LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 4/8 ts. 5-20
  • Di Nyelela ka Sebaka sa Motsotswana O Le Mongwe Fela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Di Nyelela ka Sebaka sa Motsotswana O Le Mongwe Fela!
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Naga Eo Ke: Brazil
  • Bothata Jo Bo Amang Lefatshe Lotlhe
  • Ke Eng Fa Dikgwa tsa Pula di Tshwanetse go Babalelwa?
    Tsogang!—1990
  • Dikgwa Tsa Pula—A di Ka Bolokwa?
    Tsogang!—2003
  • A Dikwa Di Na le Isagwe?
    Tsogang!—1990
  • Mesola ya Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 4/8 ts. 5-20

Di Nyelela ka Sebaka sa Motsotswana O Le Mongwe Fela!

ORALETSE mo tikologong e e lefitshwana ka ntlha ya botala, mo gare ga tshutlha ya ditlhare tse di leng mokoloko tse di nang le ditshegetsi tseo di tlhatlogelang godimo go fitlha go matlhatlaganyane a le 15. Mo godimo ga tlhogo ya gago botshelo bo itogile jaaka malepa, ke karolo e e kitlaneng thata, e e nonneng thata ya lefatshe eo ditshedi di ka kgonang go tshela mo go yone. Ditlhare tseno di kgabisitswe ka merara e e boleele jwa makgolokgolo a dimitara ka dinako dingwe mme dijalo tseo di itshopeleditse gotlhe mo dikutung le mo dikaleng tsa tsone gore ka go dira jalo di itshegeletse ka tsone. Dithunya tsa boboatsatsi tse di nonneng di nkgisa moya o o didimetseng wa mo botlhogisetsong jono jwa dimela monate.

Seno ke sekgwa sa pula sa boboatsatsi. Mme se na le se se fetang go bo e le lefelo le lentle fela, se se fetang go bo se tshwana le mekgotha e e tswalegileng kwa godimo ya sekgwa se se lefitshwana se marang a lesedi a tlhabelang mo go sone. Ke motšhini o o raraaneng ka tsela e e jesang kgakge eo dikarolo tsa one di dirang mmogo ka thulaganyo e e manontlhotlho e e molemo go gaisa.

Ditshedi ke ntletsentletse fano, ke tsa mefutafuta e go senang epe e e lekanang le yone mo godimo ga polanete ya rona. Dikgwa tsa pula di tsaya fela 6 lekgolong ya karolo ya naga ya lefatshe mme lefa go ntse jalo di na le mo e ka nnang sephatlo sa mefuta yotlhe ya dimela le diphologolo. Di tlhagisa mo e ka nnang nngwetharong ya dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng. Kwa godimodimo ga tlhogo ya gago dikala tse di itirileng jaaka marulelo tsa sekgwa ke legae la ditshenekegi le dinonyane tse di sa tlwaelegang, la bokgabo le diamusi tse dingwe. Bontsi jwa tsone le ka motlha ga di nke di fologela fa fatshe. Ditlhare tseno di di tlamela ka dijo mmogo le marobalo, mme tsone kafa letlhakoreng le lengwe di anamisa modula wa ditlhare tseno kana ka go ja maungo a tsone, di gasaganya dipeo mo bolokong jwa tsone.

Dipula di tshologa letsatsi le letsatsi, di kolobetsa dikgwa di bile di gakatsa tsela e e raraaneng ya tsone ya go tshela. Pula e kgopha e bo e eledisa kgodu e e mo matlhareng le mo dikutung e e tletseng menontsha eo e nontshang dimela eo e bidiwang diepifaete eo e melang mo ditlhareng. Diepifaete tsone kafa letlhakoreng le lengwe di thusa setlhare gore se gope sejo sa sone sa konokono, eleng naetorojene, go tswa mo moyeng. Diepifaete di le dintsi di na le “makadiba” mo matlhareng a tsone ao a bolokang dilitara di le dintsintsi tsa metsi, tseo di bopang megojana e mennye kwa godimodimo mo moyeng eo go nnang digwagwa tse di nnang mo ditlhareng, disalamanta, le dinonyane.

Lefa e ka nna monontsha ofe fela o o fitlhang mo boalongtlase jwa sekgwa seno o dirisiwa kwantle ga go senyediwa nako ka gope. Diamusi, motshitshi wa ditshenekegi, le dibaketeria tsotlhe di dira mmogo go fetola dikgeru, ditoto tsa diphologolo, le matlhare gore e nne mabebe fela. Morago ga moo boalo bo a amogela ka tlhagafalo. Fa o ne o ka tlosa mabebe a a leng fa dinaong tsa gago, o ne o tla bona boalo jo bosweu, jo bo boleta jwa ditlhale, tseo eleng mafaratlhatlha a metswi le methuthuntshwane. Methuthuntshwane eno e thusa metswi gore e gope menontsha ka bonako, pele ga pula e e gogola.

Mme jaanong a re re gongwe loeto lwa gago lwa go ralala sekgwa sa pula lo ne lo felela fela mo karolong e potlana, e le karolo e e bogolo jo bo batlang bo lekana le jwa lebala la kgwele ya dinao la Seamerika. Mme ka tshoganyetso fela, karolo eo yotlhe ya sekgwa e a nyelela. E senngwa gotlhelele—mo motsotswaneng o le mongwe fela! Mme jaaka fa o santse o lebeletse ka poifo, karolo e e gaufi le ya gago, e e bogolo jo bo lekaneng le yone, e a nyelediwa mo motsotswaneng o o latelang, mme e nngwe mo motsotswaneng o o latelang, mme go tswelela jalo. La bofelo, o eme o le mongwe mo lebaleng le le senang lefa e le setlharenyana, mo lefatsheng le le omisitsweng ke letsatsi le le fisang la boboatsatsi.

Go ya ka ditekanyetso dingwe, joo ke bofefo joo dikgwa tsa pula tse di mo lefatsheng di ntseng di senngwa ka jone. Bangwe ba re bo kwa godimo le eleng go feta foo. Go ya ka makasine wa Newsweek, karolo e e lekanang le bontlhanngwe jwa California ka bogolo go senngwa ditlhare mo go yone gore go sale go sena sepe ngwaga le ngwaga. Makasine wa Scientific American wa September 1989 wa re ke karolo e e bogolo bo kana ka Switzerland le Netherlands di kopane.

Mme lefa selekanyo sa tshenyo eno e ka nna sefe, tshenyo eno e a tshosa. Go rengwa ga dikgwa go ile ga tsosa di letseng lefatshe ka bophara, mme seno se lebisitswe segolosetonna mo nageng e le nngwe fela ka monwana.

Naga Eo Ke: Brazil

Ka 1987 ditshwantsho tsa satelaete tsa mokgatšha wa Amazon di ile tsa bontsha gore ditekanyetso tsa go rengwa ga dikgwa mo karolong eno e le nngwe fela di ne di le kwa godimo go feta kafa go neng go akanngwa gore go rengwa ga dikgwa go ntse ka gone mo polaneteng eno yotlhe! Jaaka fa batho ba ne ba fisa dikgwa go dira gore naga e sale e sena ditlhare, diketekete tsa melelo di ne di lala di bonesitse mo masigong a le mantsi. Leru la gone la mosi le ne le le bogolo jo bo kana ka India mme le ne le kitlane thata mo eleng gore maemeladifofane mangwe a ne a tshwanelwa ke gore a tswalwe. Go ya ka tekanyetso nngwe, mokgatšha wa Amazon o latlhegelwa ke karolo ya sekgwa sa pula se se bogolo bo kana ka Belgium ngwaga mongwe le mongwe.

Mankge wa tshomarelo ya tlholego wa kwa Brazil eleng José Lutzenberger o ne a e bitsa “masetlapelo a magolo thata mo ditiragalong tsa botshelo.” Lefatshe ka bophara, bomankge ba tshomarelo ya tlholego ba eme ka dinao. Ba dira gore batho botlhe ba itse ka boemo jono jo bo maswe jwa dikgwa tsa pula. Le eleng dikipara mmogo le dikonsarata tsa mmino wa rock di tlhaba mokgosi ono, “Sireletsang dikgwa tsa pula.” Morago ga moo go ile ga latela go tlhaelelwa ke madi.

Brazil e kolota diranta di feta dikete tse di dimilione di le 260 mo molatong oo e nang le one le dinaga di sele mme e tshwanetse go dirisa mo e ka nnang 40 lekgolong ya madi a yone ao e a bonang mo dithomelongntle go duelela morokotso fela. E ikaegile thata ka thuso e e tswang kwantle le mo dikadimong tsa madi. Ka jalo dibanka tsa boditšhabatšhaba di ile tsa simolola go kganela dikadimo tseo di neng di ka nna tsa dirisediwa go senya dikgwa. Merafe e e tsweletseng pele e ile ya ithaopela go ananya mengwe ya melato ya Brazil ka tshireletso e e tokafaditsweng ya tikologo ya bone. Tautona ya U.S. ebong Bush o bile a kopa Japane gore e seka ya adima Brazil madi a go aga tselakgolo e e tsamayang mo gare ga dikgwa tsa pula tse di santseng di ise di angwe ke ope.

Bothata Jo Bo Amang Lefatshe Lotlhe

Mo bathong ba le bantsi ba kwa Brazil, kgatelelo eno yotlhe e na le boitimokanyi mo gare. Dinaga tse di tsweletseng pele di ne di sa bolo go nna di senya dikgwa tsa tsone mme le ka motlha ba ne ba se kitla ba letlelela puso epe ya seeng go ba thibela go dira jalo. United States gone jaanong e tshwaregile ka go nyeletsa karolo ya bofelo ya dikgwa tsa yone tsa pula. Ga se tsa boboatsatsi, go go loma tsebe; ke dikgwa tsa pula tse di lekanetseng tsa Bokonebophirima jwa Pasifiki. Masika a a farologaneng a tsone a tla nyelela le gone koo.

Ka jalo go rengwa ga dikgwa ke bothata jwa lefatshe ka bophara, eseng jwa kwa Brazil fela. Ditshenyegelo tse di nnang teng mo dikgweng tsa pula tsa boboatsatsi di mo boemong jo bo maswe thata gone jaaka re bua jaana. Go feta sephatlo sa ditshenyegelo tseo di diragala ka kwa ntle ga Brazil. Afrika Bogare le Borwabotlhaba jwa Asia ke dikgaolo tse dingwe tse pedi tse dikgolo thata tsa lefatshe tse di nang le dikgwa tsa pula, mme le teng koo dikgwa di ntse di nyelela ka potlako.

Go rengwa ga dikgwa go nna le diphelelo tseo le tsone di amang lefatshe lotlhe fela jalo. Go bolela tlala, lenyora, le loso mo dimilionemilioneng. Ke bothata jo bo amang le eleng botshelo jwa gago. Bo ama dijo tseo o di jang, melemo eo o e dirisang, maemo a bosa ao o tshelang kafa tlase ga one—gongwe le eleng isagwe ya setho.

Mme o ka nna wa ipotsa jaana ka tshwanelo: ‘Go tla jang gore dikgwa tseno tsa pula di nne le diphelelo tse dikgolo jaana? Mme go tweng fa di ka nyelela mo masomeng a dingwaga a sekae, jaaka fa bomankge bangwe ba bolela gore di tla dira? A tota e tla nna masetlapelo a magolo go le kalo?’

Pele ga re ka araba dipotso tseo, go na le e nngwe e e tshwanetseng go tla pele eleng: Sa ntlha ke eng seo se bakang go senngwa ga dikgwa tsa pula?

[Kerafa/​Mmapa mo go tsebe 5]

(For fully formatted text, see publication)

Dikgwa tsa Pula Tseo Di Nyelelang

Pele ga go rengwa ga dikgwa

Selekanyo sa bosheng

Seemo ka ngwaga wa 2 000 go ya ka bofefo joo dikgwa di rengwang ka jone gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela