panitan/stock.adobe.com
Jesu o Tla Fedisa Tshotlego
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a rata batho thata, segolobogolo ba ba neng ba sotlega le ba ba neng ba na le mathata. (Mathaio 9:36) O ile a ya bokgakaleng jwa gore a swele batho. (Mathaio 20:28; Johane 15:13) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, go ise go ye kae o tla bontsha gore o rata batho ka go dirisa taolo e a nang le yone go fedisa tshotlego mo lefatsheng lotlhe.
Fa Baebele e tlhalosa se Jesu a tla se dirang e a re:
“A a femele batho ba maemo a a kwa tlase, a a boloke barwa ba bahumanegi.”—Pesalema 72:4.
Re ka bontsha jang gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone le se a tla re direlang sone? Sengwe se re ka se dirang ke go ithuta mo go oketsegileng ka “dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo,” e leng molaetsa o Jesu a neng a o rera. (Luke 4:43) Bala setlhogo se se reng, “Bogosi Jwa Modimo ke Eng?”