Dikarata Tsa Sekoloto le Ditšheke Tsa Dituelo—A ke Tsa Mmatota Kgotsa Tsa Maitirelo?
ABO di dira dilo motlhofo jang ne! Di dinnye, di motlhofo go di tshola. Di tsena sentle mo sepatšheng sa monna kgotsa mo kgetsaneng ya mosadi. O kgona go reka dilo tse dintsintsi o sa tshola le sente. Dikhampani tsa difofane, dikhampani tsa dikepe, dihotele le mafelo a boitapoloso gongwe le gongwe di bapatsa le go rotloetsa batho go dirisa dikarata tsa sekoloto. Batho ba gakololwa jaana: “O se ka wa tswa kwa gae o sa e tshola.” Batho ba dikgwebo tse dingwe ba ka mpa ba amogela tsone go na le madi. Ga di tshwane le madi ka gore tsone lefa di ka utswiwa kana tsa latlhega, di ka nna tsa emisediwa ka tse dingwe. Ke madi a gago o le nosi, leina la gago le nomoro ya akhaonto e e sa tshwaneng le ya ga ope di kwadilwe mo go yone.
Batho ba di itse e le madi a polasetiki—dikarata tsa sekoloto. Ka 1985 dibanka dingwe di ne tsa simolola go dirisa diholokerama tse di dirilweng ka leisara tse di lebegang bogolo jwa tsone bo sa tshwane fa o di leba mo matlhakoreng a a farologaneng, le dilo tse dingwe tse di sireletsang gore e se ka ya itirelwa motlhofo tse di simololang ka dinomoro tse di kgethegileng tse di kwadilweng mo makeneteng kafa morago, go felela ka letshwao le le sa kgoneng go bonwa ka matlho le le bonalang fela fa le bonesitswe ka marang a ultraviolet. Seno sotlhe se ne se dirwa ka maikaelelo a gore go thibelwe gore di se ka tsa itirelwa ke ope! Go fopholediwa gore go na le dikarata tsa sekoloto di le dimilione tse 600 tse di dirisiwang mo lefatsheng lotlhe.
Go fopholediwa gore ditshenyegelo tsa lefatshe lotlhe tse di bakiwang ke mefuta e e farologaneng ya boferefere jwa dikarata tsa sekoloto mo masimologong a bo1990 di ne di ka tshwara bobotlana diranta di le dimilione di le 3600. Mo mefuteng eo e e farologaneng, go begiwa gore go dira dilo tsa maitirelo ke gone mo go oketsegang go di gaisa tsotlhe—mo e ka nnang diperesente tse 10 tsa ditshenyegelo tsotlhe.
Ka sekai, ka 1993, dibanka tse di dirisanang le nngwe ya dikhampani tse dikgolo thata tsa dikarata tsa sekoloto di ne tsa senyegelwa ke diranta di le dimilione tse 485,7, mo e leng koketsego ya diperesente tse 75 go feta ngwaga o o neng o fetile. Khampani e nngwe e kgolo ya dikarata tsa sekoloto, ya ditšhabatšhaba, le yone e ne ya bega gore e latlhegetswe ke madi a mantsi thata ka ntlha ya dilo tse di itiretsweng ke batho. “Seo se dira gore go dira dikarata tsa maitirelo e nne bothata jo bogolo e seng fela mo dibankeng, mo dikhampaning tsa dikarata le mo bagwebing ba ba di amogelang jaaka tuelo, mme gape ke bothata le mo bareking go dikologa lefatshe,” go ne ga kwala jalo lokwalodikgang longwe lwa kwa New Zealand. Lefa gone batho ba dikarata e leng tsa bone ka fa molaong e se bone ba ba ikarabelelang mo ditshenyegelong tseo, bareki ke bone ba ba duelang.
Go tweng ka dilo tse di thibelang go dira dilo tsa maitirelo tse di neng di kgoreletsa batho ba ba dirang dilo tsa maitirelo—jaaka diholokerama tse di dirilweng ka leisara le dinomoro tse di kgethegileng tse di kwadilweng mo makeneteng? Morago ga ngwaga fa matshwao ano a sena go simolola go dirisiwa, go ne ga tlhaga tsa ntlha tse di bonalang sentle gore ga se tsa mmatota. Ka bonakonyana fela morago ga foo, dilo tsotlhe tse di neng di thibela go dira dilo tsa maitirelo di ne tsa kopololwa kgotsa tsa se ka tsa dirwa. Modiredimogolo mongwe wa banka wa kwa Hong Kong o ne a re, “Re tshwanetse go nna fela re ntse re tokafatsa. Dinokwane di leka go go feta ka botlhale ka dinako tsotlhe.”
Se se kgatlhang ke gore go ya ka baitse, halofo ya ditshenyegelo tse di bakiwang ke go dira dikarata tsa maitirelo mo masimologong a bo1990 e ne e le tsa kwa Asia, mme go ne ga fitlhelwa gore mo e batlileng e nna halofo ya tsone e ne e le tsa kwa Hong Kong. Moitse mongwe o ne a re: “Fela jaaka Paris e itsege ka diaparo tsa yone tsa maemo tsa feshene, Hong Kong e tumile ka go dira dikarata tsa sekoloto tsa maitirelo.” Ba bangwe ba latofaditse Hong Kong ba re ke moshate wa lefatshe lotlhe wa go itirela dikarata tsa maitirelo—“marakanelo a ditsela a ‘batsietsi ba polasetiki’ kgotsa boferefere jwa dikarata tsa sekoloto jo bo akaretsang Thailand, Malaysia le China borwa.” “Mapodise a Hong Kong a re ditlhopha tsa batho ba mo lefelong leo ba ba golaganeng le dinokwane tsa kwa China tsa sephiri ba seta le go tsenya dinomoro mo dikarateng tsa boferefere ba dirisa dinomoro tse ba di fiwang ke barekisi ba maferefere. Go tswa foo se ba se dirang fela ke go romela dikarata tseo tsa maitirelo kwa dinageng tse dingwe,” go ne ga bega jalo lokwalodikgang lwa kwa New Zealand.
“Motšhine o o setang dikarata tsa sekoloto, o o rekilweng [kwa Canada] ke maloko a segopa sa kwa Asia jaanong o dirisediwa go dira dikarata tsa sekoloto tsa maitirelo. Motšhine oo o gatisa dikarata tse 250 tsa sekoloto ka ura, mme mapodise a dumela gore o dirisitswe mo boferefereng jo bo akaretsang dimilionemilione tsa didolara,” go ne ga bega jalo lokwalodikgang lwa Canada lwa Globe & Mail. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, Ba-China ba kwa Hong Kong ba ile ba tshwarwa ba dirisa dikarata tsa boferefere tsa sekoloto bobotlana mo dinageng tse 22 go tswa kwa Austria go fitlha kwa Australia, go akaretsa Guam, Malaysia le Switzerland. Batho ba le bantsi ba rata dikarata tsa kwa Japane tsa sekoloto, ka gore ba kgona go tsaya sekoloto se sentsi ka tsone.
Go oketsega thata ga dikarata tsa sekoloto tsa boferefere go dira dilo tsa maitirelo go raya gore “ba ba di dirang ba tshwanetse go duedisa batho botlhe ba ba dirisang dikarata tsa sekoloto madi a a utswiwang ka boferefere,” go ne ga rialo modiredimogolo mongwe wa banka kwa Canada. Go direga fela jalo. Karata ya sekoloto eleruri e ka thusa go dira dilo motlhofo e bile e ka thusa motho yo o e dirisang fela thata fa a sa tshola madi a a lekaneng. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore batho ba ba dirang dilo tsa maitirelo ba tlhoka fela nomoro ya gago ya akhaonto le letlha le karata ya gago e felang ka lone ba bo ba dira karata ya gago ka boferefere. Modiredimogolo wa itshireletso wa American Express International a re: “Ke madi a polasetiki mme batho ba tshwanetse gore ba a dirise fela ka botlhale jaaka ba dirisa madi a mmatota.”
“Mme tsamaiso ya teng e tletse ka diphoso,” go ne ga bolela jalo ramapodisi mongwe. “E bile dinokwane di itse nngwe le nngwe ya tsone. Mme jaaka ke go raya, ba di dirisitse tsotlhe,” o ne a bolela jalo ka batho ba ba dirang dilo tsa maitirelo.
Go Itirela Ditšheke
Fa go sena go tsena motlha o batho ba ka kgonang go ikgatisetsa dilo ka tsela e e leng gore ba ka kgona go itirela madi a dipampiri mangwe le mangwe fela kwantle ga phoso, go ne go sena tsela epe e se se neng sa latela se neng se ka tilwa ka yone. Batho ba ba dirang dilo tsa boferefere jaanong ba kgona go itirela dipampiri tsa botlhokwa tse dintsi: dipaseporoto, ditifekeiti tsa botsalo, dikarata tsa boagedi, ditifikeiti tse di supang gore motho o na le diabe dingwe mo khampaning nngwe, dipampiri tse di laelang batho go reka dilo, makwalo a ngaka a melemo ya kalafi e motho a tshwanetseng go e fiwa, le tse dingwe tse dintsi. Mme morokotso o mogolo go gaisa o bonwa fa go dirwa ditšheke tsa dituelo tsa maitirelo.
Botegeniki joo bo motlhofo fela thata. Fela fa tšheke ya tuelo ya khampani nngwe e kgolo e e nang le dimilione tsa diranta e e tsenngwang mo dibankeng tsa lefelo leo kana tsa naga yotlhe, e ka tshwarwa ke motho yo o itirelang ditšheke ka boferefere, o setse a ipaakanyeditse go dira boferefere ka yone. E re ka motho a na le motšhine wa gagwe o o gatisang, motšhine o o kgonang go bala mekwalo, le didirisiwa tse dingwe tsa eleketeroniki, o ka kgona go fetola tšheke gore e nne ka fa a e batlang ka teng—ka go fetola letlha, ka go phimola leina la motho yo o tshwanetseng go duelwa ka tšheke eo a bo a tsenya la gagwe, a bo a oketsa bonnoto mo diranteng tse di kwadilweng foo. Go tswa foo o gatisa tšheke e a e fetotseng eo ka motšhine wa gagwe o o gatisang wa leisara, a dirisa pampiri, e mmala wa yone o tshwanang le wa tšheke, e a e rekileng mo lebentleleng la dipampiri tsa go kwalela le le gaufi. Fa a sena go dira ditšheke tsa boferefere di le dintsi ka nako e le nngwe, go tswa foo o ka kgona go tsaya madi ka tsone mo lekaleng lepe fela la banka eo mo toropong epe fela.
Badiredibagolo ba kwa dibankeng ba bolela gore go oketsega ga boferefere jwa go dira ditšheke tsa maitirelo ka ditsela tse di motlhofo le tse di sa tureng tseno go tletsetletse mo e leng gore ikonomi e wela tlase ka madi a a ka tshwarang diranta di le dimilione tse 3600. The New York Times e ne ya bega kgang e nngwe e e supang bopelokgale jo bo gakgamatsang jwa segopa sengwe sa kwa Los Angeles se se neng sa tsamaya le naga yotlhe se tsaya madi kwa dibankeng ka diketekete tsa ditšheke tsa dituelo tsa boferefere, tse madi a teng a neng a ka tshwara dimilione di le 2 tsa didolara (dimilione di le 7 tsa diranta). Batho ba ba sekasekang diintaseteri ba akanyetsa gore madi a a latlhegang ngwaga le ngwaga a ditšheke tsa boferefere jaanong ke didolara di le dimilione di le dikete tse 10 (dimilione di le dikete tse 36 tsa diranta) kwa United States fela. “Bothata jo bogolo jwa bokebekwa jwa ditsamaiso tsa madi ke dilo tse di dirisiwang go itirela dilo, jaaka boferefere jwa go utswa ka tšheke le ka diposootara,” go ne ga bolela jalo modiredimogolo wa FBI.
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Merokotso e mentsi e bonwa ka go itirela ditšheke tsa dituelo