Go Thusa Bao Ba Nang le Mathata A A Amanang le go Ja
MALAPA a mantsi lefatshe ka bophara gompieno a ne a tshwanelwa ke go dirisana le leloko la lelapa le le nang le mathata a a amanang le go ja. Bulimia (go ja le go di tlhatsa ka bomo), anorexia nervosa (go palelwa ke go ja kana go gana go ja ka lobaka lo loleele), le go nna maje (o sa je o olela) di ile tsa nna leroborobo mo mafelong mangwe.
Mathata ano a a amanang le go ja gantsi a tshwenya basadi. A ama basadi ba mo e batlang e le ba dingwaga tsotlhe, ba ba nyetsweng le ba ba sa nyalwang. Ba ba akaretswang mo go bao ba nang le mathata ano, ke bao ba iseng ba tsene mo dingwageng tsa bosha le bao ba setseng ba le mo go tsone, gape le basadi bao ba setseng ba godile, go kopanyeletsa le basadibagolo.a
Fa mongwe yo tota o mo kgatlhegelang a na le mathata a a amanang le go ja, ka phepafalo o tla batla go mo thusa. Mme go raya motho yo o bolawang ke bulimia o re a emise go ja le go tlhatsa dijo ka boomo go tla bo go tshwanakana fela lefa o ne o ka raya motho yo o bolawang ke nyumonia o re a emise go gotlhola. Pele ga tota o ka thusa motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja, o tshwanelwa ke go lemoga matshwenyego a a tseneletseng a maikutlo a gantsi e leng one motswedi wa bothata joo o bo o ithakanye nao. Ka jalo he, matsetseleko—eseng go nna le maikutlo a mantle fela—a a tlhokafala. Fa gongwe mathata ano a tsalwa ke go bo motho a ile a betelelwa mo dinakong tse di fetileng. Fa go ntse jalo, motho yo o nang le bothata jo gantsi o tlhoka thuso e e kgethegileng go tswa mo mogakoloding yo o nang le bokgoni.b
Itebaganye le Mathata
Go lemoga gore ngwana, molekane, kana tsala ya gago e na le bothata jo bo amanang le go ja ga se ka metlha go leng motlhofo. Seno se ka bakiwa ke gore batho ba ba nang le mathata a a amanang le go ja ba ka nna ba tswa e le batho ba ba ratang go loba dilo. (Lebelela lebokose le le tsamaelanang le kgang eno.) Mme lefa go le jalo, bothata jo bo amanang le go ja ka kakaretso ga bo ke bo fela fela ka bojone. Fa go buiwa ka bofefo jo bo ka kgonagalang le motho yo o nang le bothata jono a bo a neelwa thuso, seo se dira gore go nne le kgonagalo ya gore a bo fenye.
Lefa go le jalo, pele ga o bua le motho yo o belaelang gore o na le bothata, rulaganya ka botlhale seo o tla se buang le ene o bo o senke nako e e tshwanetseng ya go bua le ene. Nako eo e tshwanetse go bo e le e eleng gore wena o ritibetse maikutlo le gore gape ga go lebege go ka nna le sengwe seo se ka lo kgoreletsang. Go tsena kgang eno ka tsela e e phoso—jaaka go mo tshosa thata—go tlile go kgoreletsa puisano mme go ka nna ga dira gore dilo di thatafalele pele.
Fa o bua le motho mongwe yo o belaelang gore o tshwanetse a bo a na le bothata bongwe jo bo amanang le go ja, o se ka wa tshwara kwa le kwa, gape o se ka wa mo atlhola. Ka sekai, o ka nna wa re, ‘Ke a re o fedile ruri. Le diaparo tsa gago di lebega di le dikgolo mo go wena. A go na le sengwe se se dirang gore seemo se bo se ntse jaana?’ Kgotsa, ‘Ke go utlwile o tlhatsa mo ntlwaneng ya botlhapelo. Ke a itse gore seno se tlhabisa ditlhong, mme lefa go le jalo ke batla go go thusa. A go ne go ka se ka ga nna molemo fa re ne re ka bulelana mafatlha?’ Le fa gongwe motho yoo a ka nna a araba ka tšhakgalo le go itatola, fa o buisana le ene o wetse dibete seo se ka nna sa mo dira gore a buisane le wena ka kgang eno. (Diane 16:21) Go kgona gore lo bue lo bulelane mafatlha ke mokgele o o ka kgonwang go fitlhelelwa mo motlotlong wa gago wa ntlha.
Mathata a a amanang le go ja gantsi a nna teng fa maloko a lelapa a tshwenyega thata kaga kafa mebele ya bone e lebegang ka gone le fa bana ba bakiwa thatathata ka ntateng ya ponalo ya bone kgotsa ka ntateng ya dilo tseo ba di kgonneng. Ka jalo, mo lelapeng le go nang le leloko le le nang le mathata a a amanang le go ja mo go lone, maloko a mangwe a lelapa a ka nna a tshwanelwa ke go sekaseka mekgwa ya bone le dilo tseo ba di bayang kwa pele. Tharabololo ya bothata jwa motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja e ka nna ya batla gore maloko a lelapa a dire diphetogo. Tota ebile, maiteko a bone gantsi e nna one sengwe sa dilo tsa konokono tse di ka thusang motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja a boe a siame gape.
Lo Se Ka Lwa Mo Pateletsa Dilo
Mo lelapeng lengwe batsadi ba ba neng ba kgopegile fela thata ba ne ba leka go jesa mosetsana yo o neng a bolawa ke anorexia dijo ka kgang, mme mosetsana yono o ne a gana mme kwa morago a ikutlwa a ikgantsha fela thata ka go bo a paletse batsadi mo go seo ba neng ba re ba leka go se dira. Ka jalo he lemoga gore o ka se ka wa pateletsa motho yo mongwe go ja kgotsa wa mo pateletsa gore a se ka a tlhola a ja dijo bobe. Go leka ka bojotlhe go pateletsa motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja go ka nna ga dira gore bothata joo bo nne boima le go feta.
Joe, yo morwadie ebong Lee a batlileng go tlhokafala ka ntateng ya anorexia o ne a dumalana jaana, “dilo di ne di aga di ya masweng nako le nako fa ke umaka kgang ya go ja ga gagwe. Ke ne ka tshwanelwa ke go emisa gotlhelele go tlhola ke bua kaga dikgang tse di amanang le go ja.” Mosadi wa gagwe ebong Ann, o ne a tlhalosa seo se ileng sa thusa morwadiabone: “Re ne ra mo thusa go lemoga gore ga go tlhokafale gore a feteletse dilo mo go kalokalo e le gore a tle a kgone go laola mmele o eleng wa gagwe. Seno se ne sa boloka botshelo jwa gagwe.” Ka botlhale, o se ka wa gatelela thata kgang ya go ja. Thusa motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja gore a lemoge gore fa a ja, seo se solegela ene molemo eseng wena.
Mo Thuse Gore a Age Mogopolo wa go Itshepa
Bontsi jwa batho ba ba nang le mathata a a amanang le go ja ke batho ba ba sa rateng go bona phosonyana. Bontsi jwa bone ga se gantsi ba kileng ba palelwa. Batsadi ba bone—fa gongwe ba ne ba dira seno ka maikaelelo a mantle—ba ile ka dinako tse dingwe ba nna le seabe mo mathateng ao. Jang? Ka go mo tshwara jaaka lebeya, ba leka go sireletsa ngwana wa bone gore go se ka ga nna le sepe se se mo utlwisang botlhoko.
Ka jalo he motsadi o tlhoka go thusa ngwana wa gagwe gore a lemoge gore diphoso tsa gagwe ke selo se se leng teng mo botshelong le gore ga se tsone tse di bontshang gore ke motho wa botlhokwa go le kana kang. Diane 24:16, e a re “gonne motho eo o siameñ o ka wa ga shupa, me a coge gapè.” Ngwana a ka se ka a kgojwa marapo ke go utlwisiwa botlhoko ke sengwe fa e le gore o rutilwe gore go palelwa ke selo sa tlholego fela, se se sa nneleng ruri, se se bileng se ka fenngwa.
Motsadi gape o tshwanetse go amogela ntlha ya gore bana ga ba tshwane mme a bo a anaanele seo. Lefa ntswa gone motsadi wa Mokeresete a lekela go godisetsa ngwana mo ‘kotlhaong le mo taong ya ga Jehofa,’ o tshwanetse go letlelela ngwana go tshela jaaka motho wa mofuta wa gagwe. (Baefesia 6:4) O se ka wa leka go pateletsa ngwana go tshela kana go itshwara ka tsela e wena o e gopotseng. Gore ngwana a kgone go fenya bothata jo bo amanang le go ja, o tshwanetse go ikutlwa gore go bo e le motho wa mofuta wa gagwe ke selo se se tlotlwang se bile se anaanelwa.
Buisanang ka Phuthologo
Mo malapeng a mantsi a mo go one ngwana kgotsa molekane a nang le bothata jo bo amanang le go ja, go sa buisane ka phuthologo go a bo go le teng. Bao ba nang le bothata jo bo amanang le go ja gantsi ga ba kgone go tlhalosa maikutlo a bone fa e le gore a farologane le a motsadi kgotsa a molekane. Seno se teng segolo jang mo malapeng ao eleng gore go na le molao mo go one wa gore ‘Fa e le gore ga go na sepe se se molemo se o ka se buang, o didimale o re tuu.’ Ka jalo motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja o a bo a dirisa dijo e le tsela ya go leka go itebatsa matlhotlapelo ao a nang le one.
Ka sekai, Matthew o ne a retelelwa ke go thusa mosadi wa gagwe go fenya go nna maje. O ne a bolela jaana ka khutsafalo, “nako le nako fa a kgopegile o a lela mme a bo a tsamaya a ya go ja. Ga a ke . . . a bo a mpolelela seo tota se mo tshwenyang.” Mogakolodi mongwe o ne a akantsha gore ba iphe nako e e ka tshwarang ura ka beke ya go ithuna le gore ba bue dingongorego tsa bone ka go refosana ba sa tsenane ganong. Matthew o ne a re, “seo se ile sa ntemotsha dilo di le dintsi. Ke ne ke ntse ke sa tlhaloganye ka gope gore go ne go na le dilo di le dintsintsi jaana tseo di neng di sa itumedise Monica le gore ke ne ke na le tshekamelo e e kana ya go rata go iphemela. Ke ne ke gopola gore ke moreetsi yo o molemo kante nnyaa.”
Ka jalo, gore o kgone go thusa molekane kgotsa ngwana wa gago, itetle go reetsa dilo tse di sa mo itumediseng mmogo le tseo a di ngongoregelang. Go ya ka Dikwalo, go reetsa “go gala ga mohumanegi” ke selo se se siameng. (Diane 21:13) Joe le Ann ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta thuto eno.
Joe o ne a bolela jaana mabapi le morwadie yo o neng a bolawa ke anorexia, “ke ne ka tshwanelwa ke gore ke tlogele go tlhola ke tabogela go dira diphetso le go bontsha go tenega fa Lee a ne a bua sengwe se se farologaneng.” Mosadi wa gagwe ebong Ann o ne a re: “Reetsa se ngwana a batlang go se bua. Se leke go mmopela mafoko. Reetsa kafa tota a ikutlwang ka gone ka dilo.”
Ann o ne a tshwantsha ntlha eno jaana: “Pelepele, e ne e a tle e re fa Lee a ngongorega ka gore mongwe o mo utlwisitse botlhoko, ke ne ke a tle ke mo reye ke re motho yoo tota o dirile jalo e se ka boomo. Mme se se mo dire gore a kgopege le go feta. Malatsi ano fa a ngongorega ke a re, ‘ke a itse gore seo se tshwanetse sa bo se ile sa go utlwisa botlhoko. Ke a bona gore ke ka ntlha yang fa se ka go dira gore o ikutlwe ka tsela eno.’ Ke leka go gatelela ntlha ya gagwe go na le go leka go fetola maikutlo a gagwe ka yone nako eo.” Ka jalo he reetsa ka boammaaruri, mme o se ka wa nna le boikutlo jwa gore o setse o itse maikaelelo kgotsa maikutlo a yo mongwe.
Fa go buisanwa ka phuthologo, motho a ka bona kgomotso ka nako ya fa maikutlo a gagwe a utlwile botlhoko mme ka jalo a se ke a patelesege go dirisa mekgwa ya go ja e e diphatsa mo botsogong jwa gagwe. Dawn o ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a sa ka a boela gape mo seemong sa gagwe sa go nna maje le sa go bolawa ke bulimia: “Fa ke kgopegile, ke kgona gore ka dinako tsotlhe ke buisane le monna wa me ka ntateng ya gore ke motho yo o tlhaloganyang le yo o gomotsang fela thata.”
Bontsha Lorato lwa go Intsha Setlhabelo
Rre mongwe yo o mo khutsafalong ntateng ya loso lwa morwadie yo o neng a na le bolwetse jwa bulimia mme a ema pelo a bo a swa o fa kgakololo eno: “Rata bana ba gago ka tsela e e fetang e o gopolang gore e lekane.” Ee, o se ka wa ba bontsha lorato sewelo fela. Thusa ngwana wa gago le molekane wa gago go lemoga gore lorato lwa gago mo go ene ga lo a itshetlega ka gore o lebega jang kgotsa gore o kgona eng. Mme legale go rata motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja ga se selo se se motlhofo. Ke sone se eleng gore o ka kgona seno fela ka go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo, le le tlhalosiwang mo Bibeleng jaaka le le pelonomi, le le pelotelele, le le le itshwarelang. Ke go ikemisetsa go baya dikgatlhego tsa yo mongwe kwa pele ga tsa gago.—1 Bakorintha 13:4-8.
Banyalani bangwe e ne ya re fa ba ne ba lemoga gore morwadiabone o bolawa ke bulimia, ba ne ba sala ba tsietsegile ba sa itse gore ba dire eng. Rraagwe o ne a re, “Ke ne ka ikutlwa gore fa o sa tlhaloganye gore ke eng seo o tshwanetseng wa se dira, selo se se botoka ke gore o dire selo sa bopelonomi. Ke ne ka lemoga gore ke mosetsanyana yo montlenyana yo o neng tota a le mo bothateng jo bogolo. Selo sa bopelonomi go se mo direla e ne e le go mo gomotsa.”
O ne a botsa morwadie jaana: “A nna le mmaago re ka nna re go botsa gangwe le gape kafa o ntseng o tsamayatsamaya ka teng mabapi le botho jono jo o nang le jone?” O ne a bontsha fa a anaanela thata go bo ba tshwenyegile jaana ka tsela ya bopelonomi ka ene, mme ka jalo batsadi ba ne ba kgona go nna ba mmotsa gangwe le gape.
Rraagwe o ne a tlhalosa jaana, “go ne go na le dinako tse dingwe tseo go neng go feta malatsi a sekae, dibeke di sekae, le dikgwedi di sekae pele ga a boela mo seemong sa gagwe. Mme fa a ne a bolela gore o boetse gape mo seemong sa gagwe sa pele, re ne re leka go mo kgothatsa mme re sa batle go bontsha gore re kgobegile marapo.” Mmaagwe o ne a tlatsa ka gore: “Re ne re na le nako e ntsi ya go buisana. Ke ne ka mmolelela gore go ne go itshupa sentle gore jaanong o a tokafala. Ke ne ka re, ‘O se ka wa ba wa ineela. Gompieno o tsere dibeke tse pedi. A re bone gore jaanong o tla kgona go ya go fitlhelela kae.’”
Rraagwe o ne a tlhalosa gore, “lebaka lengwe le le neng la dira gore re se ka ra lemoga gore ngwana wa rona o na le mekgwa e e ntseng jaana e e sa tlwaelegang ya go ja e ne e le ka go bo re ne re ja selalelo mmogo ka sewelo fela. Ka jalo ke ne ka fetola lenaneo la me la tiro e le gore ke kgone go nna le lelapa ka nako ya selalelo.” Go dira phetogo e e ntseng jalo e le gore ba kgone go ja mmogo, mo godimo ga go neela thuso ka bopelotelele le lorato, go ile ga thusa morwadiabone gore a felele a fentse bothata jono gotlhelele.
Fa re ntse re leka thata ka mo re ka kgonang ka teng go thusa motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja, go botlhokwa gore re neele kotlhao e e tlhokegang, e ka boyone e leng tshupo ya lorato. (Diane 13:24) O se ka wa sireletsa motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja mo ditlamoragong tsa seo a se dirang. Ka go dira gore a dirise madi a gagwe go emisetsa dijo tse a neng a di ja ka nako eo a neng a a ja mo go senang selekanyo, kgotsa o batla gore a phepafatse leswe le a ka tswang a le dirile mo ntlwaneng e e tlhapelang fa a ne a itlhatsisa, go ka mo ruta gore a lemoge gore o ikarabelela mo boitshwarong jwa gagwe. Ka go gagamalela gore a tshele ka ditekanyetso tse di rileng tsa mo ntlong, o bontsha gore o tlhatswegile pelo gore a ka kgona gore a laole botshelo jwa gagwe sentle. Seno se ka dira gore motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja a ikutlwe gore le ene ke motho ereka bontsi jwa bone bo inyatsa.
Ka ntata ya go tlhakatlhakana maikutlo, motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja a ka nna a bua ka bogale. Fa a dira jalo, leka go itlhokomolosa bogale joo. Leka go batla le go itebaganya le se se bakang gore a “tshwenyege” jalo. (Yobe 6:2, 3) E ne ya nna kgwetlho ya mofuta wa yone fela mo go Joe le Ann fa morwadiabone yo o neng a na le bothata jwa anorexia a ne a tsuologa le go tlhapatsa.
Ann o ne a re, “re ne ra tswelela ka go leka go mmontsha lorato go na le go mo koba.” Monna wa gagwe o ne a tlatsa ka gore: “Re ne ra tswelela ka go mmatlela thuso le go nna re mmolelela kafa re mo kgatlhegelang ka teng.” Go ne ga felela ka eng? Kgabagare o ne a lemoga gore batsadi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba mo rata tota, mme ka jalo a simolola go buisana le bone.
Fa yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja e le ngwana, go ka ketefalela batsadi fela thata, bogolo jang mmaagwe. Ka jalo he, borre, ba tshwanetse go neela basadi ba bone tshegetso e e tlhokafalang ya maikutlo. O se ka wa itshenyetsa lenyalo ntateng ya bokoa jwa ngwana wa gago. Tlhaloganya gore ga o kake wa kgona sengwe le sengwe.
Mo mabakeng mangwe, go ka nna ga tlhokafala gore o batle thuso go sele ka kwa ntle ga lelapa. Sekaseka mabaka otlhe a a kopanyelediwang mo go seo, mme o bone gore ke thuso efe eo e ka nnang mosola go gaisa. Go ka tlhoka gore o nitame fa e le gore motho yo o nang le bothata jo bo amanang le go ja o goga dinao. Mo itsise gore o tla tsaya kgato go sireletsa botshelo jwa gagwe fa go tlhokafala, mme lefa go le jalo o tile go bua dilo tse o itseng gore ga o kake wa kgona go di dira.
Go tlile go nna le dinako tse dingwe tse o tla ikutlwang o feletswe mme go lebega go sena tsholofelo ka tsone, mme lefa go le jalo o se ka wa lebala go latlhela mathata a a ntseng jalo ka thapelo mo Modimong yo o lorato. O ka thusa! Joe o ne a bolela jaana, “Re ne ra lemoga gore seno ke kgang eo eleng gore e bokete mo go rona go ka e rarabolola. Selo se segolo seo re neng ra se ithuta ke go baya tshepo ya rona mo go Jehofa Modimo. Ga a ise a ko a re swabise.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona “Who Develop Eating Disorders?” (Ke Bomang Bao Ba Nang le Mathata A A Amanang le go Ja?) mo tokololong ya rona ya Seesemane ya December 22, 1990.
b Bona “Thuso go Ba ba Beteletsweng ke Ba-losika” mo tokololong ya April 1, 1984 eo eleng tokololo ya makasine wa ga one ono ebong wa Tora ya Tebelo.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
DINGWE TSA DILO TSEO DI BONTSHANG FA MOTHO A NA LE MATHATA A A AMANANG LE GO JA
◼ Go sa je go le kalo, jaaka go itima dijo mo go feteletseng
◼ Go ota thata kgotsa mmele o o nnang o fetogafetoga o nna mokima o nna mosesane
◼ Mekgwa e e sa tlwaelegang ya go ja dijo, jaaka go di nathoganya ditokinyana tse dinnyennyane
◼ Go tshaba go nona lebaibai, go sa kgathalesege gore motho o na le mmele o o kana kang
◼ Go nna motho a tshwenyegile thata le go bua gangwe le gape ka dijo le/kana seemo sa mmele, gantsi seo se patagantswe le go itshidila mmele mo gogolo ga ka metlha
◼ Go kgaotsa go bona kgwedi
◼ Go ikgogona mo go ba bangwe, dikai tsa go rata go nna o le mo sephiring, segolo jang go tsaya nako e ntsi mo ntlwaneng e e tlhapelang
◼ Diphetogo tsa maikutlo jaaka go hutsafala go feta tekano le go tenegatenega fela go sa twe sepe
◼ Go ja bobe fa a tenegile, fa a tshogile, kgotsa fa a itumetse
◼ Go sa dirisiwe sentle ga dipilisi tse di oketsang moroto, dipilisi tse di bolayang keletso ya dijo, kgotsa dipilisi tse di tlhatsisang di bo di berekisa mala, jaaka tsa mala
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go reetsa mo go bontshang go utlwela botlhoko go botlhokwa