LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/08 ts. 22-24
  • Ditlhare Tse di Nnang mo Metsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhare Tse di Nnang mo Metsing
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Dikologilwe ke Letswai
  • Kafa di Tswelelang di Tshela ka Gone
  • Kafa di Atang ka Teng
  • Lefatshe mo Teng ga le Lengwe
  • Di na Le Mesola e Mentsi mo Bathong
  • Puerto Rico—Dikhumo mo Letsatsing
    Tsogang!—2008
  • Tswine ya Dinotshe—Phodiso e e Botshe
    Tsogang!—2002
  • “Lefatshe le le Elang Mashi le Tswina ya Dinotshe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 6/08 ts. 22-24

Ditlhare Tse di Nnang mo Metsing

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

Di thusa go sireletsa mefuta e mentsi ya ditshedi tse di leng gaufi le go nyelela tse di jaaka, diamusi, dinonyane le digagabi. Gape di sireletsa le tikologo ka go sefa dilo tse di kgotlelang metsi. Diperesente di le 75 tsa ditlhapi tse di tshwarelwang go itapolosa le di le 90 tsa ditlhapi tse di rekisiwang kwa Florida borwa, U.S.A., di ikaegile ka tsone. Gape di dira legora le le sireletsang mafelo a a gaufi le lobopo mo ditsuatsueng le mo makhubung a magolo. Go buiwa ka eng? Di-mangrove!

DI-MANGROVE ke mofuta mongwe wa ditlhare, kgotsa ditlhatsana tse di akaretsang masika a le mmalwa mme di fitlhelwa go bapa le dintshi tse di fetang halofo tsa boboatsatsi mo lefatsheng. Gantsi di gola fa metsi a lewatle a kopanang gone le metsi a noka, fa metsi a letswai a kopanang le metsi a a seng letswai. Le fa gone metsi a koo a le letswai mo bontsi jwa dijalo di ka se kgoneng go tshela mo go one, di-mangrove di kgona go tshela sentle mo metsing ano. Jang? Ka go dirisa mekgwa mengwe e e kgatlhang—ka dinako dingwe e dirisa mekgwa e e farologaneng ka nako e le nngwe.

Di Dikologilwe ke Letswai

Di-mangrove dingwe, di na le disefe tse di kgonang go thibela letswai gore le se ka la tsena mo meding. Di kgona go dira seno ka tsela e e molemo jaana mo e leng gore motho yo o nyorilweng a ka kgona go nwa metsi a a se nang letswai mo go tsone ka go thuba modi wa setlhare seno. Mefuta mengwe ya di-mangrove yone e kgona go letla letswai gore le tsene mo go yone e bo e le kgobokanya, e bo e le ntsha ka matlhare a bogologolo le ka dikarolo tse dingwe tsa sone, tse morago di wang.

Le fa go ntse jalo, e mengwe yone ke e e ntshang letswai, e letla letswai le tsene mo go yone e bo e le ntsha ka bonako, gantsi e le ka diphatlha dingwe tse di kgethegileng tse letswai leno le tla tswang ka tsone mo matlhareng. Fa o ne o ka latswa letlhare la setlhare seno sa mangrove, le ne le tla utlwala le le letswai thata. Mme gone, o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o tlhopha mangrove ofe! Boreku jo bo mo matlhareng a di-mangrove tse dingwe bo ka dira gore o foufale ka nakwana fa bo ka tsena mo matlhong a gago. Le fa go ntse jalo, boreku jono bo dirisiwa mo kalafing, go alafa diso le go lomiwa.

Kafa di Tswelelang di Tshela ka Gone

Dijalo tse dintsi di tlhoka mmu o o sa kitlanang gore di tle di kgone go tswelela di tshela le gore di gole sentle. Le fa go ntse jalo, mmu o di-mangrove di golang mo go one o tletse metsi. Lebaka la gore di kgone go tswelela di tshela ke medi ya tsone e e golelang kwa godimo ga mmu, ka jalo di kgona go hema mowa ka tlhamalalo go tswa mo lefaufaung. Medi ya tsone e na le dipopego tse di farologaneng. E mengwe e bopegile jaaka lengole, e gola go tswa mo mmung e bo e boela gape mo mmung, e itira makukunopu a a bopegileng jaaka mangole a a obegileng.

