Lenaane la Diteng
January 2016
© 2016 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
BEKE YA FEBRUARY 29, 2016–MARCH 6, 2016
3 Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!
Temana ya ngwaga wa 2016 ya reng? Re tshwanetse go akanya ka eng fa re ntse re e lebile ngwaga otlhe? Setlhogo seno se tla re thusa go bona kafa re ka dirisang mafoko a temana ya ngwaga ka gone.
BEKE YA MARCH 7-13, 2016
9 A ‘Mpho ya Mahala E e Ka se Kang ya Tlhalosiwa’ E a Go Patelela?
Jehofa o re neile “mpho . . . ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa.” (2 Bakorintha 9:15) Mpho eo ke eng? E re thusa jang go etsa sekao sa ga Jesu, go rata Bakeresete ba bangwe le go ba itshwarela go tswa pelong? Mo godimo ga moo, re tla tlotla ka dilo dingwe tse re ka di dirang ka paka ya Segopotso.
BEKE YA MARCH 14-20, 2016
BEKE YA MARCH 21-27, 2016
Ditlhogo tseno tse pedi di tla tlhalosa kafa motho a ka itseng ka gone gore o laleditswe go ya go tshela kwa legodimong le se go nna motlodiwa go se kayang. Gape re tla sekaseka kafa Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetseng ba ikutlwa ka gone ka tshiamelo e ba nang le yone le kafa re tshwanetseng go tsiboga ka gone fa re bona palo ya batlodiwa e ntse e oketsega.
BEKE YA MARCH 28, 2016–APRIL 3, 2016
27 Go Dira Mmogo le Modimo—go Dira Gore re Itumele
Jehofa ga a bolo go re laletsa gore re mo thuse go diragatsa thato ya gagwe. O batla gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng lotlhe e bile o re kopile gore re dire mmogo le ene mo tirong eo. Setlhogo seno se tlhalosa kafa go dira mmogo le Modimo go itumedisang ka gone.
SETSHWANTSHO SA KHABARA:
MADAGASCAR
Mmulatsela o bontsha mokgweetsi wa kara ya dikgomo temana nngwe mo Baebeleng mo Tseleng ya Baobabs kwa Morondava, Madagascar
BABOLEDI
29 963
DITHUTO TSA BAEBELE
77 984
BA BA NNILENG GONE KWA SEGOPOTSONG