Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng fa ke Lwala Thata Jaana?
KA NAKO ya fa Jason a le dingwaga di le 13, o ne a itlhomela mokgele wa gore letsatsi lengwe o tla nna modiredi wa nako e e tletseng kwa Bethele, kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. O ne a itirela lebokose la logong mme a le bitsa lebokose la gagwe la Bethele. O ne a simolola go kgobokanyetsa dilo tse a neng a akanya gore o tla di dirisa ka nako ya fa a tla bo a simolola tirelo ya gagwe ya Bethele mo go lone.
Le fa go ntse jalo, dikgwedi di le tharo fela a sena go tshwara dingwaga di le 18, Jason o ne a kaiwa fa a na le bolwetse jwa Crohn—bolwetse jwa mala a a botlhoko a a sa foleng. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke utlwile botlhoko tota. Se ke neng nka se dira fela e ne le go founela Rre kwa tirong le go lela. Ke ne ke itse gore kwantle ga pelaelo seno se ne se bolela gore maikaelelo a me a go ya kwa Bethele a kgoreletsegile.”
Bolwetse ke lebaka la konokono le le dirang gore “tlhōlō yotlhe e nn[e] e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) Dimilione tse di sa ka keng tsa balwa tsa basha di akarediwa gareng ga batho ba ba lwalang. Basha ba le bantsi kgabagare ba nna botoka. Mme ba bangwe ba tshwanetse go itshokela malwetse a a sa foleng kana mo maemong a mangwe, a a ka ba bolayang. Gareng ga malwetse mangwe a a bogisang basha ke asema, bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa sickle cell, malwetse a a tshelanwang, go karalala, bolwetse jwa tlhaloganyo le kankere. Basha bangwe ba tshela ba na le malwetse a le mantsi.
‘Ke Eng fa go Diragalela Nna?’
Bolwetse bo baka go ngomoga mo tlhaloganyong le mo maikutlong re sa bue sepe ka botlhoko jwa mo mmeleng. Ka sekai, fa o lwala gore o bo o palelwe ke go ya kwa sekolong dikgwedi di le mmalwa, ga o ne o salela kwa morago mo dithutong fela mme gape o tla ikutlwa o jewa ke bodutu. Fa Sunny wa dingwaga tse 12 a tshwanetse go tlolwa ke dithuto ka ntlha ya go ya go nna kwa bookelong gangwe le gape, o tshwenyega ka gore, ‘Ba ke tsenang sekolo le bone ba dira eng? Ke tlolwa ke eng gompieno?’
Ka mo go tshwanang, go ka lebega dilo tsa semoya di salela kwa morago fa o lwala thata mo e bileng o sa kgoneng go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete kana le e leng go bala Baebele. Mo maemong a a ntseng jalo o tlhoka go engwa nokeng thata mo maikutlong le mo semoyeng. Kwa tshimologong, o ka nna wa gana go dumela gore o a lwala. Moragonyana o ka nna wa ikutlwa o galefile thata, gongwe o ikgalefetse, o akanya gore o ka bo gongwe o dirile sengwe go tila bolwetse joo. O ka nna wa ikutlwa e kete o ka goa thata wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a letla gore seno se ntiragalele?’ (Bapisa Mathaio 27:46.) Totatota, ke ga tlholego go ikutlwa o tshwenyegile go sekae mo maikutlong.
Mo godimo ga moo, mosha a ka nna a akanya gore gongwe fa a ka dira matsapa a a gagametseng a a jaaka go itshwara sentle ka tsela e e oketsegileng Modimo o tla fedisa bolwetse jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go akanya jalo go ka dira gore motho a swabe thata ka gonne Modimo ga a solofetse go fodisa batho ka kgakgamatso mo nakong eno.—1 Bakorintha 12:30; 13:8, 13.
Gongwe o ne o solofetse gore ga o kitla o swa—gore o tla bo o tshela fa Modimo a tlisa “sepitla se segolo.” (Tshenolo 7:14, 15; Johane 11:26) Fa go ntse jalo, go itse gore o na le bolwetse jo bo ka go bolayang e ka nna selo se se garolang pelo thata. O ka nna wa ipotsa gore a o dirile sengwe se se galefisitseng Jehofa kana o ka nna wa akanya gore gongwe Modimo o go tlhophile o le nosi gore a tle a leke bothokgami jwa gago ka tsela e e kgethegileng. Le fa go ntse jalo, ga go a siama go akanya jalo. Lefoko la Modimo Baebele la re: “Modimo ga o ka ke wa lekwa ka dilo tse di bosula le gone one ka boone ga o leke ope.” (Jakobe 1:13) Bolwetse le loso ke dikarolo tse di sa itumediseng tsa boemo jwa ga jaanong jwa motho, mme rotlhe re diragalelwa ke “nako le bowelo.”—Moreri 9:11.
Go Lebana le Poifo
Go tshwarwa ke bolwetse jo bo kotsi gape go ka go dira gore o ikutlwe o boifa thata kwa tshimologong. Buka ya How It Feels to Fight for Your Life e bega ka seo basha ba le 14 ba ba tshwerweng ke malwetse a a masisi ba se lemogileng. Ka sekai, Anton wa dingwaga di le lesome o ne a boifa gore o tlile go swa ka nako ya fa a ne a tlhasetswe ke asema. Mme Elizabeth wa dingwaga tse 16, yo o neng a tshwerwe ke kankere ya marapo, ene o ne a boifa gore e tla re a robetse a bo a sa tsoge.
Le fa go ntse jalo, basha ba bangwe ba na le mofuta o mongwe wa poifo—go boifa gore ga go kitla go nna le motho ope yo o tla batlang go nyalana le bone kgotsa ba boifa gore ga ba kitla ba nna le bana ba ba itekanetseng mo isagweng. Basha ba bangwe ba boifa gore ba tla tshwaetsa ba malapa a bone e ka ne bolwetse jwa bone ke jo bo tshwaetsang kana nnyaa.
Le e leng fa bolwetse bo tokafala kana bo alafega fa sengwe se sele se ka tlhaga, poifo ya teng e ka nna ya boa gape. Fa e le gore o setse o kile wa utlwa o boifa jalo, o a itse gore ke selo sa mmatota. Ka lesego, go ikutlwa o na le maikutlo a a sa siamang go ka nna ga kokobela fa nako e ntse e ya. Mme jaanong o ka nna wa simolola go sekaseka mabaka a gago ka tsela e e utlwalang.
Kgwetlho ya go Lwala
Jason yo o umakilweng pelenyana o lemogile seno: “Fa o le mosha, o ikutlwa o nonofile go ka dira sengwe le sengwe. Mme ka tshoganetso fela, go lwala thata go dira gore o ikutlwe gore ga o a nonofa thata. O ikutlwa e kete o tsofetse ka bosigo bo le bosi fela e re ka jaanong o tshwanetse go nna mo fatshe le go fokotsa dilo tseo o tshwanetseng go di dira.” Ee, ke kgwetlho go lebana le ditlhaelo tse disha.
Jason o ne a lemoga gore kgwetlho e nngwe e kgolo ke fa ba bangwe ba sa kgone go tlhaloganya boemo jwa gago. Jason o ne a tshwerwe ke se se ka bidiwang “bolwetse jo bo sa bonaleng.” Ponalo ya ka fa ntle e ne e ganetsana le se se mo teng. Jason o tlhalosa jaana: “Mmele wa me ga o sile dijo jaaka o tshwanetse go dira, ka jalo ke tshwanetse go ja gantsi mme ke ja dijo tse dintsi go feta tsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ke nna ke ntse ke le mosesane. Gape, ka dinako dingwe ke lapa thata moo ke palelwang ke go nna ke butse matlho motshegare. Mme le fa go ntse jalo batho ba gopola gore ke megabaru kana ke setshwakga. Ba bua dilo tse di jaaka: ‘O ka kgona go dira botoka. Ga o tseye le matsapa!’”
Jason o na le bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba ka gale ba sa tlhaloganyeng gore ke ka ntlha yang a sa dire dilo tse a neng a di dira pele, tse di jaaka go tswa le bone a ya go tshameka bolo. Jason o lemogile seno: “Mme fela ke a itse gore fa nka gobala, go tla ntsaya dibeke di le mmalwa gore ke fole. Ba bapisa botlhoko jwa me le jwa bone mme ba bo ba re, ‘O kua fela gore a gape tlhokomelo ya batho.’ Mo go bone setlhabi se se botlhoko ke fa lonao lo thinyegile, ka jalo ga ba kgone go tlhaloganya gore setlhabi sa me se botlhoko go le kae.”
Fa e le gore bolwetse jwa gago bo nna mokgweleo mo go ba lelapa la gago, o ka nna wa ipona molato. Batsadi ba gago le bone ba ka ipona molato. Jason a re: “Batsadi ba me ka bobedi ba dumela gore ke ruile bolwetse jono mo go bone. Gantsi bana ba dumela gore ba a lwala morago ga gore ba bone bosupi jwa gore ruri ba a lwala. Mme batsadi bone ba tshwara bothata. Ba ikopa maitshwarelo gantsintsi mo go nna. Ka gale ke tshwanetse go dira sotlhe se nka se kgonang go ba tlhomamisetsa gore ba se ka ba ikutlwa ba le molato.”
Go ya Kwa Ngakeng—Ga go Monate
Go nna o ya gantsi kwa ngakeng e ka nna selo se se go dirang gore o tlhobaele. Go ka go dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe e bile o nyerile pelo. Go nna mo kamoreng ya go letela ngaka o letetse gore o tsene go ka boifisa. Joseph wa dingwaga tse 14 yo o tshwerweng ke bolwetse jwa pelo a re: “O ikutlwa . . . o jewa ke bodutu mme go ka nna botoka fa mongwe a go patile.” Se se swabisang ke gore basha bangwe ga ba bone thuso e e ntseng jalo, le e leng go tswa go batsadi ba bone tota.
Diteko tsa kalafi le tsone di ka dira gore o tlhobaele. Ke boammaaruri gore diteko dingwe di ka nna tse di sa itumediseng eleruri. Mme morago ga moo, o ka nna wa tshwanelwa ke go itshoka malatsi kana dibeke o tshwenyegile fa o ntse o letetse dipholo tsa teng. Mme gakologelwa seno: Go dira diteko tsa kalafi ga go tshwane le go kwala ditlhatlhobo tsa kwa sekolong; go nna le mathata a tsa kalafi ga go reye gore o reteletswe ka tsela nngwe.
Totatota, teko e ka senola tshedimosetso e e thusang thata. E ka bontsha gore o na le bothata jwa kalafi jo bo ka alafiwang motlhofo. Kana fa e le gore ga go a nna jalo, teko e ka thusa gore o bone se o ka se dirang go kgona go itshokela bolwetse joo. Gape e ka nna ya senola gore ga o na bolwetse jo go neng go belaelwa gore o na le jone. Ka jalo o se ka wa itlhaganelela go itirela ditshwetso.
Go tshwenyega thata go ka go dira gore o lape thata. Baebele ya re: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise.” (Diane 12:25) Go na le moo, Modimo o re laletsa gore re mo bolelele se se re tshwenyang. Re tshwanetse go solofela gore o a amega ka rona mme o tla re neela kaelo le botlhale go rarabolola bothata jono ka tsela e e molemo thata.—Pesalema 41:3; Diane 3:5, 6; Bafilipi 4:6, 7; Jakobe 1:5.
Re itumelela gore Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, o re diretse thulaganyo e e tla re kgontshang go tshela mo lefatsheng le lesha la tshiamo. E bile o tla tsosa ba ba tlhokafetseng, a ba neele tshono ya go ipelela lefatshe le lesha. Baebele e re tlhomamisetsa gore ka nako eo “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.
Go fitlha mo nakong eo, o tla tshwanelwa ke go itshokela bolwetse jono. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dintsi tse o ka di dirang gore o atlege go bo itshokela. Re tla tlotla ka tsone mo setlhogong se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
O ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a letla gore seno se ntiragalele?’