Medi e e bopegileng jaaka ditšhupu e golela kwa godimo go tswa mo mmung. Medi e e tshegetsang setlhare, e moragonyana e nnang medi e meleele e mesesane, e tlhoga kwa tlase mo kutung ya setlhare sa mangrove. Medi e e jaaka lente, e tlhoga go tswa kwa tlase ga setlhare e itirile ditotoma, mme karolo e e kwa godimo e tlhagelela kwa godimo ga mmu. Mefuta eno e e farologaneng ya medi ga e dire fela gore dijalo di kgone go hema mme gape e thusa le gore di kgone go itshetlela sentle mo mmung o o boleta.

Kafa di Atang ka Teng

Setlhare sa cannonball mangrove se na le leungo le legolo le le kgolokwe, le le tletseng dipeo tse di makobekobe. Fa leungo leno le butswa le a thubega mme le bo le gasaganya dipeo tsa lone mo metsing. Tse dingwe di tsamaya le metsi, mme kgabagare di bo di fitlha kwa lefelong le di tla melang kwa go lone.

Dipeo tsa di-mangrove dingwe di mela di sa ntse di le mo ditlhareng. Seno ke selo se se sa tlwaelegang thata mo dijalong. Dipeo tseno di a gola go nna dimelanyana tse moragonyana di welang mo metsing di bo di tsamaya ka metsi dikgwedi di le mmalwa kgotsa le e leng ngwaga di ntse di batlana le fa di ka tlhogang gone.

Mokgwa o semelanyana seno se kokobalang ka one mo metsing o dira gore go nne le kgonego e ntsi ya gore se nne mo metsing a a seng letswai thata, e leng lefelo le le se siametseng. Fa se le mo metsing a a letswai thata se kokobala se rapame, mme fa se fitlha mo metsing a a seng letswai thata, se kokobala se tlhamaletse ka jalo go ka direga gore se kgone go tlhomelela mo seretseng.

Lefatshe mo Teng ga le Lengwe

Di-mangrove di bopa karolo e e botlhokwa ya thulaganyo e e raraaneng ya dijo. Matlhare le dilo dingwe tse di wang mo go tsone e nna dijo tse di botlhokwa tsa ditshedi tse dinnyennye, tse le tsone e nna dijo tsa diphologolo dingwe tse di leng mo modikologong wa dijo. Bontsi jwa ditshedi di dirile sekgwa sa di-mangrove legae la tsone, lefelo le di jelang mo go lone, le di tsalelang mo go lone, le mo di godisetsang bana gone.

Ka sekai, mefuta ya dinonyane e e makgolokgolo e dirisa lefelo la di-mangrove jaaka lefelo le e beelang mae mo go lone le le e jelang mo go lone, le mo e ikhutsang fa e fuduga. Mo nageng ya Belize fela, go na le mefuta e e fetang 500 ya dinonyane mo ditlhareng tsa mangrove. Ditlhapi di le dintsi di simolola botshelo mo lefelong leno kgotsa di ikaegile ka tikologo eno go bona dijo. Mefuta e e fetang 120 ya ditlhapi e ne ya tshwarwa kwa sekgweng sa di-mangrove sa Sundarbans se se mo magareng ga India le Bangladesh.

Dimela le tsone di gola sentle mo lefelong leno la di-mangrove. Go fitlhetswe mefuta e e farologaneng e le 105 ya di-lichen mo ditlhareng tsa di-mangrove mo lobopong lo lo kafa botlhaba jwa Australia. Dimela tse di jaaka dipatadikgagane, di-orchid, di-mistletoe le tse dingwe di gola sentle mo lefelong leno. Eleruri, di-mangrove tsa lefatshe di dira tiro e e botlhokwa thata mo diphologolong le mo dimeleng—go tloga ka di-lichen go ya go dinkwe—tota le mo bathong.

Di na Le Mesola e Mentsi mo Bathong

Kwantle ga gore di thusa go sireletsa tikologo, di-mangrove gape di tlhagisa didirisiwa di le dintsi ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo, tse di akaretsang dikgong, magala, tannin, furu le melemo. Lefelo leno gape le tlamela ka dijo tsa maemo, tse di jaaka ditlhapi, di-crustacean, di-mollusk le tswina ya dinotshe. Tota e bile, batsamaya ka dikepe bangwe ba ne ba akanya gore di-oyster di tlhoga mo ditlhareng ka gonne ba ne ba kgona go di kokoanya go tswa mo meding ya ditlhare tsa mangrove e e tlhagelelang fa makhubu a le kwa tlase.

Gape di-mangrove di tlhagisa dilo tse di thusang madirelo a pampiri, matsela, matlalo, le a dikago. Mafelo a mangwe a a solegelwang molemo ke ditlhare tseno a akaretsa madirelo a go tshwara ditlhapi le dikhampani tsa bojanala.

Le fa ditlhare tseno di ntse di tswelela di anaanelwa, go fopholediwa gore dikgwa tsa mangrove di nyelela ka selekanyo sa diheketara di le 100 000 ka ngwaga. Dikgwa tse dintsi tsa mangrove di a senngwa ka go bo batho ba akanya gore ba ka dirisa lefelo leno ka tsela e e botoka ka go sega ditlhare tseno ba bo ba dirisetsa lefelo leno go aga kgotsa go lema. Batho ba le bantsi ba leba lefelo le di-mangrove di golang mo go lone e le le le tletseng seretse, le le nkgang, le le le tletseng ka menang, le go sa tshwanelwang go iwa kwa go lone.

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore di-mangrove di mosola thata, e bile di ka boloka le botshelo. Medi ya tsone e e kgethegileng e e golang fa godimo ga mmu le e e kgonang go sefa letswai e dirile gore tikologo e di leng mo go yone e nne e e nonneng le e e raraaneng. Di botlhokwa mo bathong ba ba tshwarang ditlhapi go di rekisa, mo madirelong a a dirang dilo tsa logong, le mo diphologolong tsa naga. Mme gape di sireletsa le mafelo a a gaufi le losi gore a se ka a gogolega ka go tshwara maatla a dikgwanyape tse dikgolo tse di ka bolayang diketekete tsa batho. Eleruri, re tshwanetse go leboga thata go bo go na le di-mangrove!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go Batlana le Tswina ya Dinotshe mo Nageng mo Ditlhareng Tsa Di-Mangrove

Sekgwa se segolo go gaisa sa di-mangrove mo lefatsheng se kwa Sundarbans—e e leng karolo e kgolo ya lefelo le le mo molomong wa noka ya Ganges, e e ralalang India le Bangladesh. Gareng ga batho ba ba nnang koo go na le Ba-Mowali, ba ba itshedisang ka di-mangrove. Tiro ya bone ya boitshediso ke nngwe ya tse di kotsi go gaisa mo nageng.

Ba-Mowali ke batsomi ba tswina ya dinotshe. Ngwaga le ngwaga ka April le May, ba ya kwa lefelong le le nnang le suta la di-mangrove go ya go batla mamepe a dinotshe tse dikgolo. Dinotshe tseno di dikgolo thata mo e leng gore di gola go fitlha go boleele jwa disentimetara tse nnè. Mme e bile di bogale, di itsege ka gore di bolaya ditlou!

Ka jalo, batsomi bano ba dinotshe ba tshola dipone tse di dirilweng ka setlhare sa mangrove, mosi wa tsone o leleka dinotshe. Batsomi bano ba ba botlhale ba tlogela karolo ya ntlo ya dinotshe gore di tle di kgone go e aga gape, mme seno se dira gore tswine e nne e le gone ngwaga le ngwaga.

Dinotshe ga se tsone fela di leng kotsi mo batsoming bano. Dilo tse dingwe tse di ka nnang kotsi ke dikwena le dinoga tse di botlhole, tse di nnang mo ditlhareng tsa di-mangrove. Gape, magodu a ka nna a lalela batsomi bano fa ba tswa mo sekgweng ba tshotse mamepe. Le fa dilo tseno di le kotsi, nkwe ya Royal Bengal yone e kotsi go gaisa. Ngwaga le ngwaga diphologolo tseno di bolaya batsomi ba tswina ba ba magareng ga 15 le 20.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Zafer Kizilkaya/Images & Stories

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Di-mangrove le matlhogela a tsone di gola sentle mo tikologong e dijalo di le dintsi di ka se tsheleng mo go yone

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top right: Zach Holmes Photography/Photographers Direct; lower right: Martin Spragg Photography (www.spraggshots.com)/Photographers Direct

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela