadi le Basupi ba bangwe, ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo mme ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka 1947. Ka August 1949, Don le Earlene Steele, ba e neng e le barongwa ba ntlha ba ba katisitsweng kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ba ba neng ba abetswe go ya kwa Korea, ba ne ba fitlha kwa Seoul. Mo dikgweding di le mmalwa moragonyana go ne ga tla ba bangwe.

Ka January 1, 1950, nna le Ba-Korea ba bangwe ba bararo re ne ra simolola go nna babulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Re ne re le babulatsela ba ntlha kwa Korea, morago ga Ntwa ya Lefatshe II.

Botshelo ka Nako ya Ntwa ya Kwa Korea

Ka bonako fela morago ga foo, go ne ga runya ntwa fa gare ga Korea Bokone le Korea Borwa ka Sontaga, June 25, 1950. Ka nako eo, mo nageng ya Korea yotlhe go ne go na le phuthego e le nngwe fela ya Basupi e e neng e le kwa Seoul mme re ne re le maloko a le 61. Kemedi ya United States e ne e batla gore barongwa botlhe ba tswe mo nageng e le ka ntlha ya tshireletsego ya bone. Bontsi jwa Basupi ba kwa Seoul ba ne ba tsamaya mme ba gasagana go ralala karolo ya borwa jwa naga.

Lefa go ntse jalo, puso ya Korea Borwa e ne ya thibela gore makawana a a mo dingwageng tsa go ka kwadisediwa bosole a tswe kwa Seoul. Go sa lebelelwa, masole a Bakomonisi a ne a gwantela kwa toropong mme Seoul e ne ya nna kafa tlase ga puso ya sesole sa Bakomonisi. Tota le ka nako eo, fa ke ne ke tshwanelwa ke go iphitlha mo phaposaneng e nnye ka dikgwedi di le tharo, ke ne ka kgona go neela batho bosupi ka Bogosi jwa Modimo. Ka sekai, ke ne ka kopana le morutabana mongwe yo le ene a neng a iphitlhetse Bakomonisi. Kgabagare o ne a nna le nna mme ke ne ka ithuta Baebele le ene letsatsi le letsatsi. Fa nako e ntse e ya, o ne a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Kgabagare badiredi ba Bakomonisi ba kwa Korea Bokone ba ne ba bona fa re neng re iphitlhile gone. Re ne ra ba bolelela gore re baithuti ba Baebele mme ra ba tlhalosetsa thuto ya Baebele malebana le Bogosi jwa Modimo. Re ne ra gakgamala fa ba ne ba sa re tshware mme go na le moo, ba ne ba bontsha go kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Tota e bile, bangwe ba bone ba ne ba boa gape ka makgetlhonyana ba batla go utlwa mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo. Boitemogelo jono bo ne jwa nonotsha tumelo ya rona ya gore Jehofa o a sireletsa.

Morago ga gore masole a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a boe gape a laole Seoul, ke ne ka amogela tetla e e kgethegileng ya go ya kwa toropong ya Taegu ka March 1951. Fa ke le koo, ke ne ka kgona go rera le Basupi ba bangwe ka dikgwedi di le mmalwa. Mme ka November 1951, pele ga ntwa e khutla, Don Steele o ne a boela kwa Korea.

Ke ne ka mo thusa go rulaganya gape tiro ya go rera. Tora ya Tebelo mmogo le Informant—tse di neng di neela Basupi ditaelo malebana le go dira tiro ya go rera—di ne di tshwanetse go ranolelwa mo puong ya Se-Korea, di bo di tlanyiwe mme go dirwe le dikhopi tse di kopolotsweng tsa tsone. Dikgatiso tseno di ne di romelwa kwa diphuthegong, tse ka nako eo di neng di le mo ditoropong tse di farologaneng. Gangwe le gape nna le Don re ne re tsamaya mmogo, re etela diphuthego go di kgothatsa.

Ka January 1953, ke ne ka itumela thata fa ke ne ke amogela lekwalo le le neng le ntaletsa go ya Sekolong sa Gileade kwa New York gore ke thapisediwe tiro ya borongwa. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go beeletsa manno a loeto lwa me mo sefofaneng, ke ne ka amogela kitsiso go tswa kwa ofising ya puso ya Korea, e mpolelela gore ke tle tirelong ya bosole.

Boemo Jwa me Jwa Botshelo Kgotsa Loso

Kwa setheong se go neng go phuthelwa batho bosole gone, ke ne ka tlhalosetsa modiredi wa sesole ka seemo sa me sa go sa tseye letlhakore mo dipolotiking le boikutlo jwa me jwa go gana go ya sesoleng. Ka ntlha ya seo, o ne a nthomela kwa masoleng a CIC go ya go tlhomamisa gore a ke Mokomonisi. Ke gone ka nako eo ke neng ka lebana le boemo joo jwa botshelo kgotsa loso jo ke bo umakileng kwa pelenyana. Mme go na le gore a nthunye, kapotene o ne a ema ka bonako a naya modiredi mongwe wa sesole thupa e kima mme a mo laela gore a mpetse. Le fa gone ke ne ka utlwa botlhoko jo bo tseneletseng, ke ne ka itumela gore ke ne ke kgona go bo itshokela.

Sesole sa CIC se ne sa mpusetsa kwa setheong se go phuthelwang batho go ya sesoleng gone, kwa badiredi ba ba neng ba itlhokomolosa dilo tse ke di dumelang, mme ka go mpateletsa ba ne ba nkabela nomoro ya boitshupo ya sesole ba bo ba nkisa kwa setheong sa go katisa masole kwa setlhaketlhakeng sa Cheju gaufi le naga ya Korea. Moso o o latelang, go ne go rulagantswe gore masole a masha, go akaretsa le nna, a dire maikano a go nna masole. Ke ne ka gana go dira jalo. Mme ka ntlha ya seo ke ne ka isiwa kwa kgotlatshekelong ya sesole mme ka romelwa kgolegelong dingwaga di le tharo.

Diketekete di Nna di Ikanyega

Ka letsatsi le ke neng ke tshwanetse go bo ke ile thapisong ya borongwa, ke ne ka bona sefofane se fofa fa godimo ga me. E ne e le sone sefofane se ke neng ke tshwanetse go tsamaya ka sone. Go na le gore ke utlwe botlhoko go bo ke sa kgona go ya Gileade, ke ne ke kgotsofetse thata go bo ke ile ka nna ke ikanyega mo go Jehofa. Mme ga se nna fela Mosupi wa Mo-Korea yo o neng a gana go ya tirelong ya sesole. Tota e bile, go na le Basupi ba bangwe ba ba fetang 13 000 ba ba ileng ba gana go nna masole mo dingwageng tse di latelang. Ba ile ba fetsa palogotlhe ya dingwaga tse di fetang 26 000 mo dikgolegelong tsa kwa Korea.

Fa ke sena go fetsa dingwaga di le pedi tsa kotlhao ya me ya dingwaga di le tharo mo kgolegelong, molato wa me o ne wa phimolwa ka 1955 ka go bo ke ne ke le mogolegwa yo o tlhomang sekao mme ka gololwa. Ke ne ka boela gape mo bodireding jwa me jwa nako e e tletseng. Moragonyana ka October 1956, ke ne ka amogela kabelo ya go ya go direla kwa diofising tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Korea Borwa. Mme ka 1958, ke ne ka lalediwa gape kwa Gileade. Fa ke aloga, ke ne ka abelwa go direla gape kwa Korea.

Nako nngwe morago ga gore ke boele kwa Korea, ke ne ka kopana le In-hyun Sung, Mosupi yo o ikanyegang mme re ne ra nyalana ka May 1962. O ne a godiseditswe mo lelapeng la Babuda mme o ne a ithuta ka Basupi mo go mongwe yo a neng a tsena tlelase le ene. Mo dingwageng tsa ntlha tse tharo tsa lenyalo la rona, re ne ra etela diphuthego tse di farologaneng kwa Korea beke nngwe le nngwe e le go nonotsha maloko a diphuthego tseo semoyeng. Fa e sa le ka 1965 re ntse re bereka mo ofising ya lekala ya Basupi e e ka nnang dikilometara di le 60 go tswa kwa Seoul.

