Georgia
TSELA e molaetsa wa Bogosi o ileng wa anama ka yone kwa Georgia e bontsha boammaaruri jwa mafoko a a mo setshwantshong sa ga Jesu sa sebediso. (Math. 13:33) Fela jaaka sebediso, go anama ga molaetsa wa Bogosi go ne go sa lemotshege kwa tshimologong mme fa nako e ntse e ya, go ile ga lemotshega fa molaetsa oo o simolola go fetola matshelo a batho ba le bantsi.
Bala ka dipego tse di kgatlhang le tse di kgothatsang tse di bontshang lorato, tumelo, boikanyegi, bopelokgale le matsapa a batho ba Modimo ba ileng ba a tsaya kwa Georgia “ka paka e e dumelang, [le] ka paka ya matshwenyego.”—2 Tim. 4:2.