LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/08 ts. 21
  • A Madi a a Tlhatlhobetsweng HIV a Sireletsegile?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Madi a a Tlhatlhobetsweng HIV a Sireletsegile?
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo ba Le Bantsi Ba Gana Madi
    Tsogang!—1998
  • AIDS e a Anama mo Afrika
    Tsogang!—2002
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 6/08 ts. 21

A Madi a a Tlhatlhobetsweng HIV a Sireletsegile?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NIGERIA

◼ GO NE ga tsoga potso eno kwa Nigeria fa go ne go fitlhelwa gore ngwana mongwe wa mosetsana o ne a tshwaeditswe ka mogare wa HIV, morago ga go tshelwa madi a a neng a tswa kwa bookelong bongwe jo bogolo kwa Nigeria.

Go ya ka mookamedi wa tsa kalafi mo bookelong joo, ka bonako fela morago ga go tsholwa ga ga Eniola go ne ga fitlhelwa gore o na le bolwetse jwa jaundice. Ngaka ya gagwe e ne ya swetsa ka gore o tla mo alafa ka go mo tshela madi mme rraagwe o ne a mo abela madi a gagwe. Le fa go ntse jalo, go ne ga fitlhelwa fa madi a ga rre a sa tsamaisane le a ngwana wa gagwe, ka jalo o ne a tshelwa madi a a tswang kwa bobolokelong jwa madi jwa bookelo joo. Go ise go ye kae, ngwana yoo o ne a fitlhelwa a na le mogare wa HIV le fa batsadi ba gagwe ka bobedi ba ne ba se na one. Go ya ka bookelo joo, “madi a a tshetsweng ngwana yoo a ne a tlhatlhobilwe pele, go bona gore a ga a na HIV, mme ka nako ya fa a tshelwa mo ngwaneng yoo a ne a se na mogare oo.”

Ka jalo, go tlile jang gore ngwana a tshwaetsege? Puso ya Nigeria e ne ya batlisisa kgang eno mme ya swetsa ka gore go ka direga gore ngwana yoo o ne a tshwaeditswe ke madi a a neng a a tshetswe. Lokwalodikgang lwa Nigerian Tribune lo ne lwa nopola moithuti wa megare mongwe fa a re: “Motho o abile madi ka nako ya fa masole a mmele a ise a bone mogare wa HIV.”

Le fa boemo jono bo sa umakiwe gantsi, bo bontsha ntlha ya gore go tshelwa madi go ka nna kotsi. Fa Ditheo tsa kwa United States Tsa go Laola le go Thibela Malwetse di tlhalosa ka nako ya fa masole a mmele a sa bone megare ya HIV, di ne tsa re: “Go ka tsaya nako gore thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e tlhagise masole a mmele a a lekaneng gore diteko di kgone go supa fa motho a lwala mme selekanyo sa nako se a farologana go ya ka batho. Gantsi masole a mmele mo bathong ba le bantsi a bonala mo dibekeng di le pedi go ya go di le robedi (palogare ya malatsi a le 25). Le fa go ntse jalo, mo bathong bangwe go ka tsaya lobaka lo loleele gore masole ano a bonale. . . . Ka sewelo, go ka direga gore go tseye dikgwedi di le thataro.”

Ka jalo, kgang ya gore madi a tlhatlhobilwe gore a ga a na HIV ga e tlhomamise gore a sireletsegile. Setheo sa AIDS sa kwa San Francisco se tlhagisa jaana: “Le fa HIV e sa bonale ka nako ya fa masole a mmele a sa bone megare, e ka fetisediwa mo mothong yo mongwe. Tota e bile, batho ba le bantsi ba tshwaetsa ba bangwe ka yone nako eno (ka bonako fela morago ga gore ba tshwaediwe ke mogare wa HIV).”

Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go latela kaelo ya Baebele ya go ‘nna ba ithibile mo . . . mading.’ (Ditiro 15:29) Tsela e seno se ba sireleditseng ka yone e gatelela botlhokwa jwa go ikobela ditaelo tsa Modimo. Go ithuta mo go oketsegileng ka kalafi e nngwe e e ka dirisiwang go na le go tshelwa madi, tsweetswee bona boroutšhara jwa Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?a

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela