LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/06 ts. 30
  • Dikakgelo Tsa Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikakgelo Tsa Babadi
  • Tsogang!—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke Dumetse”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Ke Dumetse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Gakololwa ga ga Maratha, le Thuto Kaga Thapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Gakololwa ga ga Maratha, le Thuto Kaga Thapelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2006
g 8/06 ts. 30

Dikakgelo Tsa Babadi

Serai sa go Nwa—A o Mo Kotsing ya go Wela mo go Sone? (October 8, 2005) Ke badile makwalo a le mantsi a a tswang kwa babading ba ba reng: “Ruri setlhogo seno se tlile ka nako e e tshwanetseng.” Ga go ise go ke go direge gore nna ke ikutlwe jalo pele, mme ke ne ka ikutlwa ka yone tsela eo fa ke ntse ke bala setlhogo seno. Ke lobakanyana ke ntse ke sa itumelele tsela e ke nwang bojalwa ka yone letsatsi le letsatsi, le fa gone ke ne ke sa tagwe. Mme go ne ga tlhaga setlhogo seno. Fa ke sena go bala ka dikotsi tsa bojalwa, ke ne ka bona gore ke nako ya gore ke ikgolole mo dikgoleng tsa bothata jono.

K. W, Jeremane

Metseletsele eno ya ditlhogo e tlhalosa ka maitemogelo a ga Hilario, yo o neng a nwa dingwaga di le 30, e bile a tla a ntse a “boaboela mo bothateng jono nako le nako.” O ne a bolela gore ba ba mo phuthegong “ba ne ka nkeme nokeng ka metlha ba nkgothatsa.” A kante o ne a sa tshwanela go kgalemelwa kgotsa le e leng go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete?

R. L., United States

“Tsogang!” e a araba: Kgannyana e khutshwane ya boitemogelo jwa ga Hilario ga e bontshe gore o nnile Mokeresete yo o kolobeditsweng leng mo nakong ya gagwe ya dingwaga tse 30 a lwantshana le bothata jwa bojalwa. E bile ga e tlhalose gore a o ile a kgalemelwa ke bagolwane mo phuthegong. Mme setlhogo seno se a tlhalosa gore o ne a newa “kgakololo e e tshwanelang ya Dikwalo,” eo ka dinako dingwe e neelwang ke komiti ya boatlhodi. Go lwantshana le bothata jwa go nna lekgoba la nnotagi ka dinako dingwe go ka dira gore motho a nne a boele mo bothateng jono nako le nako, jaaka go diragetse ka Hilario. Gore o bone gore dikgetsi tseo di sekasekwa jang, fa Mokeresete yo o kolobeditsweng a na le bothata jono, tsweetswee bona “Tora ya Tebelo” ya September 15, 1983, ditsebe 7-11.

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ke Kgatlhegela Batho Ba ba Sa Siamang? (August 8, 2005) Setlhogo seno se nthusitse go bona gore ga nkake ka nna le mekgele e mebedi e e sa tshwaneng ke bo ke leke go e fitlhelela yotlhe ka nako e le nngwe. Se dirile gore ke ikemisetse le go feta gore ke batla go ikgaoganya le ditsala tse di sa siamang. Gone jaanong ke ikagetse botsala jo bo gaufi thata le ba bantsi mo phuthegong, ba basha le ba bagolo, mme seo se dirile gore ke ikutlwe ke ratiwa ke batho ba ba ratang Jehofa, le ba ba nkgothatsang go tswelela ke tsamaya mo tseleng e e isang botshelong.

M. D., Mexico

Ke ne Ke Ikemiseditse go Fitlhelela Mokgele wa Me (July 8, 2005) Fa ke ntse ke bala ka kgang ya ga Martha, ke ne ka lela. Le nna ke ne ke na le mototwane. Ke ntse ke le moreri wa nako e e tletseng dingwaga di le lesome tse di fetileng, mme ka dinako dingwe ga go bonolo, bogolo jang fa nka idibala. Kgang ya ga Martha e dirile gore ke ipolelele gore ga ke ye go ineela. E ne ya nkgomotsa e le ruri.

J. S., Poland

Ke na le bothata jo bo tshwanang le jwa ga Martha. Morago ga go bala kgang ya gagwe ke simolotse go ela tlhoko dijo tse ke di jang. Ka dingwaga di feta di le lesome ke ntse ke letla mototwane go nkgoreletsa go direla Jehofa ka botlalo. Mme mo e ka nnang dingwaga di le tharo tse di fetileng, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke batla go nna moreri wa nako e e tletseng, e bile ga ke itshole go bo ke dirile jalo. E kete Jehofa a ka lo segofatsa gore lo tswelele lo gatisa maitemogelo a a kgothatsang ano!

B.C.C., Brazil

Sengwe se se nkgothaditseng thata ka setlhogo seno e ne e le gore Martha ga a ka a ineela. Ke ne ka gomodiwa ke gore le mororo a ile a tshwanelwa ke go kgaotsa tirelo ya gagwe ka nakwana, o ne a sa ntse a na le maikutlo a a tshwanetseng e bile o ne a dumela gore Jehofa o itumelela tirelo e re mo direlang yone ka moya otlhe.

S. H., Japane

Ke ile ka lebana le boemo jo bo tshwanang le jwa ga Martha, mme ke tshwanetse go lemoga mo ke tlhaelang teng. Fela jaaka Martha, ke ntse ke kgona go direla ke le moreri wa efangele wa nako e e tletseng. Ka gone boitemogelo jwa gagwe bo nkgothaditse thata.

F. G., Switzerland

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela