Go Tshwarela Dithuto tsa Baebele mo Thelefounong ya Botlhe
Daiane ke Mosupi wa ga Jehofa, mme gape ke moreri wa dikgang tse di molemo kwa Brazil. Letsatsi lengwe fa a ne a rera ka molaetsa wa Baebele mo thelefounong, o ile a bua le banyalani bangwe ba basha ba ba ileng ba bontsha kgatlhego. Ba ne ba bolelela Daiane gore ba ne ba tlile go fudugela kwa motseng mongwe o o senang motlakase le Internet. Mo godimo ga moo, motse oo ga o na Basupi ba ga Jehofa. E le gore ba tsweletse motlotlo wa bone wa Baebele, ba ile ba mo naya nomoro ya thelefouno ya botlhe e e mo motseng oo, ba bo ba dumalana ka letsatsi le nako e a neng a tla letsa ka yone.
Daiane o ne a leletsa thelefouno eo ka nako e ba dumalaneng ka yone mme banyalani bao ba ne ba araba! Mo dibekeng di le pedi di tlhomagane ba ile ba nna le metlotlo e le meraro ka Baebele mo founong.
Le fa go ntse jalo morago ga foo, banyalani bao ba ne ba sa arabe mogala fa a ba leletsa. Daiane o ile a tswelela a leletsa thelefouno ya botlhe gararo ka beke, mme o ne a tlotla ka Baebele le mongwe le mongwe yo o neng a araba. Ka ntlha ya seo, Daiane o ile a kgona go simolola dithuto di le dintsi tsa Baebele mo motseng oo.
Letsatsi lengwe Daiane le monna wa gagwe ba ne ba tshwaretse mosimane mongwe thuto ya Baebele mo thelefounong, mme moeteledipele mongwe wa kereke o ile a utlwa motlotlo wa bone. O ile a atamela mosimane yoo gore a kgone go utlwa motlotlo oo sentle. Go tswa foo, moeteledipele wa kereke o ile a kopa go bua le Daiane le monna wa gagwe. O ne a itumeletse se a neng a se utlwile mo e leng gore le ene o ne a batla go ithuta Baebele!
Fa nako e ntse e ya, Daiane le monna wa gagwe ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele di le thataro, mme moeteledipele wa kereke e ne e le mongwe wa baithuti bao. Baithuti bangwe ba ile ba ya dipokanong tsa Bokeresete ba dirisa yone thelefouno eo ya botlhe. Mongwe wa baithuti o ile a dira setulo gore ba kgone go nna fa fatshe fa ba ithuta.
Daiane le monna wa gagwe ba lebogela tshono e ba nang le yone ya go rera ka molaetsa wa Bogosi mo motseng oo o o kwa kgakala. Daiane a re, “Jehofa o kgona go dira gore dikgang tse di molemo di fitlhelele mongwe le mongwe, tota le fa motho yoo a ka tswa a nna kgakala.”