Kgopolo E e Mo Baebeleng
A go Phoso go Itira e Kete o Batla go Ratana le Mongwe?
“Ke ka ntlha yang fa re akanya gore go itira e kete o batla go ratana le mongwe ke boferefere e bile ga go a siama? Ga go a nna jalo! Ke motshameko fela! Ke motshameko o o solegelang batho boobabedi molemo ka gonne o dira gore motho yo mongwe a ikutlwe a itumetse.” —Susan Rabin, motsamaisi wa School of Flirting, New York City.
BATHO ba bantsi ba leba go itira e kete o batla go ratana le mongwe e le selo se se tlwaelegileng, se se seng molato ope e bile go le botlhokwa go bopa le go boloka botsalano mo bathong. Kwa dinageng tsa Bophirima, bosheng jaana go ile ga ata dibuka, ditlhogo tsa dimakasine le dikhoso tse di kgethegileng tse di rutang batho mekgwa ya go ipopa e e leng botlhokwa thata mo “botswerereng jwa go itira e kete o batla go ratana le mongwe.”
Go itira e kete o batla go ratana le mongwe ke eng? Go na le ditlhaloso le dithanolo tse di farologaneng. Dikishinare nngwe e go tlhalosa e le boitsholo “jwa go gogela motho o itshamekela fela kana go mo hepisa.” Dikishinare e nngwe yone e tlhalosa go itira e kete o batla go ratana le mongwe e le go itshwara “ka tsela e e bontshang maikutlo a lorato mme o se na maikaelelo ape.” Ka jalo, e setse e le mogopolo o o amogelwang gotlhe wa gore motho yo o itirang e kete o batla go ratana le yo mongwe ke yo o bontshang kgatlhego ya lorato mme a sa ikaelela go nyalana le ene. A go itira e kete o batla go ratana le mongwe go tshwanetse ga tsewa go se kotsi? Kgopolo ya Baebele ke efe ka kgang eno ya go itira e kete o batla go ratana le mongwe?a
Le fa go itira e kete o batla go ratana le mongwe go sa umakiwa ka tlhamalalo mo Dikwalong, re ka kgona go lemoga pono ya Modimo ka gone. Jang? Ka go tlhatlhoba melaometheo ya Baebele e e amang kgang eno. Ka jalo, re tla kgona go ‘dirisa dikgono tsa rona tsa go lemoga tse di thapisitsweng go farologanya se se siameng le se se phoso.’ (Bahebere 5:14) Sa ntlha, a re sekasekeng gore a go itira e kete o batla go ratana le mongwe ke boitshwaro jo bo tshwanetseng batho ba ba nyetseng.
Fa Motho a Nyetse
Ke ga tlholego gore banyalani ba bontshane maikutlo a lorato fa ba le nosi. (Bapisa Genesise 26:8.) Le fa go ntse jalo, go bontsha motho yo o sa nyalanang le ene maikutlo a a ntseng jalo go kgatlhanong le melaometheo ya Modimo. Jehofa o dirile gore banyalani ba nne le botsala jo bogolo le jwa go tshepana. (Genesise 2:24; Baefeso 5:21-33) O leba lenyalo e le kopano e e boitshepo, ya bosakhutleng. Malaki 2:16 e bolela jaana ka Modimo: “Ke ila tlhalo.”b
A go itira e kete o batla go ratana le mongwe go go dirwang ke motho yo o nyetseng go dumalana le kafa Modimo o lebang lenyalo ka teng? Ke kgang e e masisi ka gonne motho yo o nyetseng yo o itirang e kete o batla go ratana le mongwe o tlontlolola thulaganyo e e boitshepo ya Modimo ya lenyalo. Mme gape, Baefeso 5:33 e laela monna wa Mokeresete go ‘rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata’ mme mosadi “go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” A go itira e kete o batla go ratana le mongwe, go go tsosang lefufa, go bontsha lorato kana tlotlo go molekane wa gago?
Mo go tlhabisang ditlhong le go feta ke gore go itira e kete o batla go ratana le mongwe go ka felela ka boaka, boleo jo Jehofa a bo kgalang gotlhelele e bile a bo tlhalosa e le boferefere. (Ekesodo 20:14; Lefitiko 20:10; Malaki 2:14, 15; Mareko 10:17-19) Ee ruri, Jehofa o tsaya boaka bo le masisi thata jaana mo e leng gore o letlelela batho ba balekane ba bone ba lenyalo ba ba diretseng boferefere jono go ba tlhala. (Mathaio 5:32) A jaanong re ka akanya gore Jehofa o tla letlelela motshameko o o ntseng jalo o o kotsi wa go itira e kete o batla go ratana le mongwe? Modimo ga a kitla a go letlelela ka gope, fela jaaka motsadi yo o lorato a se kitla a letlelela ngwana wa gagwe yo monnye a tshameke ka thipa e e bogale.
Baebele e tlhagisa jaana ka boaka: “A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še? Kgotsa a mongwe o ka tsamaya mo godimo ga magala a a molelo, mme dinao tsa gagwe di sa še? Yo o tsenang kwa mosading wa monna wa ga gabo o ntse jalo; le fa e le mang yo o mo amang ga a ketla a lesiwa fela a sa bediwe.” (Diane 6:27-29) Le fa go ntse jalo, le fa motho yo o nyetseng yo o itirang e kete o batla go ratana le mongwe a ka se dire boaka o ipiletsa kotsi e nngwe gape—o dira se se bidiwang “go ratana ka maikutlo.”
Go Ratana ka Maikutlo
Batho ba bangwe ba ile ba simolola botsala jwa go ratana ka maikutlo le batho ba ba sa nyalanang le bone le mororo ba sa tlhakanele dikobo le bone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o nnang a leba mosadi mo a mo gotelelang o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Ke ka ntlha yang fa Jesu a le kgatlhanong le go nna le maikutlo a lorato a a felelang fela mo pelong?
Lebaka le lengwe ke gore “mo pelong go tswa . . . maakafalo.” (Mathaio 15:19) Le fa go ntse jalo, tsalano e e ntseng jalo e kotsi le e leng le fa e ise e tswelele go fitlha mo go ka nnang ga dirwa boaka teng. Jang? Buka nngwe e tlhalositse seno jaana: “Tiro kana kamano epe fela e e go tseelang nako e ntsi e o ka bong o e fetsa le molekane wa gago ke mokgwa mongwe wa go sa ikanyege.” Ee, go ratana le mongwe ka maikutlo go tseela molekane wa gago nako, tlhokomelo le kgatlhego tse o ka bong o di neile ene. Ka ntlha ya taelo ya ga Jesu ya gore re tshware ba bangwe jaaka re tla batla gore ba re tshwara, motho yo o nyetseng yo o itirang e kete o batla go ratana le mongwe a ka dira sentle fa a ka ipotsa jaana, ‘Nka ikutlwa jang fa molekane wa me a ka itshwara ka tsela eno le motho yo mongwe?’—Diane 5:15-23; Mathaio 7:12.
Ke eng se motho a ka se dirang fa a setse a simolotse go ratana jalo le mongwe ka maikutlo ka tsela e e sa siamang? Motho yo o nyetseng yo o ratanang jalo le mongwe ka maikutlo o tshwana le mokgweetsi yo o kgweetsang a otsela. O tlhoka go lemoga boemo jwa gagwe sentle mme a tseye kgato ka potlako pele ga lenyalo la gagwe le botsala jwa gagwe le Modimo di senyega. Jesu o ne a bontsha botlhokwa jwa go tsaya kgato ka bonako fa a ne a bolela gore le e leng sengwe se se botlhokwa jaaka leitlho se tshwanetse sa tlosiwa kana letsogo le kgaolwe fa e le gore le senya botsala jo bo molemo jwa motho le Modimo.—Mathaio 5:29, 30.
Ka jalo, go ka nna botlhale go fokotsa mafelo le makgetlho a o bonanang le motho yono ka one. Tila go iphitlhela lo le babedi fela le motho yono mme fa e le gore ke kwa tirong, fokotsa go tlotla le ene. Go ka nna ga tlhokega le gore o se tlhole o kopana le motho yono gotlhelele. Morago ga moo, o tla tshwanela ke go lwela go nna le boikgapo thata malebana le matlho, megopolo, maikutlo le boitshwaro tsa gago. (Genesise 39:7-12; Pesalema 19:14; Diane 4:23; 1 Bathesalonika 4:4-6) Jobe yo e neng e le monna yo o nyetseng, o ne a tlhoma sekao se se molemo fa a ne a re: “Ke ne ka dira kgolagano le matlho a me, jalo ke ne ke ka leba mosetsana jang?”—Jobe 31:1.
Go a bonala he gore go kotsi e bile ga go mo Dikwalong gore motho yo o nyetseng a itire e kete o batla go ratana le motho yo mongwe. Le fa go ntse jalo, ke eng se Baebele e se bolelang ka go itira e kete o batla go ratana le motho yo mongwe mo bathong ba ba iseng ba nyale? A go tshwanetse ga tsewa go tlwaelegile, go se molato kana go le botlhokwa gore o nne le botsala le batho ba bong bo sele? A seno se ka baka kotsi epe fela e e masisi?
Go Tweng ka Batho ba ba Iseng ba Nyale?
Ga go phoso fa batho ba babedi ba ba iseng ba nyale ba bontsha go kgatlhegelana, fa e le gore ba akanyetsa go tsena mo lenyalong e bile ba tila boitsholo jo bo sa siamang. (Bagalatia 5:19-21) Kgatlhego e e ntseng jalo e ka nna ya nna teng fa e le gone ba simololang go ratana e bile ba ise ba akanye le ka lenyalo. Seno ga se phoso fa se dirwa ka maikaelelo a a siameng. Boitsholo jo bo ntseng jalo ga se go itira e kete o batla go ratana le mongwe.
Go tweng he fa e le gore batho ba ba iseng ba nyalane ba itira e kete ba batla go ratana e le fela go itumedisana? Go ka nna ga bonala go se na kotsi epe, ka go bo ba sa nyalana. Le fa go ntse jalo, akanya ka go utlwisana botlhoko mo maikutlong go go ka nnang ga direga. Fa yo mongwe a ka tsaya ditiro tsa motho yo o itirang e kete o batla go ratana le ene masisi go feta kafa a neng a ikaeletse ka teng, go ka felela ka kutlobotlhoko e e feteletseng le mahutsana. A bo mafoko ano a Diane 13:12 a le boammaaruri jang ne: “Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo”! Le fa batho bano ba babedi ba ka bolela gore ba a tlhaloganya gore ga go na ope wa bone yo o tlhoafetseng thata ka yo mongwe—a boobabedi ba tlhomamisegile ka se tota yo mongwe a se akanyang kana a ikutlwang ka teng? Baebele e araba jaana: “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata; e mang yo o ka e itseng?”—Jeremia 17:9; bapisa Bafilipi 2:4.
Akanya gape ka kotsi ya go wela mo go direng kgokafalo le matswela a teng a a ka nnang a direga a bolwetse le ngwana wa dikgora. Dikwalo di iletsa kgokafalo mme ba ba go dirang ka boomo ba latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ka botlhale gore go fenya thaelo, ba tshwanetse ba ‘bolaya ditokololo tsa bone . . . malebang le kgokafalo’ mme ba tile go ‘fisegela tlhakanelodikobo’ mo go felelang ka kgokafalo. (Bakolosa 3:5; 1 Bathesalonika 4:3-5) Mo go Baefeso 5:3 o ne a re gakolola gore kgokafalo ‘e se ka ya ba ya umakwa,’ ka tsela e e tla tsosang keletso e e sa siamang. Go itira e kete o batla go ratana le mongwe ga go dumalane le kgakololo eno. Modimo o iletsa le e leng motlotlo o o sa siamang kaga tlhakanelodikobo.
Melaometheo ya Baebele e supa gore go itira e kete o batla go ratana le mongwe go ka nna setlhogo mo bathong ba bangwe mme ga tlontlolola Jehofa e leng Mosimolodi wa lenyalo. Kgopolo ya Baebele kaga go itira e kete o batla go ratana le mongwe ka tsela e e sa siamang ruri e lorato e bile e a akanyetsa ka gonne e sireletsa batho mo go utlwisaneng botlhoko. Ka jalo, batho ba ba ratang Modimo ba tla ikgapha mo go itireng e kete ba batla go ratana le mongwe ka tsela e e sa siamang e bile ba tla tshwara batho ba bong bo sele ka boitsheko le ka tlotlo.—1 Timotheo 2:9, 10; 5:1, 2.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go itira e kete o batla go ratana le mongwe ga go a tshwanela ga tshwantshiwa le go nna botsalano kana go rata batho, o se na maikaelelo ape a go ba gapa ka lorato.
b Bona setlhogo se se reng “Modimo O Ila Tlhalo ya Mofuta Mang?” mo makasineng wa Tsogang! ya February 8, 1994.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
© The Curtis Publishing Company