Go Akanya ka Diphetogo

Fa ke akanya ka se se diragetseng mo nakong e e fetileng, ke gakgamalela go bona kafa go nnileng le diphetogo tse dintsi ka teng mo nageng eno. Morago ga ntwa ya lefatshe ya bobedi le ntwa e e neng e le kgatlhanong le Korea Bokone, Korea Borwa e ne ya phutlhama. Ditoropo le ditsela tsa yone e ne e le matlotla fela. Motlakase le dilo tsa go ithutafatsa di ne di nna teng ka sewelo. Mme ikonomi e ne e le mo seemong se se maswe. Mo dingwageng di le 50 tse di neng tsa latela, Korea Borwa e ne ya dira phetogo e e gakgamatsang.

Gompieno Korea Borwa ke naga ya bo11 e e nang le maemo a a kwa godimo a ikonomi mo lefatsheng. E itsege ka ditoropo tsa yone tsa sesheng, thulaganyo ya yone ya diterena tsa lobelo lo logolo, diileketeroniki le bokgoni jwa yone jwa go dira dikoloi. Gone jaanong Korea Borwa ke naga ya botlhano e e dirang palo e kgolo ya dikoloi mo lefatsheng. Mme se se botlhokwa thata mo go nna ke kgatelopele e Korea Borwa e e dirileng malebana le go tlotla ditshwanelo tsa baagi ba yone.

Fa ke ne ke isiwa kwa kgotlatshekelong ya sesole ka 1953, puso ya Korea e ne e sa tlhaloganye kgang ya gore motho a ka gana go ya sesoleng. Bangwe ba rona ba ne ba latofadiwa ka gore ke Bakomonisi mme Basupi mmogo le rona ba le mmalwa ba ne ba itewa go fitlha ba swa. Ba le bantsi ba ba neng ba isiwa kgolegelong ka ntlha ya go gana go ya sesoleng ka ntlha ya tumelo ya bone fa ba ne ba le makawana ba ile ba bona bomorwabone le e leng bana ba bana ba bone ba ya kgolegelong ka ntlha ya lone lebaka leo.

Ke solofela gore ditshwanelo tsa rona tsa bodumedi di tla tlotliwa kwa Korea Borwa fela jaaka kwa dinageng tse dingwe. Ke rapela gore babusi ba kwa Korea Borwa ba ka amogela batho ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya me mme ba tlogela mokgwa wa go romela basha ba ba sa batleng go ya bosoleng kwa kgolegelong, e le gore “re tswelele re tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng.”—1 Timotheo 2:1, 2.

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, metswedi ya tshedimosetso e ile ya bua sentle malebana le go gana ga Basupi ba ga Jehofa go nna le seabe mo ditirong tsa sesole tsa naga le fa e le efe. Agente nngwe e e neng e sekisa Mosupi mongwe yo o neng a gana go ya sesoleng ka ntlha ya tumelo ya gagwe e ile ya kwala lekwalo le mo go lone a neng a kopa maitshwarelo ka ntlha ya se a se dirileng mme lekwalo leo le ne la gatisiwa mo makasineng o o itsegeng thata gore le balwe ke batho botlhe.

Jaaka batlhanka ba Modimo wa rona e bong Jehofa, re anaanela tshono ya go ka kgona go bontsha gore o na le tshwanelo ya go nna Mmusi wa rona. (Ditiro 5:29) Keletso ya rona e e tswang pelong ke go itumedisa pelo ya gagwe ka go nna re ikanyega mo go ene. (Diane 27:11) Ke itumelela go bo ke le mongwe wa dimilione tse di ileng tsa tlhopha go ‘ikanya Jehofa ka dipelo tsa rona tsotlhe mme re sa ikaega ka tlhaloganyo ya rona.’—Diane 3:5, 6.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Re ne ra gakgamala gore ga ba a ka ba re tshwara mme go na le moo ba ile ba bontsha kgatlhego mo molaetseng wa Baebele”

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Basupi ba kwa Korea ba ile ba fetsa dingwaga di le 26 000 kwa kgolegelong ka ntlha ya go gana go ya tirelong ya sesole

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Kwa kgolegelong ya sesole ka 1953

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke etela diphuthego le Don Steele ka nako ya ntwa ka 1952

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Pele ga lenyalo la rona ka, 1961

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke thusa jaaka moranodi wa molebedi yo o etang ka 1956

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le In-hyun Sung gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela