Puso ya Motho e Beilwe mo Dikaleng Tsa Katlholo
Karolo 1c—Ka Ntlhayang?
“Tsogang!” e itumelela go itsise metseletsele ya ditlhogo tseo di leng malebana le “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo”
GA GO na ope yo o ka ganelang tlhotlheletso eo dipuso—fa re dira gore motlotlo wa rona o felele fela mo dipolotiking—di nnileng le yone mo historing ya lefatshe mmogo le mo go mongwe le mongwe wa rona. Puo eo o e buang, maemo a go tshela ao o a lelekisang, mofuta wa tiro eo o e dirang, tsamaiso ya loago eo o nang le yone, gongwe le eleng bodumedi joo o bo ipolelang, bobotlana o ile wa nna le tsone ka ntlha ya phetogo ya sepolotiki.
Ereka puso e tlhokafala, ke mang wa rona yo o sa batleng go tshela a le kafa tlase ga puso ya mofuta o o rileng eo e tla re nayang dilo tseo re di tlhokang ka tsela e e botoka thata kafa go ka kgonagalang ka gone? Mme lefa go ntse jalo ke puso ya mofuta ofe eo e leng botoka go di gaisa tsotlhe? A mme tota gone re ka kgona go itlhophela gore ke puso efe eo re e batlang?
Tsogang! e itumelela go itsise metseletsele ya ditlhogo tseo di leng malebana le “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo.” Ditlhogo tseno di tlile go tswelela pele mo ditokololong tsa makasine ono tsa mo isagweng. Mo karolong ya bofelo ya 1990, e tla tlotla ka tshedimosetso eo e leng malebana le dipusoesi, dipuso tseo go busang ba sekae fela mo go tsone, puso ka setlhophana, le dipuso tseo go busang bahumi fela mo go tsone. E tla dira patlisiso e e boteng malebana le mefuta e e farologaneng ya dipuso tsa batho ka batho, mmogo le mefuta e e farologaneng ya direpaboliki. E tla retololela matlho otlhe mo dipusoesing, mo dipusong tsa bokgokgontshi, mmogo le mo dipusong tse di gatelelang tsa go tshwana le tsa Bo-Fascist le tsa Bo-Nazi tsa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Bosošialise mmogo le Bokomonisi le tsone go tla tlotliwa ka tsone.
Dikarolo tsa puso ya motho di dintsi ebile di raraane, ka gone ga go kake ga tlotliwa ka sotlhe seo go ka itsiweng ka sone mabapi le puso. Ditlhogo tseno ga di a dirwa ka boikaelelo jwa gore e nne bukana e e nang le dintlha ka botlalo tse di leng malebana le dipolotiki. Ga di kitla di emela dikgatlhego tsa dipuso tsa batho ka kakaretso kana di emela ya mofuta ope ka mo go kgethegileng kana di di buelela. Fa go bapisiwa mefuta e e farologaneng ya tsone seo se tla bo se sa dirwe ka maikaelelo a go buelela e nngwe go feta e nngwe. Tsogang! e tlile go ngaparela thata go dikaelo tsa yone tseo di bontshiwang mo tsebeng 5, eleng moo re balang jaana gone: “E tlhatlhoba dilo e sa okole fela fa godimo e bo e bontsha gore dilo tse di diragalang ga jaanong di bolelang tota, mme legale ga e itshunye nko mo dipolotiking.”
Ditlhogo tsa “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo” di dirilwe ka maikaelelo a gore e nne bontlhanngwe jwa tiro eo ya go tlhatlhoba dilo “e sa okole fela fa godimo.” Di tla bontsha gore “dilo tse di diragalang ga jaanong di bolelang tota,” eleng ditiragalo tseo di supang gore puso ya motho e tsogetswe ke masetlana.
Buka ya The Columbia History of the World e tlhalosa masetlana ano ka tsela eno: “Boemo joo re fitlhelang puso, bodumedi, boitshwaro, dikamano tsa loago, puo, botaki, le motheo oo wa konokono wa botshelo jo bo tlhabologileng, tsholofelo ya baagi, di leng mo go jone bo re letla gore bobotlana re dire tshwetso ya go lekeletsa dilo malebana le selekanyo sa ditiragalo tse di sa lebalesegeng tse di diragalang jaanong. Puso ke yone ya ntlha mo lenaaneng la tsone ebile ke yone ya ntlha ka botlhokwa. . . . Go tlhaediwa molao, Puso eo e pateletsang gore o ikobelwe, mmogo le babusi bao ba santseng ba dumela mo dilong tseno ka bobedi jwa tsone matlho. . . . Tsela eo dilo di lebegang ka yone jaanong e farologane gotlhelele le eo di neng di lebega ka yone mo lekgolong la dingwaga leo le fetileng . . . Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe matsholo a sesole a eme a letetse lefoko fela a bo a ka tlhasela holo ya toropo, a kgaotsa kokoano ya phatlalatsa, a senya yunibesithi, kana a senya boemedi jwa puso ka bomo. . . . Go gakalela go nna le kgololesego e e feletseng go diphatsa. . . . Ka bokhutshwane, mokgele o le mongwe wa sepolotiki le wa loago, maikaelelo a le mangwe a mo nakong eno ke Kgaogano, go sa kgathalesege gore ke marantha afe a botlhajana jwa bogologolo ao e itirang ekete ke one. Fa e le gore seno ga e ise e nne Go Thubega Gotlhelele, kwantle ga pelaelo ke Go Tsetsethegana.”
A “Go Tsetsethegana” gono e tlaare kgabagare go felele ka “Go Thubega Gotlhelele,” mme fa e le gore go ntse jalo, seo se tla felela ka eng mo lefatsheng leo re tshelang mo go lone? Boammaaruri ke gore, puso ya motho e a atlholwa mme lefa go ntse jalo ga e atlholwe ke batho fela bao ba nang le dingwaga di le diketekete ba beile dipuso tsa bone mo sekaleng mme gangwe le gape ba di fitlhela di tlhaela. Mo nakong eno Mmopi wa lebopo ka sebele o batla gore kgetsi eno e atlholwe. A leina leo puso ya motho e itiretseng lone go ralala makgolokgolo a dingwaga le tshegetsa ntlha ya gore di ka letlwa gore di tswele pele? Kana a fa e bewa mo dikaleng tsa katlholo tsa Modimo seo se tla bontsha gore e tshwanetse ya tsamaya? Mme fa e le gore go ntse jalo, ke eng seo e ka emisediwang ka sone?
Metseletsele ya ditlhogo, “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo” di tla oketsa kitso eo o nang le yone malebana le puso. Mme e tla go dira gore o nne le tsholofelo ka gonne o na le mabaka otlhe a go ka nna le tsholofelo. Puso e e botoka e mo tseleng. Mme sa botoka go gaisa tsotlhe, o ka kgona go tshela le go e ipelela!
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Fa leina leo puso ya motho e itiretseng lone le bewa mo dikaleng tsa katlholo tsa Modimo, a Modimo o tla e atlholela molemo?
[Motswedi wa Setshwantsho]
WHO photo/PAHO by J. Vizcarra