LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 4/8 ts. 20-23
  • Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi sa go Nna Gone Ga Ga Keresete
  • A o Tla Thanya lo le Tsebeng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A o Lemoga Sesupo sa go Nna Gone ga ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tsamaiso ya Jaanong E Tla Nama E Diegile Goleele Go le Kae?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • A O Tla Sekegela Tlhagiso ya Modimo Tsebe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 4/8 ts. 20-23

Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi

Bokhutlo jwa Lefatshe—Bo Gaufi go le Kana Kang?

KINANE nngwe go tswa kwa India e re bolelela ka banna bangwe ba barataro ba ba foufetseng ba kwa Indostan bao ba ileng ba tswa go ya go bona tlou. Wa ntlha o ne a e apaapa kafa letlhakoreng mme a bo a re: “Mogalamakapaa! tlou e tshwana tota le lebota!” Wa bobedi o ne a apaapa lonaka lwa yone mme a bo a re: “Tlou e tshwana tota le segai!” Wa boraro o ne a apaapa selopo sa yone mme a bo a re: “Tlou e tshwana tota le noga!” Wa bone o ne a e apaapa mme a forogotlha mangole a yone a bo a re: “Go mo pepeneneng gore tlou e tshwana tota le setlhare!” Wa botlhano o ne a apaapa tsebe ya yone mme a bo a re: “Tlou eno e e kgatlhang e tshwana tota le sefetlhaphefo!” Wa borataro o ile a tshwara mogatla wa yone a bo a re: “Ke a bona gore tlou e tshwana le mogala!” Banna bano ba barataro ba difofu ba ile ba tlhalosa ka go gatelela ka tsela eo tlou e neng e lebega ka yone, lefa go le jalo ga go na ope mo go bone yo o ileng a e tlhalosa ka tshwanelo. Tshedimosetso e e sa felelang e ba neng ba na nayo ga e a ka ya e tlhalosa ka tsela e e leng ka yone.

Go tlhaga bothata jo bo tshwanang fa go tliwa mo kgannyeng ya go supa sesupo se go boa gape ga ga Keresete go ka bonwang ka sone. E ne ya re fa a tsibogela potso ya barutwa ba gagwe e e reng: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Jesu o ne a araba jaana: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: Me go tla nna dithoromō tse dikgolo tsa lehatshe le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne mebopamō, le dikgogodi tsa bolwetse.” (Mathaio 24:3; Luke 21:10, 11) Mme lefa go le jalo fa go tsewa dilo tseno fela e le tsone bosupi jwa gore Keresete o ile a boa gape ka 1914, batho ba ganana le seno ka go re: “Owai, ga re bolo go nna le dintwa, mauba, dikgogodi tsa malwetsi, le dithoromo tsa lefatshe!” Mme gone ba bua boammaaruri.

Dilo tseno tse di mmalwa—le mororo gone di sa jese batho diwelang—mo go ba le bantsi ga di a lekana go ntsha bosupi jwa go boa gape ga ga Keresete; go tlhokafala dilo di le dintsinyana go dira gore sesupo seno se felele se tlhomame. Fa go bolelwa gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi ka bosupi jo bo sa felelang, e le fela ka go bona karolo e le nngwe kana dikarolwana di le mmalwa fela tsa sesupo, seno se ka baka ditlhagiso tse eseng tsone. Se se tlhokegang ke dikarolo tsotlhe tsa sone tse Jesu a ileng a di ntsha malebana le go tla ga gagwe gape, eseng fela karolo e le nngwe kana di le mmalwa. Se a ileng a se ntsha go tshwaya go nna gone ga gagwe ka sone e ne e le sesupo se se dikarolo dintsi, sengwe se se dirilweng ka dikarolwana tse dintsi mo go lekaneng go dira gore sesupo e nne se se tlhomamisegang e le ditiragalo tse di mokawana tse e reng fa di kopantswe tsotlhe, di dirang gore go seka ga fosega.

Ka sekai, akanyetsa sesupo se se dikarolo dintsi se se ileng sa bolelwa ke Bibela se se neng se tshwaya Jesu jaaka Mesia ka nako ya go tla ga gagwe la ntlha. Se kopanyeletsa ditiragalo di le dintsi tse di neng di amana le Mesia tse di neng di tlhagisitswe mo Dikwalong tsa Sehebera. Jesu o ne a boleletse barutwa ba gagwe dingwe tsa ditemana tseno, lefa go le jalo ba ne ba se ka ba tlhaloganya bokao jwa tsone. Barutwa, fela jaaka Bajuda ka kakaretso, ba ne ba batla Mesia yo o neng a tla menola puso ya Roma mme a bo a busa le bone. Ka jalo e ne ya re fa a swa, ba ne ba sala ba akabetse ba bile ba itlhobogile. Morago ga gore Jesu a tsosiwe, o ile a kopana le bone mme a bo a re: “Mahoko a, ke aōna a nkileñ ka bua le lona, ka ke sa na le lona, ha dilō cotlhe di na le go dihala, eboñ tse di kwadilweñ mo molaoñ oa ga Moshe, le mo baperofetiñ, le mo dipesalemeñ, kaga me. Hoñ a rarabolola tlhaloganyō ea bōnè, gore ba tlhaloganyè dikwalō.”—Luke 24:44, 45.

Go ya ka thanolo ya temana ya 45 mo go Kingdom Interlinear, Jesu o ile a dira jalo ka go “lomaganya Dikwalo” go tswa mo karolong ya Bibela ya Sehebera tse di neng di bolelela pele kaga ditiragalo le maemo mo botshelong jwa ga Mesia yo o solofeditsweng yo o neng a tshwanetse go tla, mme o ile a ba bapisetsa le ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu tse di neng di setse di diragaditswe. Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ile a dirisa mokgwa ono o o tshwanang fa a ne a “tlhalosa le go ba supela mabaka ka go nopola ditshupiso” gore Jesu e ne e le ene Mesia. (Ditihō 17:3, NW) Ebile gape, e ntse ke Kingdom Interlinear e e tlhalosang dilo ka phepafalo ka go bolela gore o ile a dira jalo ka go ba “tlhalosetsa ka botlalo le go bapisa” boperofeti jo bo leng malebana le Mesia mo Dikwalong tsa Sehebera le ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu tse di ileng tsa diragatsa boperofeti joo. Lebokoso le le tsamaelanang le setlhogo seno le tlhagisa moko wa bontsi jwa boperofeti jono jwa Sehebera jo bo ileng jwa diragadiwa ke ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu le tse di ileng tsa ntsha bosupi jwa gore tota e ne e le ene Mesia yo o boleletsweng pele. Bo supa se sesupo se se dikarolo dintsi e leng sone.

Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi sa go Nna Gone Ga Ga Keresete

Ke sesupo se se ntseng jalo se se dikarolo dintsi se se tshwayang nako ya go tla ga bobedi ga ga Jesu, kana, ka tsela e e opang kgomo lonaka le go feta, go nna gone ga gagwe. Lefoko la Segerika pa·rou·siʹa leo bontsi jwa dithanolo di le ranolang ka gore “go tla” mo go Mathaio 24:3 ga le bolele nako e a tla tlang kana a tla gorogang ka yone go na le moo le bolela gore o setse a gorogile ebile o gone. Malebana le Jesu le bolela gore gone jaanong o setse a le gone e le Kgosi e e sa bonaleng ya ga Jehofa mme ebile o busa a le kwa legodimong. Seno se dumalana le mafoko a ga Jesu mo go Yohane 14:19 a a reng: “E tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna.” Ereka jaana a ne a se kitla a tlhola a bonwa ka sebele, o ile a ntsha sesupo se se neng se tla tshwaya go boa ga gagwe le go nna gone ga gagwe a sa bonale e le Kgosi e e busang ya ga Jehofa.

Sesupo se a ileng a se ntsha se ne se sena karolwana e le nngwe fela kana di se kaenyana fela. Se ne se na le di le dintsi tse di neng di tshwanetse go kopanngwa mmogo e le sesupo se se dikarolo di le dintsi, fela jaaka go ne go ntse ka sesupo se se dikarolo dintsi ka nako ya go tla ga gagwe la ntlha jaaka Mesia. Ka gone, ka dikarolo di le dintsi kana ditiragalo, kwantle ga pelaelo o ile a supa go nna gone ga gagwe a sa bonale mo nakong eno e le Kgosi e e busang ya ga Jehofa a busa a le kwa legodimong mme a na le thata le tlhotlheletso mo mererong ya lefatshe. Fa go gatelelwa karolo e le nngwe fela kana tse pedi tsa sesupo boemong jwa gore go lejwe dikarolo tse dintsi tse di bopang sesupo se se dikarolo dintsi, seno se ka dira gore go ntshiwe ditlhagiso tse e seng tsone. Go ntse fela jaaka banna ba barataro ba difofu go tswa kwa Indostan, bao mongwe le mongwe wa bone a ileng a dira tshwetso e e phoso e le fela ka go bo a ile a apaapa karolo e le nngwe fela ya mmele wa tlou.

Go diragadiwa ga sesupo se se dikarolo dintsi se Jesu a ileng a se neela, go kopanyeletsa le maemo mangwe a baaposetoloi ba bararo ba ileng ba oketsa ka one, go ile ga diragala ka tsela e e sa lebalesegeng go tloga ka 1914 go ya pele. Jaanong go latela tlhaloso e khutshwane kaga dikarolo tseno tse di farologaneng mmogo le go diragadiwa ga tsone.

“Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” (Mathaio 24:7) Ntwa ya Lefatshe I e ile ya simologa ka 1914 ka merafe e le 28 eo e neng e na le seabe, ga bolawa batho ba le dimilione di le 14. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya latela ka merafe e le 59 eo e ne e na le seabe, ga bolawa batho ba le dimilione tse 50.

“Mo maheloñ mañwe le mañwe go nne . . . dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11) Ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e khutla, batho ba ka nna dimilione tse 21 ba ne ba setse ba bolailwe ke Spanish flu. Fa e sale go tloga ka nako eo, makgolokgolo a le dimilione a ne a bolawa ke bolwetsi jwa pelo, kankere, AIDS, le ke dikgogodi tse dingwe tsa malwetsi.

“Go tla nna meshwèle (ditlala).” (Mathaio 24:7) Leuba le legolo go a feta otlhe mo hisitoring le ile la nna teng morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Le lengwe gape le le maswemaswe le ile la latela morago ga Ntwa ya Lefatshe II, gone jaanong go tllhaela dikotla go amile nngwetlhano ya baagi botlhe ba lefatshe. Bana ba ka nna dimilione di le 14 ngwaga le ngwaga baa swa ka ntlha ya go tlhaela dikotla.

“Go tla nna dithoromo tse dikgolo tsa lehatshe.” (Luke 21:11) Dithoromo tsa lefatshe morago ga 1914—ela tlhoko di sekae tse dikgolo. Ka 1915, kwa Italy, go ile gaa swa batho ba le 32 610; 1920, kwa China, ba le 200 000 ba ile baa swa; 1923, kwa Japane ba le 143 000 ba ne baa swa; 1939, Turkey, ga swa ba le 32 700; 1970, Peru, ga swa ba le 66- 800; 1976, China, 240 000 (bangwe ba re ba le 800- 000) ba ne baa swa; 1988, Armenia, ga swa ba le 25 000.

“Boikèpō bo tla bo bo ntsihetse.” (Mathaio 24:12) Fa e sale go tloga ka 1914 boikepo bo ntse bo shenne meno; gompieno bo gola ka lobelo lo logolo thata. Dipolao, dipetelelo, borukhutlhi, dintwa tsa digongwana—ke tsone tse thata di dirang ditlhogo tsa dikgang ebile go tletse tsone fela mo dikgannyeng. Mapolotiki a tsietsa batho, basha ba sasanka ba tshwere ditlhobolo ebile baa bolaya, bana ba sekolo ba a tsomana ka bobone. Mo dikarolong tse dintsi ga go a sireletsega go tsamaya mo mmileng le eleng go le motshegare.

“Pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:25, 26) Tlolomolao, thubakanyo, go tshwakgolwa ke diokobatsi, go thubega ga malapa, go sa tlhomamang ga maemo a ikonomi, go tlhoka ditiro—lethathama la dilo tseno le letelele mme ebile le a gola. Rasaense mongwe yo o itsegeng thata o ile a kwala jaana: “Re tla ja poifo, re robala poifo, re tshelela mo poifong re bo re swela mo poifong.”

“Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1) Moaposetoloi Paulo o ile a bua ka batho “ba helecwe ke maikutlō.” (Baefesia 4:19) Lefa go le jalo, o ile a tlhalosa ka botlalo kaga go wela tlase ga boitsholo mo a ileng a go bolelela pele mo “metlheñ ea bohèlō.” Seno se utlwala fela jaaka dipego tsa dikgang tsa gompieno: “Itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.”—2 Timotheo 3:1-5.

“Mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō.” (2 Petere 3:3) Dipampiri tsa dikgang, dipego tsa dikgang, dimakasine, dibuka, le dibaesekopo di itlhokomolosa Bibela di e emisetsa ka megopolo ya tsone ya go itirela boithatelo, di bolela jaana, fela jaaka Petere a ile a bolelela pele: “Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.”—2 Petere 3:4.

“Ba tla lo tsenya diatla, ba tla lo bogisa.” (Luke 21:12) Ka bosetlhogo Basupi ba ga Jehofa go tloga ka 1914 le go ralala dingwaga ba ile ba tshwarwa, ba pegwa ditatofatso tsa maaka, ba tlhaselwa ke digopa, le go latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso tsa ga Hitler ba le diketekete, koo ba neng ba bogisiwa gone, bontsi jwa bolawa, ba bangwe ba bolawa setlhogo ka go kgaolwaditlhogo. Kwa dinageng tse dingwe, mo dinageng tsa babusaesi le tse e eleng tsa temokerasi, tiro ya bone ya go supa ka Jehofa le ka Bogosi jwa gagwe e ile ya thibelwa mme ebile Basupi ba ile ba latlhelwa mo dikgolegelong. Dilo tseno tsotlhe e le go diragadiwa ga mafoko a ga Jesu a a malebana le metlha ya bofelo.—Mathaio 5:11, 12; 24:9; Luke 21:12; 1 Petere 4:12, 13.

“Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe.” (Mathaio 24:14) Ke mafoko afe a a molemo? Ke mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Keresete jo bo busang kwa legodimong, ka jaana e le yone potso e e ileng ya bodiwa Jesu fa a ne a tloga a tlhagisa boperofeti jo bo leng malebana le ditiragalo tse di bopang sesupo se se dikarolo dintsi. A ntse a rerwa ke Basupi ba ga Jehofa fa e sale go tloga ka 1914. Ke batho ba le dikete tse nnè ba ba neng ba a rera ka 1919, ka 1990 e le ba ba fetang dimilione tse nnè, mme ka 1992 mo kgweding e le nngwe fela e ne e le ba le 4 472 787. Dibuka tsa Bibela di ile tsa anamisiwa ka maleme a le 200 mo dinageng di le 229. Ga go na motlha ope o karolo eno ya sesupo sa dikarolo tse dintsi e ileng ya diragadiwa ka one jaaka go ile ga diragala ka motlha ono.

“Go senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18) Batho ba ba bogagapa ga ba bolo go nna ba ntse ba batla go senya lefatshe ka ntlha ya go batla dilo ka bopelotshetlha, lefa go le jalo ga go na losika lope lo lo ileng lwa nna le maatla a go dira seno go feta jaaka losika lono lo dira. Gone jaanong fa e sale go tloga ka 1914, boranyane jwa segompieno bo ba neetse maatla ao, mme ga ba dirise maatla ano sentle. Ba senya lefatshe.

Dingwe tsa dilo tse di sa itumediseng tse di bakwang ke seno ke: pula ya asiti, go gotela ga lefatshe, marobana mo lebebeng la ozone, dibolaya ditshenekegi tse di kotsi, mekgobekgobe ya dikhemikhale tse di botlhole, dithothobolo tsa matlakala tse di tonatona, leswe la nuklea, go tshololwa ga dioli, go koelelwa ga mantle, matšha a a kgadileng, dikgwa tse di sentsweng, metsi a a kgotletsweng a a kafa tlase ga lefatshe ditshedi tse di felang losika, go baya matshelo a batho mo kotsing.

