Lenaane la Diteng
BEKE YA MAY 30, 2016–JUNE 5, 2016
3 Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
Setlhogo seno se tla re lemotsha se se ileng sa thusa Jefetha le morwadie gore ba nne ba ikanyega le fa go le thata. Re tla ithuta gore ke eng fa go le botlhokwa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go amogelwa ke Modimo.
BEKE YA JUNE 6-12, 2016
9 “Letlang Boitshoko bo Feleletse Tiro ya Jone”
Fa re batla go amogela mpho ya botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go itshoka go ya bokhutlong. Setlhogo seno se sekaseka dilo di le nnè tse di tla re thusang gore re kgone go itshoka le dikao tsa batho ba bararo ba ba ileng ba itshoka le go ikanyega. Gape se tlhalosa tiro e boitshoko bo tshwanetseng go e feleletsa mo go rona.
BEKE YA JUNE 13-19, 2016
15 Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
Go na le dilo di le dintsi tse di dirang gore re se ka ra kgona go ya dipokanong ka metlha. Setlhogo seno se tla re kgothaletsa go nna gone kwa dipokanong ka go tlhalosa gore ke eng fa go nna gone kwa dipokanong go le botlhokwa mo go rona, mo bathong ba bangwe e bile go itumedisa Jehofa.
BEKE YA JUNE 20-26, 2016
21 Se Tseye Letlhakore mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng
Le fa dipuso tsa dinaga di le dintsi di re letlelela go sa tseye letlhakore mo dilong tsa lefatshe leno, seo se ka nna sa fetoga fa bokhutlo bo ntse bo atamela. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dilo di le nnè tse di tla re thusang gore re nne re ikanyega mo go Jehofa.
27 Kgang Ya Botshelo Baitlami ba Katoliki ba Nna Bokgaitsadi ba Semoya