Rasaense ebong Barry Commoner o bolela jaana: “Ke dumela gore fa go se kake ga elwa tlhoko go kgotlelwa ga lefatshe go go tswelelang pele, seno e tla re kgabagare se dire gore polanete eno e nne lefelo le le sa siamang gore batho ba tshele mo go lone. . . . Bothata jono ga bo bakwe ke go tlhoka kitso ya saense, go na le moo ke ka ntlha ya bogagapa.” State of the World 1987 e bolela jaana: “Selekanyo se batho ba dirang dilo ka sone mo lefatshe se simolotse go tshosetsa go siamela go nniwa ga lefatshe ka bolone.” Metseletsele ya dithulaganyo tsa thelebishene tse di ileng tsa gasiwa ka 1990 di ile tsa newa setlhogo seno se se tshwanetseng “Go Itlhaganelela go Namola Polanete Eno.”

Ditiragalo tseno tse dintsintsi fa di kgobokanngwa mmogo go dira sesupo se le sengwe ka nako ya losika lo longwe fela ga di kake tsa tsewa jaaka ditiragalo fela tse di welaneng. Selekanyo se segolo se di diragalang ka sone le sone se tiisa bokao jwa tsone. Mme ebile go na le dingwe tsa ditiragalo tseno, tse di ntseng jaaka go rerwa ga mo lefatsheng ka bophara ga molaetsa ono wa mafoko a a molemo le go senngwa ga lefatshe, tse di iseng di ko di diragale go tswa mo tshimologong ya popo. Sesupo se se dikarolo dintsi sa go nna gone ga ga Keresete Jesu se segolo thata.

“Ha motho leha e le mañ a na le ditsèbè go utlwa, a a utlwè.”—Mareko 4:23.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Mabaka a Mantsi a a Supang ka Go Tla Ga Ntlha Ga Ga Jesu e le Mesia

KE WA lotso lwa Juda (Genesise 49:10); o ne a tla ilwa, le go okwa ke mongwe wa baaposetoloi ba gagwe; go ne ga tshelwa bola mabapi le diaparo tsa gagwe; o ne a neelwa binika le santlhokwe; o ne a sotlwa a le mo koteng; ga go na lerapo lepe la gagwe le robilweng; gaa a ka bola; o ne a tsosiwa (Pesalema 69:4; 41:9; 22:18; 69:21; 22:7, 8; 34:20; 16:10); o tsetswe ke kgarebana; ke wa losika lwa ga Dafide; lentswe la kgopiso; o ne a ganwa; o ne a didimetse fa pele ga bapateletsi ba gagwe; o ne a belega makoa; o ne a balelwa le baleofi; o sule loso lwa setlhabelo; o ne a tlhabiwa mo letlhakoreng; a fitlhiwa le bahumi (Isaia 7:14; 11:10; 8:14, 15; 53:3; 53:7; 53:4; 53:12; 53:5; 53:9); o ne a bidiwa go tswa kwa Egepeto (Hosea 11:1); o tsholetswe kwa Bethelehema (Mika 5:2); o ne a gorosiwa jaaka kgosi; o tlile a palame esela; o ne a okiwa ka dipapetlana tsa selefera di le 30; balatedi ba gagwe ba ne ba faladiwa.—Sakaria 9:9; 11:12; 13:7.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Sesupo se se Dikarolo Dintsi sa ga Go Nna Gone ga ga Jesu e le Kgosi mo go Tleng ga Gagwe ga Bobedi

NTWA ya lefatshe; go tlhaela ga dijo; dikgogodi tsa malwetsi; dithoromo tsa lefatshe (Mathaio 24:7; Luke 21:10, 11; Tshenolō 6:1-8); go ntsifala ga boganana; go tswana le go ilana; go sa utlwe batsadi; go fela ga lorato lwa tlholego; go tlhoka boikgapo; go nna manganga; go rata madi; go rata dikgatlhego go na le go rata Modimo; setshwantsho sa poifomodimo mme thata ya gone e latotswe; bapateletsi; bogale; go bogisiwa ga balatedi ba ga Keresete; go isa balatedi kwa ditshekong, le go bolaya balatedi ba ga Keresete (Mathaio 24:9, 10, 12; Luke 21:12; 2 Timotheo 3:1-5); basotli ba go nna gone ga ga Jesu; ba re dilo di santse di tshwana fela le tsa motlha wa tshimologo ya popo (2 Petere 3:3, 4); basinyi ba tikologo ya lefatshe.—Tshenolō 11:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela